Skip to main content
x

A.  Merero ya ga Jaanong

1.  Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Dikgato tsa go Lwantshana le Bonweenwee 

1.1.  Gompieno naga ya Aforika Borwa mmogo le dinaga tse dingwe lefatshe ka bophara ba tla keteka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Lwantshana le Bonweenwee ka la bo 9 Sedimonthole 2021 ka moono yo o reng "Gore re nne le bokamoso jo mo go bona go senang bonweenwee re tshwanetse go simolola gompieno, go tshwanetse go simolola ka nna". Moono wa Dinagakopano wa Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Lwantshana le Bonweenwee monongwaga wa 2021 ke yo o reng: "Ke tshwanelo ya gago, e bile ke maikarabelo a gago: Gana bonweenwee ka nnang wa banyana".

1.2.  Bonweenwee, go sa kgathalesege gore ke jwa bogolo kgotsa bonnye jo bo kanakang, e santse e le jo bongwe jwa dilo tse dikgolo tse di re sokodisang thata ka fa nageng e bile bo re kgoreletsa go godisa ikonomi le go thusa baagi. 

1.3.  Kabinete e tswelela go neewa maatla ke dikgato tse di sa okaokeng tsa ditheo tsa molao mo go direng gore botlhe ba go fitlhelwang ba nnile le seabe mo ditiragalong tsa bonweenwee ba di game ba sa di tlhapela. Khomišene ya Diphuruphutso Mabapi le go Goga Puso ka Nko, e e samaganeng le go phuruphutsa ditiragalo tsa bogodu le bonweenwee mo ditheong tsa puso, go tsenyeletsa le mo maphateng a puso, e tla romela Moporesitente Cyril Ramaphosa pegelo ya yona ya bofelo ya go garela tiro ya yona ka Lamatlhatso, 1 Ferikgong 2021.

1.4.  Kabinete e akanya gore mo godimo ga go ribolola gore beng ba ditiro tseno tsa bonweenwee ke bo mang, pegolo eno e tla re neela gape le ditshitshinyo tsa gore re ka dira jang go gagamatsa dithulaganyo tsa rona tsa go thibela bonweenwee.

1.5.  Mo letsholong la naga ya rona la go lwantshana le bonweenwee, Yuniti ya Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) e rometse dikgetse di le dintsinyana kwa Kgotlatshekelo e Kgolo le kwa Lekgotleng la go Sekela Dikgetse tse di Itlhophileng mme ka la bo 31 Mopitlwe 2021 dikgetse tse di latelang di ne di santse di saletse morago: 

- Dikgetse di le 56 di ne di santse di le kwa Kgotlatshekelokgolo go sekiwa molato wa go aba dikonteraka tsa dithendara tse di jang R62 bilione;

- Dikgetse di le 64 di ne di santse di le kwa Lekgotleng la go Sekela Dikgetse tse di Itlhophileng go sekiwa molato wa go aba dikonteraka tsa dithendara tse di jang R6.99 bilione. Matlole a dikonteraka tseno kgotsa boleng jwa tsona ke dituelelo tse di seng mo molaong tse di duetsweng ke ditheo tsa puso e bile seno ke sona se dipatlisiso tsa SIU di samaganeng le sona kwa kgotlatshekelo. 

- Mo ngwageng wa matlole wa 2021/22, SIU e thibetse dituelelo tsa matlole a go rola tiro go duelelwa batlhankedi ba puso ba ba tswileng mo pusong ba ba amegang mo ditirong tseno, ya ba thibela go ka goga madi mo diakhaontong tsa bona le go ba thibela go ka dirisa ditho tsa bona le dikgwebo tsa bona mme madi otlhe a seno fa a kopanngwa a dirang R43 bilion. 

- Moporesitente o saenile ditsiboso tsa semmuso di le robongwe tsa SIU monongwaga o o sekasekilweng wa matlole. 

1.6.    Kabinete e gateletse gore, gore letsholo la rona la go lwantshana le bonweenwee le atlege le tlhoka kemonokeng ya baagi botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa. Fa go na le mofetsho felogongwe gore dilo ga di tsamaisiwe ka tolamo; buletsa bonweenwee joo ka go letsetsa Mogala wa ka fa Nageng wa go Lwantshana le Bonweenwee mo go 0800 701 701. 

1.7.    Kabinete e totobaditse maikemisetso a yona a go sireletsa botlhe ba ba ntshang musi ka sekhurumelo, mmogo le go akgola badiredipuso ba ba nnileng le bogatlhamelamasisi le go nna le nnete mo tirong ya bona ka go utulola bogodu le bonweenwee, le fa ka dinako tse dingwe ba ne ba baya matshelo a bona mmogo le ditsela tseo ba iphedisang ka tsona mo kotsing. 

