A. Merero ya ga Jaana
1. Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo
1.1. Puso ya Aforika Borwa e tsibogetse leroborobo la lefatshe lotlhe la Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) ka go goeletsa Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo ka Mopitlwe 2020, go ya ka Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo, 2002 (Molao 57 wa 2002). Se se dirile gore go tsewe dikgato tse di tsamaisanang le tsa dinaga tse dingwe le tse di rulagantsweng sentle go sireletsa matshelo a batho le ditsela tse ba iphedisang ka tsona.
1.2. Naga e ntse e le ka fa tlase ga melawana e fa e sale ka Mopitlwe 2020, fa Aforika Borwa e ne e bega kgetse ya yona ya ntlha ya mogare o. Moporesitente o begile ditsereganyo tse dingwe tse maikaelelo a tsona e leng go thusa naga go tsena mo legatong le lešwa la taolo ya leroborobo la COVID-19.
1.3. Dikgato tsa mo malobanyaneng tsa go atolosiwa ga nako ya go nna mo tirisong ya Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo go fitlha ka 15 Moranang 2022 go tsaya tsia tlhokego ya go tswelela go fetola melao e e leng teng le dithulaganyo tse di maleba tse di dirwang ke ditheo tsa puso go samagana le seabe sa matlhotlhapelo a.
1.4. Kabinete e ikuetse gore go tsewe tsia melawana ya boitekanelo go laola mekgwataolo ya pabalesego e e seng ya melemo jaaka go apara dimmaseke, katologano fa gare ga batho le taolo ya dikokoano gammogo le go entiwa. E tla re letla gape le go tlhoma mekgwathuso ya tshoganyetso e e bonako, e bile e nonofile go lwa kgatlhanong le bogale ba COVID-19.
2. Go Entelwa COVID-19
2.1. Kabinete e gakolotse batho botlhe mo Aforika Borwa go nna ba tsibogile ka ntlha ya fa COVID-19 e ise e fenngwe, mme e ikuetse go botlhe ba dingwaga tse 12 le go feta gore ba entiwe. Go entiwa e santse e le tshireletso ya rona e e gaisang kgatlhanong le mogare o, e bile go fokotsa kotsi ya bolwetse jo bo masisi, go amogelwa kwa bookelong le loso.
2.2. Le fa tota ditshwaetsego le dintsho di le kwa tlase ga jaana, re lebagane le kgonego ya lekhubu la botlhano mo dibekeng tse di tlang. Tshireletso e re nang nayo fela ke bopaki ba saense bo bo supang maatla a meento go sireletsa matshelo. Go fitlha ga jaana, naga ya rona e setse e tlhabile meento ya COVID-19 e feta dimilione tse 33.
2.3. Kabinete e amogetse gape le Melawana ya Dikgato tsa go Tlhokomela go Tshwaediwa ke COVID-19 e e tshwanetseng go dirisiwa kwa ditirong mme e rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri. Melawana eno e ne ya simololwa go kwalwa morago ga ditherisano le ba Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Merero ya Badiri mme e tla tsenngwa tirisong fa Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo a sena go emisiwa.
2.4. Melawana eno e tla kaela bathapi le bathapiwa fa ba kwala kgotsa ba tsenya mo dinakong leano la bona la tshekatsheko ya dikotsi go fokotsa ditshwaetso tsa COVID-19 mo ditirong. E neelana ka dikgato tse di jaaka go entiwa, go katogana ga batho le go iphepafatsa go sireletsa mafelo a tiro.
3. Khonferense ya Peeletso ya Aforika Borwa (SAIC)
3.1. Kabinete e amogetse balalediwa go tswa matlhakoreng otlhe a naga le go ralala lefatshe kwa SAIC ya bone e e tshwerwe ka Labone, 24 Mopitlwe 2022 kwa Johannesburg.
3.2. Khonferense e e baya mo pepeneng ditšhono tse dintsi tsa peeletso le tse di molemo tse Aforika Borwa e di rebolelang babeeletsi, mo pakeng e e mabapi le go godisa Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika (AfCFTA), e e rotloetsang kgwebisano mo teng ga Aforika.
