Skip to main content
x

Kopano e e Itlhophileng ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio e tshwerwe pele ga go ka tshwarwa Kopano ya Kabinete ya Lekgotla. 

A.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Go Atolosiwa ga Nako ya go Nna mo Tirisong ga Leano la Motlakase wa go Fetlhiwa ke Metsi mo Setšhabeng (HSRM)


1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosiwa ga nako ya go nna mo tirisong ga HSRM ka dingwaga di le 10. HSRM e tla dira gore Leano le le Logilweng la Motlakase o o Fetlhiwang ka Metsi mo Aforika Borwa le le sa bolong go nesediwa pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2007 le diragadiwe gore naga e kgone go ipaakanyetsa ikonomi e mo go yona go nang le motlakase o o fetlhiwang ka metsi. HSRM e tlaleletsa tseo di setseng di fitlheletswe mo dingwageng di le 10 tse di fetileng mo go rulagantsweng mano a Aforika Borwa gore a garele dipatlisiso le dikgato tsa tlhabololo tse di ntseng di rebotswe mme e tsene mo dikgatong tsa go tlhagisa dikuno tsa ona le go o rekisa. 

1.2.    HSRM e golaganya dithekenoloji tsotlhe tsa motlakase o o fetlhiwang ka metsi mo makaleng a a farologaneng a ikonomi mmogo le go tshwaraganela kgetse ya tsie mo go godiseng ikonomi e e tswelang botlhe mosola. Leano leno la HSRM le dira gore Aforika Borwa e nne lefelo le le nang le motlakase o o fetlhiwang ka metsi o o siametseng go ka dirisiwa mmogo le go oketsa dimaraka tse re ka di rekisetsang thekenoloji ya motlakase o o fetlhiwang ka metsi. 

1.3.    Tiro ya tlhagiso ya dikuno tsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi ka mo nageng ya rona mmogo le ya go agiwa ga dikarolo tsa metšhini e e fetlhang motlakase ono e tla tlhola ditiro le go tlhatlhelela badiri ka bokgoni, mmogo le go tlhatlosa dikgato tsa go fetola batsholateu mo ikonoming e leng seo se tla unngwelang bao mo malobeng ba neng ba kgapetswe kwa thoko mo mererong ya ikonomi, segolobogolo mo basading le mo bašweng.

1.4.    HSRM e mosola gape le mo go thuseng go fokotsa go kuelela ga digase tse di kgotlhelang tikologo (GHG). Gareng ga tse dingwe, e tla oketsa metlakase e re nang le yona e e sa kgotlheleng tikologo go ka golaganngwa le geriti e e tlamelang naga ka motlakase mme e bile gape e na le ditshitshinyo mo go ka samaganeng le makala a dirori tse digolo, tse le tsona di nang le seabe mo go kueletseng digase tse di kgotlhelang tikologo. 

1.5.    Leano leno le fetile mo diatleng di le dintsi tsa bannaleseabe ba ba matshwanedi go ntsha se se mo mafatlheng a bona ka ga lona, go akaretsa le mo diatleng tsa mafapha a puso, mo diatleng tsa ditheo tsa thuto e kgolwane, mo diatleng tsa makala a poraefete mmogo le mo diatleng tsa makgotla a saense. Leano leno le neelana gape le ka letlhomeso le le buang ka dithulaganyo tsa go golaganya dithekenoloji tsotlhe tsa motlakase o o fetlhiwang ka metsi mmogo le go tlhatlhelela baagi ka bokgoni jono ka fa nageng. Tokomane eno e tla fitlhelwa mo webesaeteng ya Lefapha la Saense le Boitshimololedi ya: www.dst.gov.za 

2.    Dikarolo tse di Kwalolotsweng Sešwa tsa Tumelano ya Tlhokomelo ya Ditheo tsa Motlakase wa Nyutlelia (CPPNM)

2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa CPPNM gore palamente e neseditse pula dikarolo tseno, fela jaaka e le Karolo ya bo 231(2) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 e kaela, e e laolang gore: "Tumelano magareng ga naga eno le dinaga tsa boditšhabatšhaba e bofa naga ya rona fa fela e le gore e neseditswe pula ke Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba le Lekgotla la Naga la Diporofense". 

