Skip to main content
x

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi

1.1. Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi leo Moporesitente Cyril Ramaphosa a le tlhagisitseng fa pele ga dintlo ka bobedi tsa Kopanotshwaraganelong ya Palamente ka Labone, 15 Diphalane 2020, le tlhoka gore makala otlhe a ithulaganye mme a dirisane mmogo gore maemo a ikonomi ya rona a tsetsepele.

1.2. Leano leno le agelela mo mogopolong o o tshwanang o o tlhomilweng ke badirisanimmogo mo mererong ya loago – e leng puso, mekgatlho ya badiri, ya dikgwebo le ya baagi – ka dikgato tse di gagametseng tse di tseneletseng tsa go batla maikutlo a badirisanimmogo mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng.

1.3. Go na le dikarolo tsa botlhokwa di le nne tse di samaganang le leano leno la itharabologelo ya ikonomi, ya ntlha ke ya go samagana le mafaratlhatlha a naga ka bontsi. Karolo ya bobedi ya botlhokwa ke ya go oketsa mafelo a rona a go fetlha motlakase mo puso e sianisang go tsenngwatirisong ga Leano la Pokeletso ya Metswedi ya Motlakase. Karolo ya boraro ya botlhokwa yona ke ya tshegetso ka matlole go tlhola ditiro le go thusa batho go iphedisa. Karolo ya bone yona e tsepamisitse mogopolo mo go godiseng diintaseteri mo puso e tla thusang gore ditlhagisiwa tsa ka fa nageng di okediwe e leng seo se tla dirang gore ditlhagisiwa tsa naga ya Aforika Borwa tse di rekisiwang kwa dinageng tsa kwa ntle di kgone go gaisana le tse dingwe.

1.4. Dikarolo tseno tse di nopotsweng tsa botlhokwa di tla re tswela mosola mo go direng gore batho ba nne le tshepo mo nageng ya rona le mo go direng gore Aforika Borwa e tsene mo mmileng o montšhwa wa dipeeletso le wa go godisa ikonomi go latela gore e itemogele mathata a a seng kana ka sepe a a bakilweng ke leroborobo la bolwetse jwa mogare wa corona (COVID-19).

1.5. Go netefatsa gore leano leno ka gale le a disiwa gore le a diragadiwa, Kabinete e neseditse pula kgato ya go tlhoma Lekgotla la Naga la Itharabologelo ya Ikonomi. Monnasetulo wa lekgotla leno e tla nna Moporesitente wa naga mme e tla tsenyeletsa le Motlatsamoporesitente, Tona mo Kantorong ya Moporesitente mmogo le Ditona tsotlhe mo Setlhopheng sa Merero ya Ikonomi. Lekgotla leno le tla kopana kgwedi e nngwe le e nngwe go lekola gore Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi le ntse le tsamaya jang mmogo le go tšhotlha kgang eno le badirisanimmogo mo mererong ya loago ba ba leng mo Lekgotleng la Naga la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro (NEDLAC)

2. Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga

2.1. Go atolosiwa ga nako ya go nna tirisong ga Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga go felelwa ke nako ka la bo 15 Ngwanaitseele 2020, go ya ka Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002),

2.2. Le fa tota naga ya Aforika Borwa e iponetse palo e kgolo mo phokotsegong ya ditshwaetso le ditshwaetsego tsa COVID-19 mo dikgweding tse di fetileng, boammaruri ke gore mogare ono o santse o le teng fa gare ga rona.

2.3. Jaaka naga e ithuta go tshela mo seemong se sentšhwa sa go tshelela mo COVID-19 le sa kgonagalo ya gore e ka runya gape sešwa, Kabinete e boeletse boikuelo jwa yona jwa gore maAforika Borwa otlhe a tswelele go obamela ditaolelo tsa boitekanelo tsa go apara dimaseke, go katogana le go tlhapa diatla gangwe le gape ka metsi a sesepa kgotsa go dirisa sebolayamegare se se nang le alekhoholo. Tseno ke tsona fela dikgato tse di leng teng tsa go itshireletsa le go sireletsa ba malapa a rona mo go thibeleng go fetelwa ke COVID-19.

2.4. Kabinete e lakaletsa botlhe ba ba fetetsweng ke mogare ono pholo ya ka bonako go tsenyeletsa le Tona ya rona ya Boitekanelo, Ngaka Zweli Mkhize mmogo le mosadi wa gagwe Ngaka May Mkhize.