3.3. Dipeeletso go tswa ka fa nageng le tsa dinaga tsa boditšhaba di na le seabe sa botlhokwa mo kgolong ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro tse di tla nnelang ruri. SAIC e itsege ka go tlhola ditiragalo tsa ikonomi, ditiro le ditlhokwa tsa badirisi e leng dilo tse di tshegetsang kgolo ya ikonomi ya naga.
3.4. Dikhonferense tsa rona tse di fetileng tsa peeletso di ngokile palogotlhe ya ditsholofetso tsa go beeletsa tse di ka dirang diranta di le dibilione di le 774. Mo diporojekeng tsa peeletso di le 152 tse di begilweng, di le 45 di setse di konoseditswe mme di le 57 tsona di a tswelela.
3.5. Kabinete e tshepa gore khonferense ya monongwaga e tla oketsa dipeeletso mo dipeeletsong tse re setseng re di bone jaaka e le karolo ya maitlhomo a naga a go ngoka diranta di le ditirilione di le 1.2 tse di tla beelediwang mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.
4. Ditlamorago tsa Ntwa ya Russia le Ukraine mo Ikonoming
4.1. Kabinete e sekaseka ditlamorago tsa ntwa ya ga jaana magareng ga Russia le Ukraine tse re tla nnang natso mo ikonoming ya naga, ka ntlha ya fa ditlamorago tsa yona di itemogelwa mo mebarakeng le mo ditlhwatlhweng go ralala lefatshe.
4.2. Tsela e e botoka ya go sireletsa ikonomi le ditsela tsa ka fao batho ba rona ba iphedisang ka tsona ke go tswelela ka go tsenya tirisong Leano la Kagosešwa le Tsosoloso ya Ikonomi (ERRP).
4.3. Puso e ikemiseditse go dirisa tsotlhe tse e nang natso go tshegetsa Maaforika Borwa kgatlhanong le ditlamorago tsa ditlhwatlhwa tse di tlhatlogang tsa botshelo le go netefatsa gore ikonomi ya rona e emelelana le dinako tse tsa ditsuatsue.
5. Fantisi ya Makhubu a a Tlhokegang Thata a Kgaso
5.1. Kabinete e amogetse go konosediwa ka katlego ga fantisi ya ntlha ya naga ya makhubu a a tlhokegang thata a kgaso ka Bothati bo bo Ikemetseng ba Ditlhaeletsano ba Aforika Borwa (ICASA). Madi a a kana ka diranta di le dibilione di le 14.4 a a tswang mo fantising eno a tla tsenngwa mo matloleng a naga go tshegetsa maano a naga a a botlhokwa a a akaretsang go tsosolosa ikonomi, go tlhola ditiro, twantsho ya bonweenwee, bosenyi le ya tirisodikgoka e e tobaneng le batho ba bong jo bo farologaneng gammogo le dipolao tsa basadi.
5.2. Go abelana ka makhubu a mangwe a a tlhokegang thata go tla itlhaganedisa go rebolwa ga dithekenoloji tse dišwa jaaka 5G, go fokotsa tlhwatlhwa ya data le go netefatsa kgolagano e e anameng ya inthanete. Go rebolelwa laesense ga makhubu a mašwa go tsamaisana le maikarabelo a puso e nang le ona mo baaging a go dumalanweng ka ona a go tsenya inthanete mo dikolong tsa puso, mo maokelong le mo diteišeneng tsa sepodisi mo dingwageng tse tharo tse di tlang.
6. Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho
6.1. Kabinete e lebogile Maaforika Borwa otlhe ka go tsenela mekete ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka Mosupologo, 21 Mopitlwe 2022 ka fa tlase ga setlhogo: "Ngwaga wa go Tshwaragana re le setšhaba mmogo le go ipopa sešwa: re tsholetsa le go sireletsa ditshwanelo tsa rona tsa batho".
6.2. Go tsweletsa ditshwanelo tsa botho mo nageng ya rona ke selo se se botlhokwa thata mo go ageng setšhaba, e leng thulaganyo e re tshwanetseng go e somarela le go e sireletsa ka gale. Ka go farologana ga rona, re ka gagamatsa go tshwaragana ga rona le go aga setšhaba se se tshwaraganeng.
