Skip to main content
x

 

A.    Merero ya ga Jaana

1.    Go entiwa kgatlhanong le leroborobo la Bolwetse jwa mogare wa Corona (COVID-19)

1.1.    Kabinete e itumedisitswe ke gore batho ba feta 260 000 ba entilwe mo letsholong la bobedi la mo mafelong a beke a go Entiwa la Vooma go ralala naga go simolola ka 12 go fitlha ka 14 Ngwanaitsele 2021.  

1.2.    Re tshwanetse go gakologelwa gore mogare o ga o ise o fedisiwe mme go enitwa go sireletsa batho gore ba se gatelelwe ke bolwetse jono, go amogelwa kwa bookelong kgotsa go ka tlhokafala. 

1.3.    Go entiwa ke mahala go batho botlhe ba ba nnang mo Aforika Borwa, mme mongwe le mongwe wa dingwaga di le 12 go ya kwa godimo o rotloediwa gore a ye go entiwa. Tla re entiwe go netefatsa gore rona le ba malapa le ditsala tsa rona re nna le paka e e monate ya maikhutso. 

2.    Leano la Tlhabololo ya Didika (DDM) 

2.1.    Kabinete e amogetse ketelo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa kwa Sedikeng sa Ugu kwa KwaZulu-Natal ka Labotlhabo, 12 Ngwanaitsele 2021, e e neng ya baya kwa setlhoeng tlhabololo ya Eastern Seaboard e e akaretsang dikilomitara di le 600 tsa lobopo magareng ga KwaZulu-Natal le Kapa Botlhaba. 

2.2.    Tlhabololo ya Eastern Seaboard ke porojeke ya maemo a a kwa godimo ya DDM, e e ikaelelang go aga diikonomi tsa selegae tse di akaretsang go fedisa lemorago la thulaganyo ya mafelo la tlhaolele. Porojeke e e ikaelela go dirisa ka manontlhotlho bokgoni jwa ditebego tsa tlhago tsa lefelo le go tlhola kgolo ya ikonomi. 

3.    Pegelo ya Pakagare ya Pholisi ya Tekanyetsokabo (MTBPS) 

3.1.    Kabinete e tshegeditse ka botlalo leano la matlole le le adilweng mo teng ga MTBPS ke Tona ya Matlole, Enoch Godongwana kwa Palamenteng ka Labone, 11 Ngwanaitsele 2021, le le romelang molaetsa o o bogale tebang le boineelo jwa rona mo go sireletseng matlole ka manontlhotlho. 

3.2.    Jaaka karolo ya boineelo mo go tsa loago, 60% ya tekanyetsokabo e abetswe tlhabololo ya mafelobonno, ditirelo tsa motheo tsa mahala, mananeo a ditiro, boitekanelo, thuto le dithebolelo tsa loago. 

3.3.    Maiteko a a tlhagisitsweng mo teng ga MTBPS a supa gore puso e na le leano le le tlhamaletseng la go kaela ikonomi mo matlhotlhapelong a a bakilweng ke leroborobo la COVID-19 le go tlhoma naga ya rona mo tseleng ya kgolo ya pakatelele. 

4.    Kgwebisano e e sa Gobeleleng ya Gare ga Aforika ya 2021 (IAFT2021)

4.1.    IATF2021 e e atlegileng – e e neng e tshwaretswe kwa Tikwatikweng ya Dikopano ya Bosetšhaba ya Inkosi Albert Luthuli kwa Durban go tloga ka 15 go fitlha ka 21 Ngwanaitsele 2021 – e thusitse go mametlelela tirisano le go rotloeta kgwebisano le peeletso mo teng ga Aforika. 

4.2.    IATF e kopantse baeteledipele ba kgwebo go abelana tshedimosetso ka ga kgwebisano, peeletso le mebaraka le go anamisa ditšhono tsa peeletso mo kontinenteng. Dithoto le ditirelo tsa Aforika Borwa le tsona di ne tsa tlhongwa mo seraleng le go phasaladiwa go aga mafaratlhatlha le dikamano go oketsa diromelwantle mo kontinenteng.    

5.    Pabalesego mo Malapeng 

5.1.    Kabinete e tshwenyegile thata ka pabalesego ya bana morago ga dikgetse tse di tlhatlogang tsa go utswiwa ga bana mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Mo pakeng e e latelang ya meletlo, batsadi le batlhokomedi ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng tebang le pabalesego le go itse gore bana ba ba ba tlhokometseng ba kae ka dinako tsotlhe. 

