Skip to main content
x

A.    Merero ya ga Jaana

1.    Ditlhopho tsa Dipusoselegae (LGE) tsa 2021


1.1.    Kabinete e lebogile batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo ditlhophong tsa dipusoselegae tsa 2021 ka Mosupologo, 1 Ngwanaitseele 2021. Ditlhopho tse di ne di supa keteko ya dingwaga tse 21 tsa go tlhongwa ga tsamaiso ya dipusoselegae ya temokerasi mo Aforika Borwa. 

1.2.    Re akgola itshokelano, seriti le bopelotelelo jo batlhophi ba neng ba bo supa mo Letsatsing la Ditlhopho lotlhe. Tsela e e se nang dilabe e makoko a sepolotiki a neng a gaisanela ditlhopho tsa dipusoselegae le go tlhagelela ga bontlhopheng ba bašwa, segolo basadi, ke bopaki jwa gore temokerasi ya rona e manotlhotlho e bile e dira sentle. 

1.3.    Kabinete e akgotse Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho ya Aforika Borwa, makoko otlhe a sepolotiki, maloko a setšhaba le ditheo tsa tsenyotirisong ya molao mo nageng ka maiteko a bona a a kopanetsweng go netefatsa gore go nna le ditlhopho tse di renang kagiso. Kabinete e akgola gape le bobegadikgang ka seabe sa bona se se botlhokwa go tlamela batlhophi ka tshedimosetso e e maleba go ba thusa mo go diragatseng tshwanelo ya bona ya temokerasi go tlhopha baeteledipele ba ba ba batlang ba pusoselegae. 

1.4.    Kabinete e ne ya gakolola maAforika Borwa otlhe go matlafatsa temokerasi ya rona ka go nna le seabe mo mekgatlong le mo ditheong tse di netefatsang gore ba ba tlhophilweng ba rwala maikarabelo. E ikuetse go batlhankedi ba ba sa tswang go tlhophiwa go ikobela maikano a bona le go direla batho botlhe ka tekatekano ntle le go gobelela. 

2.    Letsholo la Meento

2.1.    Kabinete e akgotse maAforika Borwa a a tsereng tshweetso ya go itshireletsa mmogo le go sireletsa ba ba phelang le bona ka go entela leroborobo la Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19). Naga ya rona e setse e tlhabile meento e le dimilione tse 22. 

2.2.    Batho ba le bararo go tswa go ba batlhano ba dingwaga tse di kwa godimo ga 50 mo nageng ya rona ba setse ba entilwe. Re tlhoka go fitlhelela batho botlhe mo setlhopheng sa batho ba dingwaga tseno fa ngwaga o khutla gore re kgone go fokotsa bogale jwa lekhubu la bone le le solofetsweng. 

2.3.    Letsholo le le latelang la Vooma Vaccination Weekend mo mafelong a beke go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 14 Ngwanaitseele ke tšhono ya gore batho ba ba sa entiwang ba nne le seabe mo ntweng ya setšhaba sa rona ya go lwantsha COVID-19 ka go entiwa mahala kwa go le lengwe la mafelo a go entiwang kwa go ona go ralala le naga. 

2.4.    Kabinete e gakolotse batho go netefatsa gore ba tlhabiwa moento wa bobedi wa Pfizer gore ba sireletsege ka botlalo. Meento e thusa go thibela go gatelelwa ke bolwetse, go amogelwa kwa bookelong le go ka tlhokafala ka ntlha ya COVID-19. 

3.    Motlakase 

3.1.    Kabinete e tlhaloganya dikgoreletso le ketsaetsego e e bakiwang ke tlamelo e e sa tlhomamang ya motlakase e e itemogelwang ke maAforika Borwa mo matsatsing a go sa le gale. Lefapha la Dikgwebo tsa Setšhaba le dirisana mmogo le Boto le boeteledipele ba Eskom go netefatsa gore re fokotsa sebaka sa kgaogo ya motlakase ka letsatsi le paka e tsereganyo e e tla tlhokagalang ka yona. 