2.2.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa ke Setheo sa Boditšhabatšhaba sa Motlakase wa Dikarolwana tsa Tlholego (IAEA) se matlafatsa maemo a tshireletso ya mafelo a motlakase wa nyutlelia mmogo le didirisiwa tsa nyutlelia tse di dirisiwang e se tsa go tlhola dintwa. Jaaka Aforika Borwa e le tokololo ya IAEA, e saenile tumelano eno mmogo le go e go e rulaganya sešwa mo ngwageng wa 2007.

2.3.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa tumelano eno di matlafatsa maemo a tshireletso a naga eo e leng leloko, mmogo le go gagamatsa ditlhokwa tsa go sireletsa mafelo ano a motlakase wa nyutlelia mmogo le didirisiwa tsa teng. 

2.4.    Tumelano eno e tlhalosa ka botlalo ditiragalo tse di tsewang e le tsa go tlola molao tse di jaaka tsa go reka didirisiwa tsa nyutlelia kwa dinageng tsa kwa ntle le go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle didirisiwa tsa nyutlelia ntle le go rebolelwa tetla ya go dira seo. E tlhatlosa tirisanommogo magareng ga dinagaleloko fa go tla mo go abelaneng tshedimosetso fa go tla mo ditiragalong tse di amanang le didirisiwa tsa motlakase wa nyutlelia.

3.    Go Dirisa Sedirisiwa se Sengwe sa Dipatlisiso tsa Motlakase wa Nyutlelia mo Legatong la sa SAFARI-1 

3.1.    Kabinete e neseditse pula go tlhomiwa ga porojeke ya sedirisiwa sa motlakase wa nyutlelia go nna sona se se dirisiwang mo legatong la sa SAFARI-1 se e leng sa Koporasi ya Motlakase wa Nyutlelia ya Aforika Borwa (NECSA). Sedirisiwa seno sele se simolola go dirisiwa ka ngwaga wa 1965 mme se tla felelwa ke nako mo ngwageng wa 2030.

3.2.    SAFARI-1 ke se sengwe sa dirisiwa di le nne mo lefatsheng tse di itlhomileng kwa pele mo go tlhagiseng didirisiwa tsa mo maokelong tsa matlhasedi a lesedi a go alafa balwetse ba le dimilione milione mo ngwageng . E ema naga nokeng gape le mo dipatlisisong tsa saense, tsa tlhabololo le tsa boitshimololedi mo lephateng la maokelo, temothuo, dipatlisiso tsa marapo a dilo tse di kileng tsa tshela mo lefatsheng mo nakong e e fetileng mmogo le mo lephateng la dipatlisiso tsa ditshedi. 

3.3.    Go dirisiwa ga sedirisiwa se sengwe mo legatong la seo se ntseng se dirisiwa go tla thusa gore Aforika Borwa e tswelele go okama maemo a e ntseng e a okame a go nna e nngwe ya dinaga tse di itlhomileng kwa pele mo maphateng ano mmogo le go tswelwa mosola ke dithekenoloji tse dintšhwa mo lephateng leno.Porojeke eno e tla gogwa kwa pele ke mafapha a le mantsinyana mme NECSA e tla bo e le yona e e botlhokwa go gaisa mo thulaganyong eno.

4.    Pegelo ya Bone ya Aforika Borwa e e Rebolwang Gangwe le Gape Morago ga Dingwaga di le Pedi

4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Lekgotleng la Dinagakopano le le Disang Letlhomeso la Phetogo ya Maemo a Loapi (UNFCCC) - Pegelo ya Bone ya Aforika Borwa e e Rebolwang Gangwe le Gape Morago ga Dingwaga di le Pedi - e e buang ka dikgato tse naga e setseng e di tsere mo go ka samaganeng le go fetoleng seemo sa yona gore e kgone go fokotsa seelo sa yona mo go kgotlheleng loapi e leng se se tlisang phetogo ya maemo mo loaping. 