5.2.    Batsadi le batlhokomedi ba rotloediwa go buisana le bana ba ba ba tlhokometseng ka ga mekgwa ya pabalesego, go akaretsa dikotsi le mekgwataolo ya COVID-19. Re ikuela gape go batsadi le batlhokomedi go dira gore bana ba tsenele ditiro, segolo bašwa, tse ba ka nnang le seabe mo go tsona ka pabalesego. 

5.3.    Ditiragalo tse di jaaka meletlo ya materiki le meletlo ya taelano e na le bokgoni jwa go tlhatlosa dikgetse tsa COVID-19. Dikokoano tsa matshwititshwiti, segolo tse di akaretsang go nwa bojalwa, ke dikotsi tse dikgolo e bile di gataka maiteko a rona a go lwantshana le mogare o. 

6.    Go Tlhangwa ga Ditumalano tsa Tirisano tsa Dipusoselegae 

6.1.    Kabinete e lebogile batlhophi botlhe ba ba tlhophileng mo Ditlhophong tsa Dipusoselegae (LGE) tsa 2021 ka Mosupologo, 1 Ngwanaitsele 2021 go itlhophela ba ba tshwanetseng go busa mo dipusoselegaeng. Kabinete e etse tlhoko gape le dithulaganyo tsa tirisano tse di sa tswang go begiwa kwa dimmasepaleng tse di senang mofenyi yo o fentseng ka dipholo tse di kwa godimo thata go gaisa bontlhopheng ba bangwe. 

6.2.    Kabinete e akgotse bommeyara le balekgotla ba ba sa tswang go tlhophiwa le go ba eleletsa katlego mo tirong ya bona e e botlhokwa ya go tlamela baagi botlhe ka ditirelo, go sa kgathaletsege gore ke ba lekoko lefe la sepolotiki. E akgotse gape le makoko a sepolotiki ka tsela e e manontlhotlho e a itshotseng ka yona ka nako ya ditlhopho (LGE) le ka nako ya ditherisano tsa go dirisana mmogo. 

7.    Go Nna Seoposengwe

7.1.    Kabinete e etse tlhoko gore letlhoo la bosemorage le ntse le tlhatloga mo dikarolong tse dingwe tsa naga kgatlhanong le batswantle. 

7.2.    Leroborobo la COVID-19 le amile batho botlhe mo Aforika Borwa mme maitsholo a a maswe a a tlhagisiwang ke batho ba le mmalwa fela ga a supe seemo sa nnete sa dikamano tse di edileng magareng ga batswantle ba ba nnang le go dira mo mafelong a rona le baagi ba rona. 

7.3.    Kabinete e ikuetse go baagi go nna ba le malala a laotswe le go tila go patelediwa go tlhoa batho ba bangwe. Kabinete e ikuetse go mongwe le mongwe go nna le maikarabelo le go obamela molao. Bega tiragalo efe fela ya matshosetsi le tirisodikgoka ya mo pepeneng kwa ditheong tsa tsa sepodisi. 

B.    Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Dipoelo tsa kopano ya bo26 ya Khonferense ya Makoko (COP26) ya Tumalano ya Letlhomeso la Ditšhabakopano ka ga Phetogo ya Tlelaemete (UNFCCC) 

1.1.    Kabinete e ne ya begelwa ke Tona ya Merero ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo, Mme Barbara Creecy, ka ga dipoelo tsa kopano ya bo26 ya COP ya UNFCCC e e neng e tshwaretswe kwa Glasgow, Scotland, United Kingdom (UK) go tloga ka 31 Diphalane go fitlha ka 13 Ngwanaitsele 2021. 

1.2.    Seabe sa Aforika Borwa se ne se tsepame mo boineelong jwa yona mo Tumalanong ya Paris ka ga Phetogo ya Tlelaemete ya 2015 go fokotsa kgotlelo ya digase tse di kotsi le go bopa maatla a tlelaemete ya baagi le naga ya yona. Kgato e ya naga ya go fetogela go maatla a a ntšhwafatsegang e na le mesola e le mentsi mo tikologong le mo ikonoming ya rona. 

1.3.    Kabinete e amogetse Semphato sa Phetolo e e Lolameng se se tlhomilweng ke Aforika Borwa le France, Germany, UK, United States le European Union, e e neng ya begiwa kwa COP26. 

1.4.    Kabinete e amogetse le seabe sa semphato se sa go kokoanya R131 dibilione mo dingwageng tse tharo go ya go tse tlhano tse di tlang go tshegetsa maikaelelo a Aforika Borwa a Phetogo e e Lolameng. Seabe se se nyalana le boineelo ka fa tlase ga Tumalano ya Paris ya dinaga tse di tlhabologileng gore di tla tshegetsa dinaga tse di tlhabologang mo ditiragalong tsa tsona tsa tlelaemete, go akaretsa tsa Aforika Borwa. 