6.3. Ka mowa o o tswelelang wa tirisanommogo, jaaka re ya re lebile Kgwedi ya Kgololosego ka Moranang, Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa otlhe go ntšhwafatsa ntwa kgatlhanong le bosemorafe, kgethololo ya bosemorafe, letlhoo la batswantle le go se itshokelane go go tlhagelelang mo makaleng a bona a a farologaneng.
7. Go Thapiwa ga Moatlhodimogolo wa Aforika Borwa
7.1. Kabinete e amogetse le go akgola Motlatsa Moatlhodimogolo wa maloba, Raymond Zondo, ka go thapiwa ga gagwe jaaka Moatlhodimogolo wa Aforika Borwa go tloga ka 1 Moranang 2022, le go mo eleletsa masego mo maikarabelong a gagwe a mašwa.
7.2. Kabinete e amogetse gape le maikaelelo a ga Moporesitente Cyril Ramaphosa a go tlhopha Moatlhodi Mandisa Maya, e leng Moporesitente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, mo maemong a Motlatsamoatlhodimogolo fa phatlhatiro eo e bulega.
8. Katlholo ya Kganelo ya Nakwana e e Rebotsweng Kgatlhanong le Thuso ya Matlole go Rephaboleki ya Cuba
8.1. Kabinete e nopotse kganelo ya nakwana e e rebotsweng kwa Kgotlatshekelokgolo ya Pretoria, go thibela thuso ya botho e Aforika Borwa e neng e dumetse go e rebolela Rephaboliki ya Cuba. Morero o o tla bo o le fa pele ga dikgotlatshekelo gape mo matsatsing a le 20 mme puso e tla neela letlhakore la yona ka dingangisano tseno ka motsi oo.
8.2. Botsalano ba Aforika Borwa le Cuba bo tswa kgakala mo nakong ya kgaratlho ya kgololosego mo kgaolong ya rona. Fa e ne e se ka go tswiwa thuso ke batho ba Cuba ka go ema nokeng dinaga tsa Borwa jwa Aforika sebaka se se fetang dingwagasome tse tharo, go ka bo go ne go tsere sebaka se se leele thata go ka golola kgaolo e mo kgatelelong ya bokoloniale. Moporesitente wa maloba, Nelson Mandela, o ne a tlhaloganya se sentle, ke ka moo Cuba e nnileng naga ya ntlha kwa ntle ga kontinente e, e Madiba a neng a e jela nala fa a sena go gololwa kwa kgolegelong ka 1990.
8.3. Cuba e ne ya intsha setlhabelo se se seng kana ka sepe go thusana ntwa le mekgatlo ya kgololosego mo Aforika ka nako e naga e nnye e ya setlhakatlhake e neng e na le sebaka sa dingwaga di feta sometlhano e ntse e kgaratlha ka fa tlase ga dikiletso tsa ikonomi tsa Amerika. Mathata a ikonomi ya Cuba a ntse a etegela mme puso ya Cuba e tlhoka thuso. E setse e le dingwagasome di le dintsinyana ntse Mexico, Bolivia le Russia e le tse dingwe tsa dinaga tse di neetseng naga eno ka thuso ya botho go tlhofofatsa matlhotlhapelo a ikonomi a setlhakatlhake seno.
8.4. Beke e, Kabinete e inyalanya le go gopola Ntwa ya Cuito Cuanavale kwa Angola e e lwelweng go tloga ka 1987 go fitlha ka 1988. Cuba e nnile le seabe sa botlhokwa mo go thuseng mekgatlo ya kgololosego mo Aforika go fitlhelela maitlhomo a yona. Go ne go se dipoelo dipe go batho ba Cuba ba ba neng ba tla go thusa, mme poelo ya bona e kgolo e ne e le go lwela kgololosego ya Borwa jwa Aforika go tswa mo digankeng tsa bokoloniale. Moporesitente wa nako eo, Fidel Castro, o ne a tlhotlhelediwa ke keletso ya phetogo mme o ne a bolelela balekanenae gore ba lwela “morero o montle go gaisa wa batho”. Go tloga kwa Angola go ya Namibia, le Algeria go ya Guinea Bissau, Cuba e nnile le seabe sa botlhokwa thata mo go tliseng kgololosego ya dinaga tse go tswa mo taolong ya bokoloniale.