3.2.    Lefapha la Matlotlo a Setšhaba le dirisana le Eskom go e neela ditetlelelo tse di maleba go kgona go reka dikarolwana tse di tlhokegang go baakanya le go boloka mafaratlhatlha. Go na le kgatelopele kwa Eskom mo dithulaganyong tsa go thapa badiri ba ba nonofileng – go akaretsa balaodi ba dipolante – go tlhusa setheo se sa motlakase go dira sentle kwa diteišeneng tse di farologaneng tsa motlakase le go ralala ditiro tse di farologaneng tsa kgwebo e. 

3.3.    Mo pakagareng eno, puso e sweditse go tsenya tirisong dikgato di le mmalwanyana go rarabolola dikgwetlho tsa motlakase mo nageng mme re dira ka natla go tsenya tirisong ka bonako jo bo kgonegang mothamo o mošwa wa go fetlha motlakase.

3.4.    Dikgato tseno di akaretsa:

- go tlhatlosa mothamo o ditlamo di ka tlhagisang motlakase wa tsona ntle le laesense go ya go dimekawate (MW) tse 100;
- go begiwa ga ditlamo di le 11 tse di fentseng mo Letsholong la Dithendara tsa Ditlamo tse di Ikemetseng tsa Tlhagiso ya Motlakase o o Ntšhwafaditsweng; le
- Kgato ya Botlhano ya dithendara tse di neng di dirile dikopo mo letsholong la dithendara tsa ditlamo tse di ikemetseng tsa tlhagiso ya motlakase o o ntšhwafaditsweng ka go reka 2 600 MW ya motlakase o o fetlhiwang ka phefo le letsatsi. 

3.5.    Le fa Kabinete e itse gore dikgwetlho tsa ga jaana tsa motlakase di baka ketsaetsego e bile di kgatlhanong le kgolo ya ikonomi, e na le bonnete jwa gore dikgato tse di bonalang tse puso e di tsayang go bopa sešwa le go matlafatsa mafaratlhatlha a motlakase, di tla tokafatsa mothamo wa naga wa motlakase. 

4.    Peeletso

4.1.    Aforika Borwa o tswelela go dira sentle jaaka lefelo le babeeletsi ba le tlhophang, le go ngoka dingwe tsa dikgwebo tse di kwa godimo mo lefatsheng go atolosetsa ditiro tsa tsona mo nageng e. 

4.2.    Toyota South Africa e thankgolotse polante ya yona ya R2,6 bilione kwa Durban kwa KwaZulu-Natal. Polante e e tla tlhagisa dikoloi tsa ntlha tsa motlakase go rekisiwa mo Aforika Borwa. Se ke karolo ya leano le legolo la ditsholofetso tsa intaseteri ya dirori go oketsa maemo a yona a peeletso. 

4.3.    Go thankgololwa ga setlamo seno sa Toyota go diragala ka nako e le nngwe le pego ka setlamo sa boditšhaba sa Sweden sa go phuthela le go tlhagisa dijo sa Tetra Pak, e e reng e tla beeletsa R500 milione go tokafatsa mothamo wa tlhagiso ya sona kwa femeng ya didiriswa tsa diphuthelwana kwa Durban. 

4.4.    Aspen Pharmacare e butse lekala la yona le lešwa la go idibatsa balwetse kwa bookelong le le tlhagisang molemo wa Diprivan mono jaaka karolo ya peeletso ya R3,2 bilione mo go tlholeng mafelo a tlhagiso ya bophepa a maemo a a kwa godimo, le go fetolela lefelo la yona kwa Gqeberha kwa Kapa Botlhaba go nna le le gatetseng pele go gaisa mo kontinenteng ya Aforika. Mo malobeng melemo ya go idibatsa balwetse kwa bookelong e ne e rekiwa go tswa kwa dinageng tsa kwa ntle mme e dirisiwa mo ditirong tse di farologaneng kwa bookelong mmogo le mo ditirong tsa go dira dikaro mo maokelong a Aforika Borwa, e bile e dirisiwa gape le mo go alafeng balwetse ba COVID-19 ba ba leng mo metšhining e e ba thusang go hema mo diwateng tsa balwetse ba ba bobolang mo ba ka ikelang badimong. 