1.5.    Komiti ya Ditona e monnasetilo wa yona e leng Moporesitente Ramaphosa e tla tsweletsa tiro ka ga leano la naga la Phetogo e e Lolameng le ka ga diabe tsa matlole tse di rebolelwang Aforika Borwa mo bokaelong ba semphato. 

1.6.    Kabinete e rwesitse puso maikarabelo a go tlhoma setlhopha sa matlole se se nang le Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba, Koporasitlhabololo ya Intaseteri, Lefapha la Merero ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo; Eskom le baitseanape ba bangwe ba matlole go sekaseka merero ya setegeniki le seabe sa semphato. 

2.    Go Oketsa Nako ya go Nna mo Tirong ga Molao wa Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo 

2.1.    Go ya ka Karolo 27(5) (c) ya Molao wa Taolo ya Matlhotlhapelo wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002), Kabinete e dumetse gore go okediwe nako ya go nna mo tirisong ga Molao wa Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo go fitlha ka la bo 15 Sedimonthole 2021. Mekgwataolo e e tswelela go thusa naga mo ntweng kgatlhanong le go anama ga COVID-19. 

3.    Kgwedi ya Tsiboso ka ga Ditshwanelo tsa ba ba Nang le Bogole 

3.1.    Kabinete e dumeletse leano la segopotso sa monongwaga sa Kgwedi ya Tsiboso ka ga Ditshwanelo tsa ba ba nang le Bogole, e e gopolwang go simolola ka la bo 3 Ngwanaitsele go fitlha ka la bo 3 Sedimonthole. Morero wa 2021 ke: Ngwaga wa ga Charlotte Mannya Maxeke – Go tlhola le go Fitlhelela Setšhaba se Botlhe ba Nang le Seabe mo go Sona le go Somarela Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole”. 

3.2.    Maitlhomo a letsholo leno ke go bula batho ba bangwe matlho ka ga batho ba ba nang le bogole mo setšhabeng, le go keteka tswelopele e re e dirileng jaaka naga go nna le tikologo e e kgontshang batho bano ba ba nang le bogole go nna le seabe ka tlhamalalo mo go lekeng go godisa ikonomi ya rona. Tona mo Kantorong ya ga Moporesitente ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogole, Mme Maite Nkoana-Mashabane, o tla tlhalosa mananeo a beke eno ka ditlhogo tsa ona mo nakong e e sa fediseng pelo. 

3.3.    Aforika Borwa e saenile Tumalano ya UN ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba Nang le Bogole. 

4.    Pegelo ya Naga ya Maemo a Ditshwanelo tsa Bana 

4.1.    Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga Pegelo ya Naga ya Maemo a Ditshwanelo tsa Bana. Eno ke pegelo ya rona ya ntlha e e begang dintlha ka botlalo tsa maemo a bana mo nageng e e kwadilweng ka go latela Leanotiro la Bosetšhaba la Bana la 2019-2024. 

4.2.    Pegelo e e ala tswelopele ya go tsenngwa tirisong ga melao le dipholisi tse di tshwanetseng go sireletsa le go rotloetsa ditshwanelo tsa bana jaaka di tlhagelela mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo. 

5.    Pegelo ya Maemo a ka fa Nageng go Komiti ya Aforika ya Baitseanape ba Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana (ACERWC) 

5.1.    Kabinete e dumetse gore Pegelo ya Maemo a ka fa Nageng ya naga ya Aforika Borwa e ka nne ya romelwa kwa ACERWC eo e leng karolo ya Mokgatlotshwaraganelo wa Aforika (AU).

5.2.    E ke pegelo ya boraro e Aforika Borwa e e romelang kwa ACERWC jaaka e le karolo ya kemonokeng ya naga go nna nngwe ya tse di saenetseng maikano ka ga tlhokomelo le tshireletso ya bana mo kontinenteng. Pegelo ya ga jaana, e e tla alwang ka Mopitlwe 2022, e tsibogela tse di lemogilweng ke ACERWC mo pegelong ya rona ya 2016. 

6.    Phemiti e e Kgethegileng ya go Dumelela ka fa Nageng Baagi ba Zimbabwe (ZEP) 

6.1.    Kabinete e sekasekile ZEP e go buiwang ka ga yona thata le go lemoga dikgang tsa maaka tse di tswelelang go gasiwa ka ga diphemiti tse. Phemiti ya ntlha e e kgethegileng ya batho ba kwa Zimbabwe e simolotse ka ngwaga wa 2009 mme e ne e bidiwa Phemiti ya go Thusa go Rulaganyetse Baagi ba Zimbabwe. E ne e rulaganyetsa baagi ba ba nang le matshwanedi ba naga ya Zimbabwe gore ba kgone go ikwadisa ba nne le makwalo a semmuso a a tla ba dumelelang go nna ka fa nageng sebaka sa dingwaga di le tlhano. 