8.5. Cuba e tsweletse go tlamela ka thuso ya boitekanelo le tse dingwe mo Aforika Borwa morago ga 1994, go sa le gale mo leroborobong la COVID-19, mme ke maikarabelo a rona a botho go nna seoposengwe le batho ba Cuba ka nako eno e matshelo a bona a leng boima.
9. Leeto ka Motlotlegi Kgosi Letsie III
9.1. Kabinete e nopotse le go amogela leeto la botsalano go tswa go Motlotlegi Kgosi Letsie III wa Naga ya Lesotho jaaka a etetse Moporesitente Ramaphosa ka Labotlhano, 11 Mopitlwe 2022 kwa Pretoria.
9.2. Moporesitente Ramaphosa, ka maemo a gagwe a Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika jaaka Motsereganyi kwa Pusong ya Lesotho, o ne a buisana le Motlotlegi Kgosi Letsie III ka dikamano tsa dinaga ka bobedi le tswelopele tebang le tsamaiso ya tsereganyo ya SADC mo Nageng ya Lesotho. Go solofelwa gore Basotho, ka tsereganyo ya ga Moporesitente Ramaphosa, ba tla dira ka natla go konosetsa tirego ya diphetogo pele go tshwarwa ditlhophokakaretso tse di rulaganyeditsweng go tshwarwa ka Lwetse 2022.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Tumelano ya Maphatamantsi go Tsenya Tirisong Mekgwataolo e e Amanang le Tumelano ya Lekgetho go Thibela Tshenyo ya Motheo le Phaposo ya Merokotso (BEPS MLI)
1.1. Kabinete e amogetse go romelwa ga BEPS MLI kwa Palamenteng go mametlelelwa. Jaaka nngwe ya dinaga tse 95 tse di nang le seabe mo tumelanong e e tlhomilweng ke Mokgatlo wa Tirisano le Tlhabololo ya Ikonomi (OECD) go fokotsa ditšhono tsa go tila lekgetho le tshenyo ya motheo ka ditlamo tsa dinagadintsi, Aforika Borwa e saenile tumelano ya lekgetho ka Seetebosigo 2017. Fa tumelano e ya lekgetho e sena go mametlelelwa, Aforika Borwa e tla e dirisa mmogo le ditumelano tse dingwe tsa lekgetho tse e di saenileng le dinaga tse dingwe.
1.2. Aforika Borwa ke tokololo ya OECD mme e ikemiseditse go dirisana le dinaga tse dingwe go thibela merokotso ya ditlamo go ntshiwa mo teng ga naga ka bonweenwee go e isa kwa tikologong ya lekgetho le le kwa tlase kgotsa e e senang lekgetho gotlhelele.
2. Go Kwalolwa Sešwa ga Tumelano ya Dithulaganyo tsa Lekgetho Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya Kuwait
2.1. Kabinete e amogetse go romelwa kwa Palamenteng ga Tumelano e e Kwalolotsweng Sešwa ya Dithulaganyo tsa Lekgetho Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya Kuwait. Diphetogo mo tumelanong e, e e tseneng tirisong ka 2006, di dirilwe le go saeniwa ka 2021.
2.2. Tumelano eno ya lekgetho e samagana le go tila go duelela lekgetho gabedi le thibelo ya go tila melao ya matlole mo mererong ya makgetho a dinaga tse ka bobedi.
2.3. Ntle le go samagana le dikgato tsa go tila go duelela lekgetho, ditumelano tseno gape di rotloetsa gore dinaga ka bobedi di se nne le mahunelo fa go tla mo mererong ya go duelela lekgetho.
3. Togamaano e e Golaganeng ya Thibelo ya Bosenyi le Tirisodikgoka (ICVPS)
3.1. Kabinete e amogetse go tsenngwa tirisong ga ICVPS. Togamaano e e tla dira jaaka sediriswa sa Kaedi ya Puso ka ga Pabalelo le Tshireletso e e amogetsweng ka 2016. E atlenegisa go nna le seabe ga puso le setšhaba go lwantsha bosenyi le go thibela tirisodikgoka.