4.5.    Kabinete e amogetse gape le dipeeletso tsa go sa le gale tsa setlamo sa dirori, Isuzu Motors South Africa, mo ikonoming ya Aforika Borwa. Isuzu Motors South Africa e thankgolotse lefelo la tlhagiso kwa Struandale kwa Gqeberha. Isuzu e beeletsa R1.2 bilione mo lenaneong la serori sa bona se sešwa mo Aforika Borwa go se rekisetsa mebaraka ya Aforika Borwa le ya Kgaolo ya Dinaga tsa Borwa ba Aforika. 

4.6.    Polante e ya Isuzu e tla tlhola ditiro di le 1 000 ka tlhamalalo kwa lefelong la yona la go aga dirori kwa Gqeberha, kwa mabenkeleng a yona otlhe a a rekisang dirori tsa yona ka mo nageng le kwa dinageng tsa kwa ntle, le ditiro di ka nna 25 000 mo ditlamong di le makgolokgolo go ralala naga tse di tlamelang polanta eno ka didirisiwa le ditirelo. 

4.7.    Dipeeletso tsotlhe tse di tla tsweletsa lenaneo la go tlhongwa mo lefelong le le rileng le le begilweng mo Leanong la Tlhabololo le Tsosoloso ya Ikonomi le le thankgolotsweng ke Motlotlegi Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Diphalane 2020. Di tlile go tlisa dibilione tsa diranta tsa tlhagiso ngwaga le ngwaga mo ditlhagisweng tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa. Dipeeletso tse pedi tsa tsona di ne di solofeditswe kwa Khonferenseng ya Peeletso ya Aforika Borwa e e fetileng, mme difeme tseo ga jaana di simolotse ka tlhagiso, le go tlhola palo e e bonalang ya ditiro.

5.    Dikopo tsa Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Matlole go Baithuti (NSFAS) tsa 2022

5.1.    Kabinete e gakolotse barutwana le bašwa ba ba sa tseneng sekolo ba ba tswang mo malapeng a a tlhokang le a setlhopha se se dirang go romela dikopo tsa bona tsa thuso ya matlole tsa ngwaga wa dithuto wa 2022. Dikopo tsa thuso ya matlole tsa NSFAS di tla tswalelwa ka Labotlhano, 7 Ferikgong 2022. 

5.2.    Dikopo di buletswe gape le baithuti ba ba setseng ba kwadisitswe kwa ditheong, mme ba sena matlole e bile ba siametse thuso ya matlole ya NSFAS. 

5.3.    Go bona tshedimosetso ka botlalo tebang le go dira kopo ya matlole, letsetsa 08000 67327 kgotsa o etele www.nsfas.org(link is external).

6.    Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng le Polao ya Basadi (GBVF)

6.1.    Kabinete e amogetse katlholelo ya sebaka se se menaganeng gararo sa go tshela botshelo jotlhe kwa kgolegelong e e neetsweng mmeteledi le mmolai, Mfanasibili Cornelius Mnisi, wa dingwaga di le 29, e e rebotsweng ke Karolo ya Kgotlatshekelokgolo ya Mpumalanga kwa Mbombela go sa le gale. Katlholo e e gagamaditsweng eno e supa gore tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi ga e kitla e itshokela ditiro tsa GBVF gotlhelele.

6.2.    Ka go dirisana mmogo le sepodisi le ditheo tse dingwe tsa tsenyotirisong ya molao, re ka dira gore mebila le mafelo a rona a babalesege. Re tshwanetse go nna re tsibogile le go bega ditiragalo tsotlhe tse di amanang le GBVF kwa sepodising kgotsa go leletsa Tikwatikwe ya Taolo ya GBVF mo go: 0800 428 428 kgotsa Mogala wa Thuso wa Thibelo ya Tirisodikgoka ya Bong: 0800 150 150/*120*7867#. 

6.3.    Puso e tla nna le seabe mo Letsholong la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng – go tloga ka la bo 25 Ngwanaitseele (Letsatsi la Boditšhaba la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng) go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole (Letsatsi la Boditšhaba la Ditshwanelo tsa Botho) – go tsweletsa tsiboso ka ga leroborobo la GBVF mo nageng. 