2.5. Kabinete e rata go boeletsa ditebogo tsa yona mo badireding botlhe ba boitekanelo ba ba di gogang kwa pele tebang le boipofo jwa bona le boineelo jwa bona e leng tsone tse di okeditseng palo ya bao ba fodileng mo go COVID-19 go oketsega go feta 90% mmogo le go netefatsa gore palo ya bao ba thulang botala ka tlhogo ga e fete 2.6%.

3. Tsepamisomogopolo mo Pabalesegong kwa Metseselegaeng

3.1. Kabinete e tshegetsa ka botlalo tiro ya Sepodisi sa Aforika Borwa mo go tshwareng bao ba dirang bosenyi jo bo setlhogo ka fa nageng ya rona jo bo tsenyeletsang go bolaiwa le go gobadiwa ga beng ba dipolasa le badiredi ba kwa dipolaseng naga ka bophara. Baagi ba kwa dipolaseng ba botlhokwa thata mo ikonoming ya rona, mme bosenyi mo dipolaseng bo tlisa matshosetsi e seng fela mo beng ba dipolasa kgotsa mo badireding ba kwa dipolaseng fela le mo tlamelong e e lekaneng ya dijo.

3.2. Puso e mo motlhaleng wa go sala morago dikgato tsa go diragatsa Leano la Pabalesego kwa Metseselegae leo le tshwanetseng le tsibogele ditlhokwa tsa pabalesego mo metseng ya selegae mmogo le go tshegetsa tlhabololo ya ikonomi le ya loago.

3.3. Kabinete e ikuela mo baaging ba ka fa nageng go thusana le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mo go lwantshaneng le bosenyi ka go tsaya karolo mo diforamong tse di dirisanang le sepodisi mo mererong ya pabalesego mo metseng ya bona mmogo le go bega ditiragalo tsa bosenyi mo seteišeneng sa sepodisi se se gaufi le mo a nnang gone, ka go letsetsa nomoro ya mogala o o sa duelelweng wa Thibelo ya Bosenyi mo go 08600 10111, ka go romela SMS mo Mogaleng wa Ditiragalo tsa Bosenyi wa 32211 kgotsa ka go dirisa MySAPS App – e leng epe e e sa duelelweng ya mogala ya go bega ditiro tsa bosenyi e e dirisiwang mo megaleng ya mo seatleng – go loma sepodisi tsebe ka ditiragalo tsa bosenyi.

3.4. Re tshwanetse go tshwarisana mmogo tiro eno ya go tumola bosenyi mo metseng ya rona le go dira gore botlhe ka fa nageng ya rona go nne le pabalesego.

4. Go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee

4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tshwarwa ga batho ba go belaelwang ba amega mo dikgetseng tse di farologaneng tsa bogodu, bonweenwee, madi a a tsenang le go tswa mo nageng ka bokhukhuntshwane mmogo le tsa bogodi. Dikgetse tseno di tsenyeletsa, gareng ga tse dingwe, tsa go laotsiwa ga matlole a go thusa mo loagong a COVID-19, tsa go rekiwa ka bogodu ga didirisiwa tsa go itshireletsa mo bolwetseng jwa COVID-19, tsa bokhukhuntshwane jwa porojeke ya marulelo a dintlo a diasbestose mmogo le tsa go se begele kgotsa go se ntshe boloko jotlhe mo dipegong tsa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS). Kabinete e leboga ka botlalo le go tshegetsa matsapa otlhe a a tsewang mo go busetseng puso matlole a yona mo go bao ba amegang mo ditirong tseno tsa bogodu.

4.2. Ditiragalo tsa sešweng tsa go tshwarwa ga bao ba amegang ke bopaki jwa gore ga go ope yo molao o mo tshabang e bile seno se totobatsa maikemisetso a puso a go otlhaya botlhe ba ba tlolang molao ka go utswetsa maAforika Borwa a a humanegileng a a tlhokang thuso le tlhokomelo e le ruri mo pusong.

4.3. Kabinete e ikuela mo baaging go tshameka karolo ya bona ka go buletsa mo ditheong tsa tiragatso ya molao bao ba dirang ditiro tseno tsa bosenyi kgotsa ba letsetse Mogala wa Tshoganyetso wa Naga o o emang Kgatlhanong le Bonweenwee wa 0800 701 701.

5. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)

5.1. Leru la GBVF mmogo le go bogisiwa ga bana, e leng tiragalo eo Moporesitente Ramaphosa a e totobaditseng gore ke leroborobo la bobedi go latela COVID-19, e santse e le leroborobo mo metseng ya rona mme re tshwanetse go ntsha ga tshwene gore re le fedise. Molaotlhomo wa Ditshwanelo o o totobaditsweng mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 ga o itomakake fa o re ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go sirelediwa mo go tshwarweng makgwakgwa, mo go itlhokomolosiweng, mo go bogisiweng le mo go nyenyefadiweng.

5.2. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go dirisanammogo le ditheo tsa go disa kobamelomolao mo go netefatseng gore batho botlhe ba ba leng mo tlalelong – bogolosegolo batsofe, basadi le bana – ba babalesegile mo tirisongdikgoka le mo go bogisiweng.

5.3. Kgetse ya sešweng ya basetsanyana ba le dingwaga di le robedi (ba mawelane) kwa Mpumalanga, bao ba latofatsang rre wa bona ka go ba bogisa, ruri di duba maikutlo e bile di a tshwenya mo moweng. Yo mongwe wa basetsanyana bano o ne a begela morutabana kwa sekolong ka ditiragalo tseno mme e bile re tshwanetse go akgola sekolo ka dikgato tse ba di tsereng tse di dirileng gore mmelaelwa yono a golegiwe. Re le baagi ba naga eno ba ba obamelang molao e bile re rata mo go renang kagiso, re tshwanetse go nna seoposengwe mo go kgalemeng ka mafoko a a bogale ditiro tseno tsa bosenyi tse di setlhogo.

6. Kgololesego ya Bobegakgang

6.1. Segopotso sa bo 43 sa kgololesego ya bobegakgang, seo se itsegeng thata ka gore ke Black Wednesday mo nageng ya Aforika Borwa, e ketekilwe ka Mosupologo, 19 Diphalane 2020. Letsatsi leno le re gakolola ka botlhokwa jwa kgololesego ya go ntsha se se mo mafatlheng a rona, e e leng teng mo molaotlhomong wa ditshwanelo tsa rona, mo e tsenyeletsang kgololesego ya bobegakgang jaaka karolo ya botlhokwa thata mo temokerasing ya rona ya molaotheo.

6.2. Letsatsi la Kgololesego ya Bobegakgang le tshwaya go ilediwa ga makwalodikgang a le mantsinyana le go golegwa ga barulaganyi ba ona ka la bo 19 Diphalane 1977 ba golegwa ke sepodisi sa puso ya tlhaolele, ka ntlha ya fa ba ne ba ribolola ditiragalo tse di setlhogo tsa puso ya kgatelelo. Bobegakgang bo tswelela go tshameka karolo e e botlhokwa mo go ntsheng bodutu, mo go ruteng le mo go sedimosetseng setšhaba, mmogo le go ribolola dikarolo tsotlhe tsotlhe tsa botshelo jwa rona mo mererongy a ikonomi ya loago le dipolotiki.

6.3. Bobegakgang bo tswelela go nna karolo ya botlhokwa mo go gagamatseng temokerasi ya rona mmogo le mo go tsholetseng ditshwanelo tsa batho ba borona tsa molaotheo. Kgololesego ya gore ba diragatse tiro ya bona e tsamaisana le maikarabelo a go netefatsa gore ba bega dikgang ba sa tseye letlhakore e bile ba totobatse le dintlha tsa boammaruri ka dinako tsotlhe.

6.4. Kabinete e tlotla babegakgang botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo nakong eno e e boima ya COVID-19, e bile e ikemiseditse go tlotla le go tsholetse kgololesego ya go ntsha se se leng mo mafatlheng a batho, go tsenyeletsa le kgololesego ya bobegakgang mo nageng ya rona.

7. Ditlhatlhobo tsa Bokhutlho jwa Ngwaga tsa Sekolo

7.1. Kabinete e eletsa barutwana ba Mophato wa bo 12 ba le 1 058 699 masego jaaka ba ipaakanyetsa go kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa bokhutlho jwa ngwaga tse di tla simololang ka la bo 5 Ngwanaitseele 2020 mme tsa konosediwa ka la bo 15 Sedimonthole 2020. Monongwaga Lefapha la Thuto ya Motheo le rekotile palo e e kwa godimo ya barutwana ba Mophato wa bo 12 ba ba tla bong ba kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa bokhutlho jwa ngwaga.