4.2.    Pegelo eno e bua ka dipholisi tse di setseng di tsentswe tirisong mmogo le dikgato tse di setseng di tserwe mo nageng go ka fokotsa go kuelediwa ga digase tse di kgotlhelang tikologo. Pegelo eno gape e setlegela le ka tshedimosetso e e re bayang mo dinakong ka diphetogo tse di setseng di dirilwe mo go direng gore ikonomi ya naga e se itshetlege ka didirisiwa tse di kueletsang mesi e leng seo se tswang mo Sekwalweng sa Masupatsela sa Naga sa go Samagana le Phetogo ya Maemo a Loapi.

4.3.    Naga ya Aforika Borwa e dirile boikano jwa gore fao e kgonang e tla nna le seabe mo go fokotseng go kuelela ga digase tse di kgotlhelang tikologo ka fa nageng eno mo ditirong tsa yona tsa go tlisa tlhabololo. Jaaka naga ya Aforika Borwa e le e nngwe ya dinaga tse di saenetseng seno mo go UNFCCC, go solofetswe gore ngwaga mongwe le mongwe e tshwanetse go rebola pegelo e e buang ka seo e se dirileng mo ntlheng eno.

5.    Dipeelo tse di Tlhomilweng tsa Naga tsa go Tsenya Letsogo (NDC)

5.1.    Kabinete e neseditse pula Dipeelo tse di Tlhomilweng tsa Naga ya Aforika Borwa tsa go Tsenya Letsogo (NDC) momererong ya dipeelo tsa phetogo ya maemo a loapi tse di tshwanetsweng go bo di fitlheletswe mo ngwageng wa 2030 gore di siametse go ka romelwa kwa go UNFCCC. Aforika Borwa e kwalolotse sešwa dipeelo tsa yona tsa mo ngwageng wa 2025 go tloga mo go dithaneng tsa dimetriki tsa semoko (Mt Co2-eq) di le 398 go fitlha mo go di le 510 mmogo le tsa mo ngwageng wa 2030 go tloga mo go di le 350 go fitlha mo go di le 420. 

5.2.     Go ya ka Tumelano ya kwa Paris naga nngwe le nngwe ya leloko e tshwanetse go romela di-NDC tsa yona morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le tlhano. Naga ya Aforika Borwa e rometse NDC ya yona ya ntlha kwa go UNFCCC ka ngwedi ya Diphalane mo ngwageng wa 2015, mo e neng e dirile boikano jwa gore e tla fokotsa go kuelediwa ga digase tse di kgotlhelang tikologo mo nageng ya yona ka dithane tsa dimeteriki 398 go fitlha mo go di le 614 mo go tloga mo ngwageng wa 2025 go fitlha mo ngwageng wa 2030. Se sengwe gape se Tumelano ya kwa Paris e batlang go se bona ke go fokodiwa ga mogote mo lefatsheng ka bophara gore maemo a mogote a nne ka fa tlase ga diselišiase di le pedi mmogo le go dira gore maemo ano e nne a selešiase e le nngwe le halofo.

5.3.     Dinaga tsotlhe tse e leng tokololo di ne di solofetswe gore di tsenye dipeelo tsa tsona mo dinakong tsa ngwaga wa 2015 mo pegelong ya ngwaga wa 2020 gore di kgone go tsamaisana le tshedimosetso e e leng teng sešweng jaana ya saense. Dipeelo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tsamaisana le dipegelo tsa sešweng tsa Phanele ya Tirisanommogo ya Maphata a Puso mo Mererong ya Phetogo ya Maemo a Loapi, mmogo le tsa bannaleseabe botlhe ba ba tsenyang letsogo mo matsapeng ao naga e ntseng e leka go a dira. 