6.2.    Ka ngwaga wa 2014, phemiti eno ya go rulaganyetsa baagi bano e ne ya felelwa ke nako mme paka ya yona ya go dira e ne ya atolosiwa ka dingwaga di le tharo mme ke teng mo e neng ya bidiwa Phemiti e e Kgethegileng ya go Dumelela ka fa Nageng Baagi ba Zimbabwe. ZEP ya ga jaana e ne ya tsenngwa tirisong ka ngwaga wa 2017 mme yona e tla felelwa ke nako ka la bo 31 Sedimonthole 2021. 

6.3.    Go latela dipuisano, Kabinete e sweditse gore e se tlhole e atolosa paka ya go dira ya phemiti eno. Le fa go le jalo, Kabinete e sweditse go neela ZEP ya ga jaana paka ya dikgwedi di le 12 go utlwela badirisi ba tsona botlhoko. 

6.4.    Mo pakeng e, ba ba tshotseng diphemiti tse ba tshwanetse go dira kopo ya diphemiti tse di maleba go ya ka maemo a bona. Morago ga dikgwedi di le 12 tse, ba ba sa atlegang ba tla tshwanelwa ke go tswa mo Aforika Borwa kgotsa go busediwa kwa nageng ya bona. 

7.    Phetolo yaTsamaiso ya Ditlhopho mo Aforika Borwa go Akaretsa Bontlhopheng ba ba Ikemetseng 

7.1.    Kabinete e dumeletse gore pegelo ya Komitikgakololo ya Ditona (MAC) ka ga Diphetogo tsa Tsamaiso ya Ditlhopho e romelwe kwa Palamenteng. Diphetogo tsa ditlhopho di tlhagisitswe ke katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e rebotseng Katlholo ka ngwaga wa 2020 gore Molao wa Ditlhopho wa ngwaga wa 1998 (Molao w abo 73 wa 1998) o gataka molaotheo ka ntlha ya fa o re maloko a Kokoanotheomolao le makgotlapeomolao a diporofense a tshwanetse go dirwa fela ke makoko a sepolotiki. 

7.2.    Pegelo ya MAC e tlhagisa ditshitshinyo tsa pholisi tse di ka baakanyang dintlha tse di emang kgatlhanong le Molaotheo tse di leng teng mo Molaong wa Ditlhopho wa ngwaga wa 1998.

8.    Letlhomeso la Dipeelo tse di Beetsweng Makala go Fokotsa go Kueletsa Mesi (di-SET) 

8.1.    Kabinete e dumeletse letlhomeso la SET le le tsamaisanang le ka fao naga ya Aforika Borwa e tla tsenyang tirisong Tumalano ya Paris e e saenilweng ke Khonferense ya Makoko a Dinagatshwaraganelo (UN) a e leng karolo ya Letlhomeso  la Tumalano mo Mererong ya Phetogo ya Maemo a Loapi la ngwaga wa 2015. Letlhomeso le le tla kaela lefapha la puso le le di gogang kwa pele mo go rulaganyeng ditirego tsa go aba le go tsenya tirisong di-SET mo mafapheng a mangwe. 

8.2.    Didiriswa tsa togamaano tsa mafapha a bosetšhaba kgotsa Dipholisi le Dikgatokiletso (MAC) di ikaelela go samagana le kueletso ya mesi mo lekaleng le go ya ka dipeelo tse di beetsweng makala tsa kueletso ya mesi. Di-PAM tsa Lekala di botlhokwa thata mo go tsenyeng tirisong dipeelo tse di beetsweng Makala tsa go fokotsa go kueletsa mesi. E tla re moragonyana fela ga gore Molaotlhomo wa Phetogo ya Tlelaemete e nne molao ya nna teng mo re simololang go tlhalosiwa ka tlhamalalo le go abelwa ka tshwanelo. Tsona di tla sekwasekwa gangwe le gape morago ga paka e nngwe le e nngwe ya dipaka di le tharo mo paka e le nngwe e nang le dingwaga di le tlhano le go lekolwa morago ga sebaka sa dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le tlhano. 