7.2. Go latela dikgoreletso tse di nnileng teng mo ngwageng wa dithuto ono ka ntlha ya COVID-19, Kabinete e ikuela mo batsading botlhe le mo batlhokomeding ba bana go tswelela go tshegetsa bana ba bona mo pakeng eno e e botlhokwa thata. Barutwana ba materiki ba mo ngwageng ono wa 2020 go ikuelwa mo go bona go dirisa fela didirisiwa tse di tlhagisitsweng ke puso ka go dirisa letsholo la Woza Matrics 2020 Catch-Up (wozamatrics.co.za le #Wozamatrics) mo go ipaakanyetseng go kwala ditlhatlhobo tsa Setifikeiti se Segolwane sa ka fa Nageng

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Tshegetso ya Intaseteri ya ka fa Nageng ya Ferrochrome

1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato di le dintsinyana tsa go tshegetsa ditlamo tsa ka fa nageng tsa tlhagiso ya ferrochrome mmogo le dikgwebo tsa tsona tse di gwebang ka koroumo. Dikgato tseno di tsenyeletsa ditshitshinyo tsa go tsenyatirisong lekgetho la tshipi ya koroumo e e romelwang kwa dinageng tsa kwa ntle, tiriso ya metšhini e e somarelang motlakase ya go gakolosa tshipi mmogo le thekenoloji ya go tlhagisa motlakase le ya go itlhagisetsa motlakase.

1.2. Lekala la ka fa nageng la ferrochrome ke lona le legolo go gaisa mo lefatsheng le le tlhagisang ferrochrome e bile ke lona le le esi fela le le tlhagisang tshipi ya go se ruse. Ke lona motlamedi o mogolo mo lefatsheng wa tshipi ya go se ruse mo diintasetering tsa dijanaga. Dikgato tse di tshitshingwang tseno di tlhagisitswe ke setlhophatiro se se tsenyeletsang maloko a Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji, Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo, Lefapha la Dikgwebo tsa Puso mmogo le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.

2. Pholisi ya Naga ya Bašwa (NYP): 2020-2030

2.1. Kabinete e neseditse pula Pholisi ya Naga ya Bašwa 2020-2030, eo e leng pholisi e e garang gareng ga makala e e tlhomilweng ke makala a puso a a e emetseng, badirisanimmogo mo mekgatlhong ya baagi, ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le mekgatlho ya dikgwebo. E tsena mo legatong la NYP 2015-2020, e e felelwang ke nako fa Sedimonthole 2020 a garela.

2.2. Pholisi eno e tshitshinya dikarolo di le tlhano tse di botlhokwa: (1) thuto ya boleng, bokgoni mmogo le go neelwa tšhono lekgetlo la bobedi; (2) phetolothefosano mo ikonoming, boitshimololedikgwebo le go tlhodiwa ga ditiro; (3) go bula batho matlho ka boitekanelo mo malwetseng a mmele le a tlhaloganyo, mmogo le (5) setheo se se mosola se se tsibogelang tlhabololo ya bašwa.  

3. Leanotiro la Naga Mabapi le Bana (NPAC): 2019-2024

3.1. Kabinete e neseditse pula NPAC ya bone, e e diragatsang maikano a naga ya rona mo Tumelanong ya Dinagakopano (UN) mabapi le Ditshwanelo tsa Bana mmogo le mo Tumelanong ya Dinaga tsa Aforika mabapi le Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana.

3.2. Leano leno la dingwaga di le tlhano le tlhagisa maano a a botlhokwa le ditsela tse a tla tsenngwang tirisong ka tsona mo go sireletseng le mo go diseng ditshwanelo tsa bana. Leano leno le lomaganngwe le Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) e leng lona le le tlhalosang dikgato tse puso e tla di tsayang mmogo le dipeelo tseo e tshwanetseng go di fitlhelela mo pakeng e e rileng ya go tlhophiwa. E tla diragadiwa ka go tshwarisana tiro eno le mekgatlho ya baagi.

3.3. NPAC e tla dira gape jaaka letlhomeso la go tlhagisa dipegelo tsa kgatelopele tsa naga go begela dikomiti ka bobedi e bong Komiti ya Baitseanape ya Aforika ka ga Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana mmogo le Komiti ya UN ka ga Ditshwanelo tsa Bana.