3.2. ICVPS e na le dipilara tse thataro tse di tshegetsanang e bile di nyalana, mme tsona ke (1) bosiamisi bo bo nonofileng ba bosenyi; (2) ditsereganyo tsa go sa le gale go thibela bosenyi; (3) ditsereganyo tse di tshegetsang batswasetlhabelo; (4) thebolelo ya ditirelo e e nonofileng e bile e golagane; (5) pabalesego ka tolamiso ya tikologo le (6) go nna le seabe ga baagi le setšhaba go go bonalang. Togamaano e e dumela gore go na le tlhokego ya ditsereganyo tsa tlaleletso go samagana le ditlhotlheletsi tsa bosenyi jaaka botlhoki, go se lekalekane, botlhokatiro, katlaatleloloago le thuto.
3.3. E a akaretsa fa go lejwa bobedi mafelo a metsesetoropo le a metsemagae, go akaretsa makgotla a setso, jaaka bannaleseabe. E setse e rerisanetswe le dikarolo tsotlhe tsa puso, kgwebo, ditheo tsa ditlhotlhomiso le mekgatlo ya baagi. Togamaano e e amogetsweng e, e tsena boemong ba Togamaano ya Bosetšhaba ya Thibelo ya Bosenyi ya ga jaana.
4. Togamaano ya Peeletso ya Naga ya Aforika Borwa (CIS)
4.1. Kabinete e dumeletse gore CIS e phasaladiwe go ngoka ditshwaelo tsa baagi. Togamaano e e ikaelela go tlhoma naga jaaka lefelo le le botlhokwa la peeletso mo Aforika ka go ngoka dipeeletso tsa selegae le tsa boditšhaba tse di nang le boleng.
4.2. Togamaano e e tlhomilwe mo makaleng a naga a dipeeletso tsa botlhokwa le tlhabololo ya ikonomi jaaka (i) matlole, inšorense, kgwebo ya matlo le ditirelo tsa kgwebo; (ii) dipalangwa le mafaratlhatlha; (iii) tlhagiso; (iv) meepo le dikwari, (v) motlakase, gase le metsi, le (vi) temothuo le tirego ya dikumo.
4.3. E tlamela ka mekgwa ya peeletso e e ka ngokelang dikgwebo tse dinnye, tse di magareng le tse dipotlana mo tsamaisong ya kgolo ya ikonomi. Togamaano e e dirisa gape le ditumelano di le mmalwa tsa maphatamantsi, tsa kgaolo le tsa sebedi tse Aforika Borwa e di saenileng.
4.4. Togamaano e, e nyalana le maitlhomo a Leanotlhabololo la Bosetšhaba, ERRP, Togamaano e e Lebilweng Sešwa ya Intaseteri gammogo le Leano la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha la 2050 le le sa tswang go amogelwa.
4.5. Diporofense tse robongwe le diikonomi tsa tsona tsa ditoropokgolo tse robedi di botlhokwa thata mo go kgweetseng togamaano e, e e tla nnang tokomane e e dirang e e tla tswelelang go fetoga le maemo a a fetogang a tikologo ya ikonomi.
5. Letlhomeso la Bosetšhaba la Pharologano ya Botshelo (NBF)
5.1. Kabinete e dumeletse go tsenngwa tirisong ga NBF. NBF e Kabinete e dumeletseng go phasaladiwa ga yona go ngoka ditshwaelo tsa baagi ka Ngwanatsele 2020, e tlhomilwe go ya ka Molao wa Pharologano ya Botshelo wa Taolo ya Bosetšhaba ya Tikologo (Molao 10 wa 2004). E tlamela ka tsela tshwaraganeng, e rulagantswe e bile e tshwana ya taolo ya pharologano ya botshelo ka makala otlhe a puso, mekgatlo e e seng ya puso (diNGO), lekala la poraefete le baagi.
5.2. Ka 2018, Setheo sa Pharologano ya Botshelo sa Aforika Borwa se dirile tshekatsheko e e tseneletseng ya saenthifiki ya kemo ya pharologano ya botshelo le tikologo mo Aforika Borwa. Leano la lekala la NBF le le tlhabolotsweng le samagana le matshosetsi a a ribolotsweng ke tshekatsheko e.