9.    Madi a Ditlamo di Tshwanetseng go a Beela kwa Thoko go Samagana le Merero ya go Fokotsa go Kueletsa Mesi 

9.1.    Kabinete e dumeletse go tsenngwa tirisong ga Dithulaganyo tsa go Arolelana Maikarabelo mo Mading a Ditlamo di Tshwanetseng go a Beela kwa Thoko go Samagana le Merero ya go Fokotsa go Kueletsa Mesi. Thulaganyo e e tla nnang segapeletsa ya Madi a Ditlamo di Tshwanetseng go a Beela kwa Thoko go Samagana le Merero ya go Fokotsa go Kueletsa Mesi e ditlamo tse di kueletsang mesi e mentsi go gaisa di tla tshwanelang go e latela e tla tsenngwa tirisong ka 2023. Thulaganyo eno e tla pateletsa ditlamo tse di kueletsang mesi go gaisa go amogela dielo tse di beilweng tsa go kueletsa mesi ya digase tse di kotsi gore e tla fetola seno mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.  

9.2.    Dithulaganyo tsa go Arolelana Maikarabelo mo Mading a Ditlamo di Tshwanetseng go a Beela kwa Thoko go Samagana le Merero ya go Fokotsa go Kueletsa Mesi e tlhalosa ka botlalo tiro yotlhe ya ka fao thulaganyo eno e tla nnang segapeletsa e tla diragadiwang ka teng le go tlhalosa ka tsenelelo ditsela tse di tla dirisiwang go tlhakanya le go arolelana maikarabelo mo mading a ditlamo di tshwanetseng go a beela kwa thoko go samagana le merero ya go kueletsa mesi mo kgatong ya ntlha le mo dikgatong tse di tla latelang. 

10.    Thulaganyo ya Didika tsa Bommagiseterata 

10.1.    Kabinete e amogetse go konosediwa ga thulaganyo ya didika tsa bommagiseterata tsa diporofense tse di setseng tse nne (Kapa Botlhaba, Foreisetata, KwaZulu-Natal le Kapa Bophirima). Tiro e, e e diragatsang Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, e simolotse ka 2014 ka go rulaganya didika tsa bommagiseterata tsa Gauteng le Bokone Bophirima. Limpopo le Mpumalanga di ne tsa konosediwa ka 2016 mme Kapa Bokone ka 2018. 

10.2.    Pele ga 1994, didika tsa bommagiseterata tsa naga di ne di tlhomilwe go ya ka mmala, e leng se se neng se tsweletsa ditirelo tsa bosiamisi tsa maemo a a kwa tlase go bathobantsho kwa dinagamagaeng tsa maloba, dinaga tse di ipusang le metsesetoropo. 

10.3.    Melelwane e e tshitshinngwang ya mafelotaolo a dikgotlatshekelo e netefatsa phitlhelelo e e lekalekanang ya tsamaiso ya bosiamisi ka Maaforika Borwa otlhe. Tsamaiso e e neng ya tla ka melelwane e, e ne e le tirego e e akaretsang e e neng e akaratsa bommagiseterata, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, Bothati ba Botšhotšhisi ba Bosetšhaba; Boto ya Thuso ya Semolao, Boto ya Melelwane ya Bommasepala le bannaleseabe botlhe ba ba maleba mo diporofenseng tse di amegang. 

11.    Dipholisi tsa Tsamaiso ya Dikgetse tsa Kgotlatshekelo tsa Puso, Botsereganyi le Kemedi ya Semolao 

11.1.    Kabinete e dumeletse dipholisi tse tharo tebang le tsamaiso ya dikgetse tsa kgotlatshekelo tsa puso, botsereganyi le kemedi ya semolao ya puso. Maitlhomo a dipholisi ke go rotloetsa tsamaiso e e manontlhotlho e bile e se tlhwatlhwagodimo ya dikgetse tsa puso tsa kgotlatshekelo. 

11.2.    Dipholisi tse di tlamela ka melawana ka kakaretso e e tshwanetseng go ikobelwa le tsela e e tshwanetseng go dirisiwa ke Kantoro ya Mmueledi wa Puso (OSA) fa a samagana le dikgetse tsa puso tsa kgotlatshekelo. Dipholisi tse gape di tlhoma mekgwatsamaiso e e tlhomameng le go tlamela ka letlhomeso go thusa OSA. Pholisi ya botsereganyi le yona e tlamela ka ditsereganyo tse di maleba mo dikgetseng tse di ka rarabololwang ka ditsela tse di tlhwatlhwatlase tsa kgotlatshekelo. 

11.3.    Dipholisi tse di amogetsweng tse di tla dira jaaka tharabololo ya nakwana fa Molao wa Mmueledi wa Puso, 1957 (Molao 56 wa 1957), jaaka o tlhabolotswe, o santse o sekasekwa.  

C.    Melaotlhomo

1.    Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Melao ya Thuto ya Motheo 

1.1.    Kabinete e dumeletse go romelwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Melao ya Thuto ya Motheo. Molaotlhomo o o tlhabolola Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 (Molao 84 wa 1996) le Molao wa go Thapiwa ga Barutabana, 1998 (Molao 76 wa 1998). 