4. Tshekatsheko ya go Tsenngwatirisong ga Molao wa Batsofe wa 2006

4.1. Kabinete e neseditse pula pegelo ya tshekatsheko e e kopilweng gore e diriwe mabapi le go tsenngwatirisong ga Molao wa Batsofe wa 2006 (Molao wa bo 13 wa 2006). Ditshitshinyo tse di dirilweng mabapi le go tokafatsa kobamelo ya ditaeolo tsa Molao wa Batsofe wa 2006 go fitlha ga jaana o rometswe kwa lefapheng le le matshwanedi.

4.2. Pegelo eno e ka fitlhelwa mo webesaeteng ya Lefapha la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro ya www.dpme.gov.za.

5. Mokaedikakaretso (DG) wa Mokgatlo wa Dikgwebo tsa Lefatshe (WTO)

5.1. Kabinete e tshegetsa Ngaka Ngozi Okonjo-Iweala mo go nneng karolo ya bao ba gaisanelang tiro ya DG ya WTO. Mme yono mo malobeng e ne e le Tona ya Matlole ya naga ya Nigeria e bile e kile ya nna Mokaedimotsamaisi wa Banka ya Lefatshe. Karolo eno ya gagwe e tshegeditswe gape le ke Ditona tsa Aforika tsa Mafapha a Dikgwebo mo Tona Ebrahim Patel e leng monnasetulo.

Kabinete e eletsa Ngaka Okonjo-Iweala masego e bile e eletsa go bona WTO e e bayang kwa setlhoeng tlhabololo mo tirong ya yona e bile e semeletse mo kgatong ya itharabologelo ya ikonomi go latela COVID-19. Fa a kabo a finyelela mo kgatong e e latelang ya go sekasekiwa ya WTO, e tla nna mosadi wa ntlha yo gape e leng motho wa mmala wa sebilo yo a tla bong a sutlhile go tlhophiwa go tsorama maemo a DG ya WTO.

C. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

1.1. Kabinete e akgola Tona ya Tlhabololo ya Loago Lindiwe Zulu jaaka a thapilwe go nna Monnasetulo wa Badirisanimmogo mo Mererong ya Baagi le Tlhabololo (PPD), go simolola ka 2021 go fitlha ka 2023. PPD ke mokgatlho wa tirisanommogo wa dinaga tse di tlhabologang di le 27 tse di dirisanangmmogo go tsholetsa tirisanommogo mo dinageng tsa lefatshe tse di agileng mo dikarolong tsa borwa jwa lefatshe mme di thusana mo mererong ya baagi le tlhabololo, boitekanelo mo mererong ya pelegi mmogo le mo mererong ya tekatekano mo bathong ba bong jo bo farologaneng. Aforika Borwa e tsaya marako a a neng a tshwerwe ke bannasetulo ba mo malobeng, e bong naga ya China le ya India.

2. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e rometse matshediso kwa go:

2.1. ba lelapa le ditsala tsa ga Ngaka Vuyokazi Mahlati, yo e neng e le Monnasetulo wa Phanele ya Boeletsi ya Moporesitente e e ka ga Merero ya Kabosešwa ya Naga le ya Temothuo. O ne gape a le mo pakeng ya gagwe ya tiro ya bobedi mo Khomišeneng ya Naga ya Togamaano.

2.2. ba lelapa le ditsala tsa ga Mokomišenara wa mo Malobeng wa Ditopotuelo tsa Mafatshe kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, Mme Beverley Jansen, yo e neng e le ene mofatlhosi wa rona fa re ne re kgaratlha kgatlhanong le puso ya tlhaelele mme o tshamekile karolo e e botlhokwa mo go atlegeng ga ditopotuelo tsa mafatshe mo baaging go ralala le naga.

2.3. ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba Motlatsamonnasetulo wa Khomišene ya Aforika Borwa ya Ditshwanelo tsa Batho, Moambasatara Devikarani Priscilla Jana, yo e neng e le mmueledi wa ditshwanelo tsa batho yo o diphatsa yo a neng a sena poifo epe yo a dirisitseng setlamo sa gagwe go lwantshana le puso ya tlhaolele. Moporesitente Ramaphosa o mo reboletse Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya Maemo a Porofense: ya Maemokgato a Bobedi.

2.4. ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba bobegakgang ba ga Rre Dumisane Lubisi, yo e neng e le morulaganyikhuduthamaga wa lekwalodikgang la City Press. O ne a ikemiseditse go netefatsa gore mantswe a batho ba bantsi ba ba farologaneng go na le mo a tlhagisiwang gone mo nageng ya rona.