7.    Phimolakeledi ya Batswasetlhabelo ba Dipolao tsa Motsi wa Tlhaolele 

7.1.    Kabinete e amogetse pego ya go sa le gale ka Tona ya Bosiamisi le Ditirelo tsa Kgopololo, Ronald Lamola, ka ga setlhopha se se kgethegileng sa batlhotlhomisi le batšhotšhisi ba puso ba ba tla samaganang fela le dikgetse tse di sa felelang gope tsa Khomišene ya Boammaaruri le Poelano. 

7.2.    Setlhopha se se kgethegileng se se tla neelwa tiro ya go sekaseka dipolao tse di kwa ntle ga bosiamisi tse di dirilweng ke sepodisi sa tshireletso sa tlhaolele. Ditsereganyo tse di tla itlhaganedisa go ribela kutlobotlhoko ya ba malapa a batswasetlhabelo ba dipolao tsa motsi wa tlhaolele. 

8.    Maemo a sepolotiki kwa Pusong ya Eswatini 

8.1.    Kabinete e nopotse le go amogela dikgato tsa go ritibatsa maemo tse di tserweng ke Motlotlegi Moporesitente Ramaphosa – mo maemong a gagwe jaaka Monnasetilo wa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) mo lephateng la Dipolotiki, Sesole le Tirisanommogo mo Mererong ya Pabalesego – ka go ritibatsa maemo a sepolotiki kwa Eswatini.

8.2.    Kopano ya ga Moporesitente Ramaphosa le Kgosi Mswati III ka Labobedi, 2 Ngwanaitseele 2021 e latela leeto kwa Pusong eo ka Baromiwa ba ba Kgethegileng ka 21 le 22 Diphalane 2021. Moporesitente o ne – jaaka Monnasetilo wa Karolo ya Troika ya SADC e e akaretsang Namibia (e e tla tsenang), Aforika Borwa (monnasetilo) le Botswana (e e tswang) - a kaela Baromiwa ba ba Kgethegileng go buisana le Puso ya Eswatini ka maemo a tshireletso le a sepolotiki kwa Pusong eo. 

8.3.    Kabinete e amogetse tumalano ya gore Puso ya Eswatini e tla samagana le tiro ya go tlhoma foramo ya dipuisano le baagi ba yona. Kabinete e ikuela go bannaleseabe botlhe ba Maswati go dirisana mmogo go khutlisa tirisodikgoka le kgotlang, mme ba tsweletse kagiso le tolamo mo Pusong eo. 

B.    Molaotlhomo 

1.    Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Molao wa Bosenyi (Ditsamaiso tsa Forensiki) wa 2021 


1.1.    Kabinete e amogetse go romelwa ga Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Molao wa Bosenyi (Ditsamaiso tsa Forensiki) wa 2021 kwa Palamenteng go sekasekiwa. Ditokafatso tse di tshitshinngwang di tlamela ka mekgwa ya go gatelela go tsewa ga disampole tsa bukhale tsa DNA (disampole tsa disele tse di mo teng ga marama a motho) mo bathong ba ba atlhotsweng ka fa tlase ga ditlolomolao tsa Thulaganyo 8. 

1.2.    Ditlolomolao tsa Thulaganyo 8 di akaretsa ditlolomolao tsa thobalano, kgothoso, go gweba ka batho le polao e e seng ya maikaelelo. Disampole tsa bukhale tse di tserweng di tla thusa mo ditshekisong tsa isago tsa batlolamolao ba ba boelelang.  

1.3.    Molaotlhomo o o tla kgontsha go tlhongwa ga lenaneo la DNA la forensiki go matlafatsa ntwa kgatlhanong le bosenyi ka go tlamela sepodisi ka bopaki ba go batlisisa le go rarabolola bosenyi jo bo masisi. 

C.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Pegelo ya Pakagare ya Pholisi ya Tekanyetsokabo (MTBPS) 

1.1.    Tona ya Matlole, Enoch Godongwana, o tla neela MTBPS ka Labone, 11 Ngwanaitseele 2021. Pegelo e e tla tlhalosa diphetolo mo tekanyetsokabong ya Bosetšhaba go netefatsa gore go nna le tsepamo mo matloleng a setšhaba. 