1.2.    Ditlhabololo tse di tshitshinngwang ke tsa go matlafatsa tsamaiso ya go ithuta mo thutong jaaka go solofelwa mo teng ga Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996. Ditlhabololo tse, gareng ga tse dingwe, di kgontsha phitlhelelo ya botlhe mo dingwageng tse pedi tsa tlhabololo ya thuto mo baneng.  

1.3.    Molaotlhomo o gape o gatelela maikarabelo mo mekgatlong ya taolo ya dikolo, le go tlhalosa dipholisi tsa go amogelwa, puo le meono ya maitsholo mo dikolong. Ditlhabololo tse di tshitshinngwang di tla tokafatsa phitlhelelo ya thuto go barutwana botlhe go ralala naga. 

1.4.    Molaotlhomo o o setse o fetile tsamaiso ya ditshwaelo tsa baagi le bannaleseabe ba ba maleba. 

2.    Molaotlhomo wa Dituediso tsa Lekala la Matlole wa 2021 

2.1. Kabinete e dumeletse go romelwa ga Molaotlhomo wa Dituediso tsa Lekala la Matlole wa 2021 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o o diragatsa Molao wa Taolo ya Lekala la Matlole (FSR) wa 2017 (Molao 9 wa 2017). 

2.2. Molaotlhomo o o tlhoma dituediso mo lekaleng la matlole tse di tla dirisediwang go tlamela ka matlole ditheo tsa lekala la matlole tse di tlhomilweng go ya ka Molao wa FSR wa 2017. O tlhoma gape tuelo e e pateletsegang ya inšorense mo malokong a a kwadisitsweng a koporasi go tlamela ka tshireletso go babeeletsi mo mabakeng a go retelelwa ga banka. 

2.3. Molaotlhomo o o tlhabolola gape Molao wa Matlole a Phenšene, 1956 (Molao 24 wa 1956); Molao wa Dibanka, 1990 (Molao 94 wa 1990); Molao wa Dibanka tsa Tlhakanelo, 1993 (Molao 124 wa 1993) le Molao wa Ditirelo tsa Bogakolodi jwa Matlole le Tsereganyo, 2002 (Molao 37 wa 2002) le go e nyalanya le Molao wa FSR wa 2017 tebang le mekgatlo ya lekala la matlole.

3.    Molatlhomo wa Tokafatso ya Ditlhopho 

3.1.    Kabinete e dumeletse gore Molaotlhomo wa Tokafatso ya Ditlhopho o o sa bolong go emelwa o romelwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo o o tokafatsa Molao wa Ditlhopho wa 1998 go akaretsa bontlhopheng ba ba ikemetseng kwa Kokoanobosetšhaba le dikokoanopeomolao tsa diporofense. 

3.2.    Ka Seetebosigo 2020 Kgotlatshekelo ya Molaotheo e laetse Palamente go siamisa tlhaelo e e leng teng mo teng ga Molao wa Ditlhopho wa 1998 go netefatsa gore bontlhopheng ba ba ikemetseng ba ka tsenela ditlhopho go ya kwa Kokoanobosetšhaba le dikokoanopeomolao tsa diporofense. 

3.3.    Kabinete e tsweletse go dumelela go romelwa ga pegelo ya MAC e e tlhagisang ditsela tse di farologaneng tsa go siamisa dintlha tsa Molao wa Ditlhopho tse di fitlhetsweng di le kgatlhanong le Molaotheo. 

D.    Tiragalo e e Tlang

1.    Matsatsi a le 16 a Boipelaetso Kgatlhanong le Tirisodikgoka e e kgatlhanong le Basadi le Bana ya 2021 

1.1.    Kabinete e dumeletse leano la letsholo la Matsatsi a le 16 a Boipelaetso Kgatlhanong le Tirisodikgoka e e kgatlhanong le Basadi le Bana. Letsholo le la go tsibosa baagi le tla tswelediwa ka fa tlase ga morero: Ngwaga wa ga Charlotte Mannya Maxeke: Matsatsi a le 16 – go tloga mo tsibosong go ya kwa maikarabelong”. Letsholo le ke karolo ya tiro e e tletseng ya leano la puso la Matsatsi a le 365 a boipelaetso a tsiboso le tshireletso mo go fediseng tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana. 

1.2.    Kabinete e ikuela go botlhe ba rona go kgala le go ineela go emisa tshotlako ya basadi le bana mo nageng. Dipalopalo tsa sešweng tsa bosenyi tebang le tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le polao ya basadi tse di rebotsweng ke Tona ya Sepodisi di tshwanetse go nna tlhobaboroko go Maaforika Borwa otlhe a a ikobelang molao. 