2.5. ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba Tokololo ya Palamente (MP), Mme Dorah Dunana Dlamini, yo e nnileng tokololo ya Palamente ya borataro morago ga ditlhopho tsa ngwaga wa 2019. E ne e le tokololo ya Kokoanotheomolao ya Porofense ya KwaZulu-Natal magareng ga 2014 le 2019 pele a ka tsaya marako mo Kokoanotheomolaong ya Bosetšhaba.

2.6. ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba ga Rre Zamuxolo Joseph Peter, yo e nnileng tokololo ya Palamente ya borataro morago ga go okama maemo a a farologaneng, go tsenyeletsa le a go nna Meyarakhuduthamaga mo Masepaleng wa Selegae wa Makana kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba.

2.7. ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba MP, Moatefokate Hishaam Mohamed, yo e nnileng tokololo ya Palamente ya borataro morago ga ditlhopho tsa ngwaga wa 2019, morago ga go dira sebaka a ntse a dira tiro e e tswileng diatla mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo a dira jaaka Tlhogo ya Kantoro ya Porofense ya lefapha leno kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.

2.8. ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba MP, Mme Thandi Gloria Mpambo-Sibhukwana, yo e nnileng tokololo ya Palamente ya borataro mo Kokoanotheomolaong ya Bosetšhaba, morago ga gore a dire jaaka tokololo ya barongwa ba leruri ba porofense ya Kapa Bophirima mo Lekgotleng la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) mo pakeng ya Palamente ya botlhano. O dirile sebaka sa dingwaga di sena palo e le morutabana pele e ka nna MP.

3. Go Thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Boto ya Tirelo ya Kgwebisano ya Puso ka Ditaemane:
a. Mme Monica M Ledingwane (Monnasetulo);
b. Mme Faith T Mokwena;
c. Rre Levy G Rapoo; le
d. Mme Mpho Mosing.

2. Boto ya Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Taemane le Dimenerale tse di Botlhokwa

a. Rre Morake Abiel Mngomezulu (Monnasetulo);
b. Rre Yershen Pillay;
c. Mme Kanyisa Macingwane;
d. Mme Mpho Mosing;
e. Mme Phydelis Zikalala-Mvelase;
f.  Rre Warren Wayne Adams; le
g. Rre Ernest Blom.

3. Ditokololo tse di seng tsa Khuduthamaga tsa Boto ya Bolaodi jwa Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa)

a. Rre Leonard Ramatlakane (Monnasetulo);
b. Moatefokate Smanga Sethene;
c. Rre Matodzi Mukhuba;
d. Mme Boitumelo Mokgoko;
e. Rre Dinkwanyane K Mohuba;
f.  Ngaka Alison E Lewis;
g. Mme Nosizwe Nokwe-Macamo;
h. Mme Thinavhuyo N Mpye;
i.  Moemedi go tswa kwa Lefapheng la Dipalangwa;
j.  Moemedi go tswa kwa Lefapheng la Matlole; le
k. Moemedi go tswa kwa Mokgatlhong wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga)

4. Boto ya Bakaedi ba Setlamo sa Ditlhagisiwa tsa Tlhago sa Onderstepoort:

a. Mme Rene A Kenosi (Monnasetulo);
b. Moporofesara Khathutshelo A Nephawe;
c. Mme Nona N Sonjani;
d. Rre Lufuno Nematswerani;
e. Mme Kribashni Naidoo; le
f.  Rre Luvuyo Mabombo.

5. Rre Pieter Uys Pretorius o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lekaleng la Ditirelo tsa Tsamaiso ya Setheo mo Lefapheng la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA).

6. Mme Nonhlanhla Patience Mkhize o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Manaane a Tlhokomelo ya Tikologo mo Lefapheng la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi.

7. Moatefokate Martin Mothusi Mafojane o thapilwe go nna Moabimogolo wa Boswa mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.

8. Rre Nakampe Joseph Mogale o thapilwe go nna DDG: mo lekaleng la Ditirelo tsa Taolo ya Tsamaiso mo Kantorong ya Moatlhodimogolo.

9. Rre Livhuwani Tommy Makhode o thapilwe go nna DG wa Lefapha la Merero ya Selegae.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams
Mogala: 083 501 0139

 Union Building