B.    Melaotlhomo 

1.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Thibela Kgotlhelo ya Lewatle (Kgotlhelo e e Tlhodiwang ke Dikepe) wa Ngwaga wa 2021


1.1.    Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Thibela Kgotlhelo ya Lewatle (Kgotlhelo e e Tlhodiwang ke Dikepe) wa ngwaga wa 2021 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Maitlhomo a dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa ke go fetola Molao wa go Thibela Kgotlhelo ya Lewatle (Kgotlhelo e e Tlhodiwang ke Dikepe) wa ngwaga wa 1986 (Molao wa bo 2 wa 1986) mme e o lepalepanye le dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa Ditumelano tsa go Thibela Kgotlhelo e e Tlhodiwang ke Dikepe mo Lewatleng (MARPOL). 

1.2.    Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di saenetseng MARPOL, e leng tumelano e kgolo ya dinaga tsa boditšhabatšhaba e e thibelang kgotlhelo ya mawatle e e diriwang ke dikepe e ka tswa e le ka ntlha ya go se diri sentle ga dikepe kgotsa go amega mo dikotsing ga sekepe.

1.3.    Molaotlhomo ono yo o Kwalolotsweng Sešwa o tla nna le mosola mo go tlhokomeleng mawatle ka go fedisa kgotlhelo ya ona e e tlhodiwang ke dikepe fa di dutla oli le diedi tse dingwe tse di nang le botlhole mo ditsheding tsa lewatle. 

1.4.    Molaotlhomo ono o tshitshinya gape le gore dikepe di tshwanetse go dirisa leokwane le le nang le salefara e e sa feteng 0,50% kgotsa di dirise leokwane le le tlhotlhiwang ka metswako e e leng mo molaong ya go phepafatsa leokwane.

2.    Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo wa Ngwaga wa 2021

2.1.    Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo wa Ngwaga wa 2021 gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Ditlamo wa ngwaga wa 2008 (Molao wa bo 71 wa 2008). Kabinete e dumetse gore molaotlhomo ono o ka phasaladiwa gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona mo kgweding ya Phatwe mo ngwageng wa 2018 mme seo ba se tlhagisitseng ke sona se se dirileng gore molao ono o kwalolwe sešwa. 

2.2.    Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tlhamaletse fa go tla mo tshedimosetsong e dikarolo tsa molaotlhomo ono e buang ka tsona, tse maitlhomo a tsona e leng go fokotsa kgatelelo ya dikgwebo ka molao; go thibela ditiragalo tsa go tlhatswa tšhelete ya bogodu; go gagamatsa melao e e gapeletsang batho go tlhagisa tshedimosetso yotlhe ya gore ba dira jang letseno le go tlhatlosa maatla a batsholadišere ba nang le ona mo ditlamong. 

3.    Molaotlhomo wa Naga wa Phetogo ya Maemo a Loapi 

3.1.    Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo wa Naga wa Phetogo ya Maemo a Loapi gore o romelwe kwa Palamenteng. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tlhagisa sedirisiwa sa molao se se tla dirang gore go nne le Pholisi ya Naga ya Tsibogelo ya Phetogo ya Maemo a Loapi. 

3.2.    Molaotlhomo ono o letlelela gore go golaganngwe dipholisi tse di tla nnang le seabe mo dikgatong tsa naga tsa go tsibogela phetogo ya maemo a loapi. O tlamela gape le ka dithulaganyo tsa go tlisa diphetogo go thusa naga gore e dirise ikonomi e e sa kueletseng dimoko e bile sa kgotlhele loapi.

3.3.    Molaotlhomo ono o setse o fetile mo matsogong a bannaleseabe ba le bantsi gore ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. 

C.    Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Smunda Mokoena go nna Monnasetulo wa Bothati jwa Naga jwa Taolo ya Motlakase wa Aforika Borwa (NERSA). 
2.    Ngaka Margaret Mkhosi-Motsaathebe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Naga sa go Sela Ditlakala tsa Didirisiwa tse di Dirisang Matlhasedi a Lesedi le le Alafang Balwetse. 

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building