1.3.    Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa otlhe go netefatsa gore letsholo le le atametsa naga gaufi le go fitlhelela tshwanelo ya pabalesego ya basadi le bana. Gompieno, 25 Ngwanaitsele, Tona Nkoana-Mashane, o tla thankgolola tshimololo ya letsholo le. 

E.    Melaetsa 

2.    Go akgola

Kabinete e akgola le go eleletsa masego: 

- Rre Damon Galgut, mokwadi yo o fentseng Sekgele sa Buka sa 2021 ka padi ya gagwe, The Promise, e bile ke Moaforika Borwa wa borago go fenya Sekgele se sa Booker. 

- Setlhopha sa Basadi sa Mamelodi Sundowns ka go fenya Liga ya ntlha ya Bommampodi ba Khonfedereišene ya Kgwele ya Dinao ya Basadi e e neng e tshwaretswe kwa Cairo, Egypt. Phitlhelelo e ya maemo a a kwa godimo e tlile go tlhatlosa tlhabololo ya kgwele ya dinao ya basadi mo Aforika Borwa.

3.    Matshidiso 

Kabinete e romela matshidiso go ba losika le ditsala tsa ga: 

- Rre FW de Klerk, yo a neng a na le dingwaga di le 85, yo gape e neng e le moporesite wa mo malobeng wa puso ya pele ga ya temokerasi mo Aforika Borwa yo gape e neng e le Motlatsa Moporesitente mo Pusong e e Neng e Tshwaraganetswe ka 1994. Ene le Moporesitente wa maloba Nelson Mandela ba ne ba abelwa tlotla ya Nobel Peace Prize ka ngwaga wa 1993 go leboga tiro ya bona ya go fedisa gotlhelele puso ya tlhaolele ntle le go duba ntwa, le go tlhoma metheo ya Aforika Borwa o mošwa wa temokerasi. 

- Rre Wilbur Smith, yo a neng a na le dingwaga di le 88, yo gape e neng e le mokwadi yo o itsegeng mo lefatsheng ka bophara yo o rekisitseng dibuka di fela dimilione di le 140. E ne e le mokwadi le moanegi wa dikgang yo o balelwang le bagaka ba dikwalo ba naga ya rona. 

- Rre Tubby Reddy, yo a neng a na le dingwaga di le 62, yo gape e neng e le Motlhankedikhuduthamaga (CEO) wa Komiti ya Khonfedereišene ya Metshameko le Diolimphiki ya Aforika Borwa, yo o dirileng ka botswapelo go tokafatsa metshameko mo Aforika Borwa. 

F.    Go Thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Lucky Charles Mohalaba jaaka CEO wa Inkomati-Usuthu Catchment Management Agency. 
2.    Moporofesara Azwihangwisi Edward Nesamvuni jaaka Monnasetilo wa Boto ya Setheo sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa sa Pharologano ya Botshelo. 
3.    Rre Lemogang Pitsoe jaaka CEO ya African Exploration Mining and Finance Corporation. 
4.    Rre Nasele Nathan Mehlomakulu jaaka Motlatsa Mokaedikakaretso: Tshireletso ya Dijo le Phetolo ya Temothuo mo Lefaphaeng la Temothuo, Thulaganyosešwa ya Lefatshe Tlhabololo ya Metsemagaeng. 

5.    Boto ya Bakaedi ya Letlole la Phimolakeledi:
(i)    Rre Paul Serote (Monnasetilo);
(ii)    Rre Gerald Boitumelo Mokgoro;
(iii)   Rre Tibor Szana;
(iv)   Mme Valerie Manamane Rennie;
(v)    Ngaka Zukiswa Pinini;
(vi)    Mme Ndivhuwo Manyonga;
(vii)   Mme Gys Myburgh McIntosh;
(viii)  Rre Mandla Shezi; 
(ix)    Rre Adam Letshele;
(x)     Ngaka Sethole Reginald Legoabe;
(xi)    Mme Elma Mary Burger; 
(xii)    Moruti Ntombizine Madyibi;
(xiii)   Mme Vuyiswa Miya;
(xiv)   Rre Fani Xaba;
(xv)    Mme Sumaya Hoosen;
(xvi)   Rre Kevin Cowley;
(xvii)   Ngaka Hilko Johannsmeier; 
(xviii)  Rre Jan Mahlangu;
(xix)    Mme Naledi Tsipane;
(xx)     Rre Janek Wilimiec;
(xxi)     Rre Edward Malometje Thobejana; le
(xxii)    Mme Desugee Pillai.