5.3. Letlhomeso le le tlhabolotsweng le rerisanetswe le makala otlhe a puso; ditheo tsa puso (diSOE); ditheo tsa tshomarelo; diNGO le baagi ba selegae. Go tsenngwa tirisong ga NBF go kaelwa ke Togamaano le Leanotiro la Bosetšhaba la Pharologano ya Botshelo le le amogetsweng (2015-2025). Aforika Borwa e sainile Tumelano ya Pharologano ya Botshelo ya Ditšhabakopano, e e rotloetsang tshomarelo ya pharologano ya botshelo, tiriso e e tswelelang ya dikarolo tsa yona, gammogo le kabo e e lekalekanang e bile e sa gobelele ya dipoelo tse di tlhagelelang ka dikumo tsa jenetiki.
6. Sekalwa sa Naga sa Leano la go Tsamaisa Tiro ya Tlhabololo ya Mafelo (NSDF)
6.1. Kabinete e dumeletse go tsenngwa tirisong ga sekalwa sa NSDF. Se rulagantswe go ya ka Molao wa Thulaganyo ya Mafelo le Tiriso ya Lefatshe, 2013 (Molao 16 wa 2013) le go ngoka ditshwaelo tsa baagi ka 2019. Ditshwaelo di ne tsa amogelwa go tswa go bannaleseabe ba ba farologaneng, go akaretsa mekgatlo ya porofešenale, makala otlhe a puso, di-SOE le maloko a setšhaba.
6.2. Leano leno ke maiteko a go samagana le go fedisa thulaganyo ya mafelo ya bokoloniale le tlhaolele ka tsela e e lolameng e bile e golagane. Le tlamela ka tsela ya pakatelele ya tlhabololo, go lebilwe tsamaiso ya taolo ya thulaganyo le tiriso ya lefatshe. Tokomane e, e ka fitlhelwa mo webosaeteng ya Lefapha la Temothuo, Thulaganyo ya Lefatshe le Tlhabololo ya Metsemagae (www.dalrrd.gov.za).
7. Pholisi ya Taolo ya Ditlankana tsa Boitshupo tsa Semmuso
7.1. Kabinete e amogetse Pholisi ya Taolo ya Ditlankana tsa Boitshupo tsa Semmuso, go latela ditherisano tse di tseneletseng le baagi ka 2021. Pholisi e e tla dirisiwa mo legatong la Molao wa Boitshupo wa ngwaga wa 1997 (Molao 68 wa 1997), o ga jaana e leng ona o dirisiwang go tlhoma Rejisetara ya Baagi ka fa Nageng (NPR) le go tlhalosa tiro ya yona mo direkotong tse di pateletsang go nna teng mo go yona. Molao o ga o nyalane le meono ya molaotheo ya tekatekano, go se kgetholole le seriti sa botho.
7.2. Pholisi e e amogetsweng e, e tshitshinya gore go nne le NPR e le nngwe fela ya batho botlhe – go sa lejwe gore ke baagi ba ka fa nageng kgotsa ba ba tswang kae le gore ke ba bong bofe – ba ba tshelang le ba ba neng ba tshela mo nageng. E na gape le Thulaganyo ya Boitshupo ya Bosetšhaba (NIS) e e dirisang monwana kgotsa karolo nngwe ya mmele e e tla dirang gore motho a le mongwe a nne le akhaonto e le nngwe fela ya boitshupo. NIS e tla kgona gape le go nyalana le mafaratlhatlha a boitshupo a mangwe a puso le a lekala la poraefete.
7.3. Pholisi e e tla netefatsa gape le tshireletso ya ditshwanelo tsa maloko a basadi ba ba ratanang le basadi, banna ba ba ratanang le banna, batho ba ba ratanang le bobedi banna le basadi, ba ba sa ipoleleng bong, ba ba nang le dipharologantsho tsa banna le basadi, ba ba farologaneng le ba ba senang kamano le bong.