1.2.    MTBPS e tlhagisa maiteko a naga go busetsa morago dikgwetlho mo ikonoming tse di bakilweng ke seabe sa COVID-19 le go samagana le merero ya setheo ya pakatelele. 

1.3.    MTBPS ke boikuelo go makala otlhe a baagi go tsaya dikgato go dirisana mmogo go kgweetsa ikonomi le go tlhola ditiro. Kabinete e na le bonnete jwa gore MTBPS e tla supa gape boineelo jwa puso go aga ikonomi e e tswelelang ka seabe sa makala otlhe a baagi. 

D.    Melaetsa

1.    Go Akgola 

Kabinete e akgola le go eleletsa masego: 

- Mme Lalela Mswane, wa dingwaga di le 24, ka go tlhongwa go nna Mmabontlenyana wa Naga ya Aforika Borwa wa gwaga wa 2021 ka la bo 16 Diphalane kwa Cape Town. Phenyo ya gagwe ke sesupo sa gore katlego e ka fitlhelelwa ka boineelo le go dira ka natla. 

E.    Go Thapiwa 

1.    Rre Robert Nkuna, yo konteraka ya gagwe jaaka Mokaedikakaretso (DG) kwa Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro e atolositsweng ka dingwaga tse tlhano. 
2.    Rre Robert Mooketsa Ramasodi jaaka DG kwa Lefapha la Temothuo, Pusetsodinaga le Tlhabololo ya Metsemagae. 
3.    Mme Mohlago Flora Mokgohloa jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo lephateng la Tshomarelo le Tiriso ya Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng go Tlhagisa Melemo mo Lefapheng la Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo. 
4.    Mme Rirhandzu Sharon Mashava jaaka DDG: mo lephateng la go Loga Maano a go Rulaganya Dipalangwa go nna Seoposengwe mo Lefapheng la Dipalangwa. 
5.    Mme Mameetse Primrose Masemola jaaka DDG: mo lephateng la Thulaganyo ya Peeletso ya Mafaratlhatlha – Mafaratlhatlha a Aforika Borwa kwa Lefapheng la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba (DPWI). 
6.    Mme Carmen Joy Abrahams jaaka DDG: mo lephateng la Lenaneo le le Atolositsweng la Ditiro tsa Sešhaba kwa DPWI. 

Kabinete e dumeletse go thapiwa ga ditokololo tsa Boto go latela gore makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang di tlhatlhobiwe.

7.    Boto ya bakaedi ya Koporasi ya Dipeeletso ya Bosetšhaba: 

(i)    Ngaka David Masondo (Monnasetilo);
(ii)    Rre Frans Baleni;
(iii)    Mme Ntombifuthi Mtoba;
(iv)    Mme Tryphosa Ramano;
(v)    Moporofesara Bonke Dumisa;
(vi)    Mme Esther Barbara Watson;
(vii)    Mme Beverly Bouwer;
(viii)    Rre Mongwena Mugwena Maluleke;
(ix)    Rre Walter Hlaise;
(x)    Rre Lufuno Mulaudzi;
(xi)    Rre Abel Sithole;
(xii)    Rre Brian Mavuka; le 
(xiii)    Mme Makano Mosidi.

8.    Kabinete e sweditse go ikobela katlholo ya kgotlatshekelo e e atlhotseng gore go busediwe ditokololo tsa Boto ya bakaedi ya Umgeni Water. 

(i)    Mme Ziphozethu Mathenjwa (Monnasetilo);
(ii)    Moporofesara Thandwa Mthembu;
(iii)    Rre Siboniso Shabalala;
(iv)    Rre Mduduzi Eric Zakwe;
(v)    Mme Chamane Nompumelelo Beata;
(vi)    Rre Visvin Reddy;
(vii)    Rre William Mapena;
(viii)    Rre Teboho Nkhahle;
(ix)    Mme Linda Ngcobo;
(x)    Mme Bongekile Zulu;
(xi)    Rre Suleman Badat;
(xii)    Mme Mbali Barbara Ndlovu; le
(xiii)    Moatefokata Simosenkosi Chamane. 

Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building