6.    Boto ya Bakaedi ya Tirelo ya Aforika Borwa ya Bosa:
(i)        Mme Feziwe Yolanda Renqe;
(ii)       Mme Mmapula Moreen Kgari;
(iii)      Mme Sandika Daya;
(iv)      Mme Moipone Edith Magomola;
(v)       Rre Mmaphaka Ephraim Tau;
(vi)      Rre Itani Phaduli;
(vii)     Moporofesara Ndivhudzannyi Sylvester Mpandeli; le 
(viii)    Ngaka Grant Reagon Son. 

7.    Boto ya Bakaedi ba Tlhabololo ya Intaseteri ya Kago: 
(i)       Rre Khulile Vuyisile Nzo (Monnasetilo);
(ii)      Moporofesara Susanna Gertruida Bouillon (Motlatsa Monnasetilo);
(iii)     Mme Yvonne Deliwe Mbane;
(iv)     Rre Tumelo Gopane;
(v)      Rre Sibusiso Makhanya;
(vi)     Mme Karabo Joyce Siyila;
(vii)    Mme Moloko Benadette Rabosiwana;
(viii)   Mme Ertia Boitumelo Mokgatle;
(ix)     Mme Celeste Margo le Roux;
(x)      Rre Danny Lesiba Masimene;
(xi)     Mme Thuthuka Siphumezile Songelwa;
(xii)    Mme Bongekile Zulu; le
(xiii)   Rre Khuliso Kennedy Maimela.

8.    Boto ya Bakaedi ba Tirelo ya Motlhokomedi wa Dikema tsa Setšhaba: 
(i)      Mme Marvellous Phindile Mthethwa (Monnasetilo);
(ii)     Rre Sediko Rakolote;
(iii)    Mme Julia Ramataboe;
(iv)    Mme Deshni Subbiah;
(v)     Rre Mthokozisi Daluxolo Xulu;
(vi)    Rre Donovan Vincent Goliath; le 
(vii)   Mme Ntombikayise Sithole.

9.    Boto ya Bakaedi ya Bothati ba Taolo ya Batlhankedi ba Dithoto: 
(i)     Rre Steven Piet Ngubeni (Monnasetilo); 
(ii)    Mme Pamela Nonkululeko Makhubela;
(iii)   Moatefokate Mxolisi Sphamandla Nene;
(iv)   Rre Terry Kevin Johnson;
(v)    Rre Thato Ramaili;
(vi)   Mme Thokozani Radebe;
(vii)  Mme Thuthuka Siphumezile Songelwa;
(viii) Rre Shaheed Peters;
(ix)   Mme Nokulunga Makopo; le
(x)    Mme Pamela Beatrice Snyman. 
(xi)   Mme Veruska Gilbert (Moemedi wa Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Kgaisano)

10.  Boto ya Bakaedi ba Lekgotla la Bosetšhaba la Kwadiso ya Baagi ba Matlo: 
(i)     Mme Nomusa Mufamadi (Monnasetilo);
(ii)    Rre Francois Beukman;
(iii)   Rre Kganki Matabane;
(iv)   Mme Nontuthuko Chiluvane;
(v)    Mme Mandy Jayakody;
(vi)   Rre Refilwe Lediga;
(vii)  Mme Morwesi Ramonyai;
(viii) Mme Siphindile Memela;
(ix)   Mme Nomthandazo Lucia Ncalane-Ngcobo;
(x)    Mme Kedibone Tsiloane;
(xi)   Rre Roy Mnisi;
(xii)  Mme Shelly Huntley;
(xiii) Mme Sasa Subaban; le
(xiv) Mme Zodwa Matiwane. 

11.   Maloko a Lekgotla la Bothati ba Bolaodi ba Loago ba Mafelobonno: 
(i)      Mme Busisiwe Nzo (Monnasetilo);
(ii)     Mme Pulani Thobejane-Mogotsi
(iii)    Mme Lahlane Malema;
(iv)    Mme Sanele Masiza;
(v)     Mme Yvonne Deliwe Mbane;
(vi)    Mme Lebogang Shole;
(vii)   Mme Ayanda Olifant;
(viii)  Mme Zimbini Hill;
(ix)    Mme Confidence Tshilande;
(x)     Rre Kevin Kiewitz;
(xi)    Rre Ashley Latchu; le
(xii)   Rre Mashukudu Maboa.

12.   Boto ya Bakaedi ya Setheo sa Tlhabololo ya Mafelobonno:
(i)     Ngaka Tshilidzi Ratshitanga (Monnasetilo);
(ii)    Mme Marina Dumakude (Motlatsa Monnasetilo);
(iii)   Ngaka Manqoba Soni;
(iv)   Mme Nalini Maharaj;
(v)    Rre Rajesh Makan; le
(vi)   Mme Magdeline Tshabalala.  

Dipotso: Mme Phumla WilliaMme – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building