8. Lekwalotemoso la Puso la Mabudusatsela ka ga Manyalo mo Aforika Borwa
8.1. Kabinete e amogetse gore Lekwalotemoso la Puso la Mabudusatsela ka ga Manyalo mo Aforika Borwa le tsenngwe tirisong. Lekwalo le la Puso le tsibogela dikatlholo tse dintsi tsa dikgotlatshekelo tse di fitlhetseng gore dikarolo dingwe tsa melao ya manyalo ga di ka fa molaotheong. E sokamolotse manyalo otlhe gore a konosediwe go ya ka dipeelo tsa tekatekano, go se kgetholole le seriti sa botho jaaka di tlhagelela mo teng ga Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996.
8.2. Lekwalo le la Puso le le amogetsweng le tla letla Maaforika Borwa le baagi ba ditshekamelo tsotlhe tsa bong, sedumedi le setso go konosetsa dikopano tsa bona tsa semolao go ya ka melawana ya molaotheo. Lekwalo le la Puso le tlhagisa dingwe tsa dikopano tse di sa akarediweng jaaka manyalo a bana kgotsa a a konosediwang ntle le molekane yo mongwe.
9. Pholisi ya Ditirelo Tsotlhe tse di Farologaneng tsa Mafelo a go Kgabaganya Melelwane (OSBP)
9.1. Kabinete e amogetse go tsenngwa tirisong ga maano a OSBP. Pholisi e e ikaelela go nyalanya motsamao wa batho le dithoto fa gare ga magorogelo a lefatshe mo Aforika Borwa le dinaga tse di mabapi. E diragatsa Leano la go Tsamaisa Tiro ya OSBP le le amogetsweng ke Kabinete ka 2018.
9.2. Go dirisiwa ga pholisi e go tla fokotsa kgobelelano ya ga jaana kwa magorogelong a a ditsela tsa batsamai le bagwebi ba ba tshelang melelwane. Ditsereganyo tse, di botlhokwa gape le mo go diragatseng tumelano ya AfCFTA.
9.3. Fa go setse go tsentswe melao e e maleba tirisong le tlhabololong ya mafaratlhatlha, re solofela gore tshekatsheko ya dithoto, dirori le batho e tla dirwa ka tsela e e senang dilabe e bile e le bonako.
10. Go Tsholwa Nakwana ga Khomišene ya Moporesitente ya Tlelaemete
10.1. Kabinete a dumeletse go tsholwa ga Khomišene ya Moporesitente ya Tlelaemete ke Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Merero ya Badiri (Nedlac). Nedlac e tla tshola khomišene e ka bokwaledi ba yona sebaka sa dingwaga tse pedi kgotsa kwa tlase ga moo go kgontsha mametlelelo ya Molao wa Phetogo ya Tlelaemete.
10.2. Paka e e tla kgontsha khomišene – ka tirisano le Lefapha la Merero ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo – go konosetsa ditlhotlhomiso tsa tshiamelo le merero ya matlole ya go tlhongwa ga isago ga khomišene e jaaka go tlhagelela mo teng ga Molaotlhomo wa Phetogo ya Tlelaemete.
11. Sekalwa sa Lekwalotemoso la Puso la Mabudusatsela ka ga Pholisi ya Diporo tsa Naga
11.1. Kabinete e amogetse Sekalwa sa Lekwalotemoso la Puso la Mabudusatsela ka ga Pholisi ya Diporo tsa Naga. Pholisi e, e tla thusa mo go tlholeng tsamaiso e e nonofileng ya dipalangwa e e ka gaisanang le tse dingwe ka fa nageng le kwa dinageng tsa boditšhaba.
11.2. Pholisi e e tshitshinay gore go nne le ditharabololo tse di tla rotloetsang dipeeletso mo ditirelong tsa go rwala dithoto le banamedi. E tla tlhabolola gape le dipalangwa tsa kwa metsemagae le go oketsa dipalangwa go oketsa kgolo ya ikonomi. E tla thusa thata le mo ntlheng ya go fokotsa go kuelediwa ga mesi e e kgotlhelang tikologo ka fa nageng jaaka e tshitshinya gore mo ditereneng go dirisiwe dithekenoloji tse di sa kgotlheleng tikologo mo mafaratlhatlheng a diporo.
11.3. Pholisi e, e tla phasaladiwa fa Lefapha la Dipalangwa le sena go e gatisa mo teng ga Kuranta ya Puso.
C. Molaotlhomo
1. Molaotlhomo wa Bothati bo bo Ikemetseng ba Melelwane ya Bommasepala (IMDA) wa 2022
1.1. Kabinete e amogetse go romelwa ga Molaotlhomo wa IMDA wa 2022 kwa Palamenteng go diragadiwa. Molaotlhomo o, o ne wa phasaladiwa go ngoka ditshwaelo tsa baagi ka Seetebosigo 2020 mme go nnile le tshekatsheko ya ditshwaelo tse di amogetsweng go tswa mo baaging.
1.2. Molaotlhomo o o tlamela ka tsamaiso ya IMDA. Ditshitshinyo tsa ona di akaretsa go tlhalosa dipaka tsa maloko a Boto le gore a dira ka peelo ya pakakhutshwane, ntle le Monnasetulo yo a ka direlang ka paka ya leruri. O kaela gape IMDA ka tsamasio ya go se fokotse melelwane.
D. Tiragalo e e Tlang
1. Go Etela kwa Botlhabagare
1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla etelela pele setlhopha sa Ditona go ya kwa Dipontshong tsa Lefatshe kwa Dubai kwa United Arab Emirates ka Mosupologo, 28 Mopitlwe 2022. Aforika Borwa e na le seabe kwa dipontshong tse ka sekwalwa se se bontshang ngwaoboswa e e humileng ya naga le ditšhono tsa peeletso.
E. Melaetsa
1. Go Akgola
Kabinete e akgola le go eleletsa masego:
- setlhopha sa Aforika Borwa sa kerikete sa basadi, ka go tsholeletsa folaga ya naga kwa godimo kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Kerikete ya Basadi kwa New Zealand. Ba fentse Bommampodi ba ga jaana ba Lefatshe, England, mo motshamekong wa bona wa boraro mme ba setse ba fentse metshameko e le mene go fitlha ga jaana.
2. Matshidiso
Kabinete e inyalantse le Moporesitente Ramaphosa go romela melaetsa ya matshidiso kwa pusong le bathong ba Rephaboleki ya Zambia go latela loso lwa Moporesitente wa maloba, Rupiah Bwezani Banda (85).
Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go ba malapa le ditsala tsa ga:
- Rre Michael Spicer (68), Motlhankedikhuduthamaga Mogolo (CEO) wa Business Leadership South Africa, yo o ntseng le seabe sa botlhokwa mo go tiiseng kamano magareng ga kgwebo le puso.
- Rre Luzuko Koti (47), yo mo malobeng e neng e le Mokaedi wa Ditlhaeletsano le Bobapatsi kwa Nelson Mandela Foundation le Molaodi wa tsa Kgwebo kwa Channel Africa.
- Rre Sheik Abdul Gamiet Gabier (86), Moporesitente wa Botshelo Botlhe wa Muslim Judicial Council ya Aforika Borwa, yo e neng e le moitseanape yo o tlotliwang, moipelaetsi wa setšhaba le mosimolodi wa Al-Azhar Institute ya Cape Town.
F. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Maloko a Boto a e seng a Khuduthamaga a Koporasi ya Bosetšhaba ya Matlole a Mafelobonno:
(a) Rre Luthando Vutula;
(b) Rre Thembinkosi Bonakele;
(c) Mme Seithati Bolimpobo;
(d) Mme Thembisile Chiliza;
(e) Mme Palesa Kadi;
(f) Mme Philisiwe Mthethwa;
(g) Rre Thulani Mabaso;
(h) Rre Paul Heeger;
(i) Rre Velile Cecil Dube;
(j) Mme Tshepiso Kobile; le
(k) Mme Ayesha Seedat.
2. Rre Lwazi Mboyi jaaka CEO wa Setheo sa Dipalangwa tsa Tsela tsa Kgabaganyo ya Melelwane.
3. Mme Nozipho Mdawe jaaka CEO wa Ditirelo tsa Taolo ya Pharakano ya Lefaufau.
4. Mme Tshepo Kgare jaaka CEO wa Bolaodi ba Pabalesego ya Diporo.
5. Rre Brenton Van Vrede jaaka Molaodi Khuduthamaga: Bolaodi ba Ditiro tsa Dithebolelo kwa Setheong sa sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa.
Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete
Mogala: 083 501 0139