2.  Go Tlhatloga ka Lebelo ga Ditshwaetso tsa Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19)

2.1.  Kabinete e nopotse lebelo le ditshwaetso tsa COVID-19 di tlhatlogang ka lona mo mafelong a a farologaneng ka fa nageng ya Aforika Borwa mme e ikuela mo baaging botlhe ka fa nageng go tsaya dikgato tse di gagametseng go lwantshana le bolwetse jono mmogo le mefuta yotlhe ya malwetse e bolwetse jono bo e tlhagisang. Mo letsatsing le le fetileng ditshwaetso tse di rekotilweng tsa COVID-19 di fitlha mo go 19 842, mme seno se raya gore mo baaging botlhe ka fa nageng ba le 26.8% ke ba ba tshwerweng ke bolwetse jono. Gone mo letsatsing le le fetileng re latlhegetswe gape le ke matshelo a batho ba le 36 ka ntlha ya jone bolwetse jono jwa COVID-19. 

2.2.  Moento ga o re thuse fela go lwantshana le leroborobo le le setlhogo leno ka go thibela gore re se gatelelwe ke bolwetse mo re ka iphitlhelang re le kwa bookelong kgotsa re thutse botala ka tlhogo, se sengwe gape ke gore o re thusa gore mo isagong re se tshwarwe ke malwetse a mangwe a jona bolwetse jono a a ka bayang matshelo a rona mo kotsing. 

2.3.  Re tshwanetse go tswelela go latela dikgato tsa go tila go tshwaediwa ka go apara dimaseke tse di thibang nko le molomo fa re le fa gare ga batho, re katogane le batho ba bangwe mmogo le go tlhapa diatla tsa rona gangwe le gape ka metsi a sesepa kgotsa go di tsikitletsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole e le kanaka 70% mo go sona. 

2.4.  Re ka thibela go gasa mogare ono ka go tila meletlo e e oketsang ditiragalo tsa go gasaganya twatsi eno jaaka mekete ya go bogela badiragatsi mo diraleng mmogo le meletlo ya go ikentsha bodutu. Rotlhe re ka kgona go lwantshana le twatsi eno ya COVID-19 ka go nna le maikarabelo le go dira gore ka gale re sireletse boitekanelo jwa bao re tshelang le bona le jwa baagi ba bangwe ka fa nageng ya rona. 

2.5.  Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa fa a ne a akgola borasaense ba rona jaaka ba ribolotse gore go na le mogare o mongwe wa COVID-19 o o bidiwang Omicron o le ona o ntseng o tsweletse go ijala mo lefatsheng ka bophara. Kabinete e santse e eme nokeng boikuelo jwa gore go ilediwa ga maeto go tla le go tswa ka fa nageng ya Aforika Borwa go tshwanetse go fedisiwe ka gangwe jaaka e le tiragalo e mabaka a yona a sa utlwagaleng.

3.  Vooma Vaccination Week

3.1.  Go fitlha mo letsatsing la gompieno re setse re dirisitse meento e le 26 781 642. Mo letsholong le le okeleditsweng nako ya go nna mo tirisong la Vooma Vaccination Week go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2021, diketekete tsa batho di tsweletse go tla go tlhabela meento mo mafelong a go tlhabela meento a re a butseng mo nageng ka bophara. Kabinete e ikuetse mo bathong ba ba nang le dingwaga di le 12 go ya kwa godimo go tla go tlhabela meento ntle le go diega. 

3.2.  Mo pakeng eno ya meletlo netefatsa gore wena le batho ba o phelang le bona le babalesegile ka go ya go tlhabela moento kwa go le lengwe le le lengwe la mafelo a a leng gaufi le wena a go tlhabela moento, le fa e le gore ga o a lalediwa gore o tle go enta mme kwa teng o tla kwadisiwa mme morago wa tlhabelwa moento.

3.3.  Mosola wa go tlhabela moento ke gore le fa o ka tshwaediwa ke COVID-19 kgonagalo ya gore o iphitlhele o bobola mo o ka tshwanelwang ke go robala kwa bookelong e nne e e kwa tlase thatathata. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba nnang ka fa nageng ya Aforika Borwa go tsibogela boikuelo jwa gore ba tlhabele moento go nne dipalopalo tse di leng teng tsa batho ba ba amogelwang kwa maokelong ga jaana ke tsa batho ba ba sa tlhabelang moento.

4.  Dipatlisiso tsa Kgweditharo tsa Dipalopalo tsa Badiri (QLFS)

4.1.  Puso e santse e eme ka le le reng e batla go fedisa botlhokatiro jaaka e le e nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse di tobaneng le naga eno. Dipoelo tsa dipatlisiso tsa QLFS tse di ribotsweng ke Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) di bontsha gore dipalopalo tsa batho ba ba tlhokang ditiro di oketsegile ka diphesente di le 0,5 mo dipalopalo tsotlhe tsa botlhokatiro di oketsegileng go tswa mo go diphesente di le 34,4% mo pakeng ya dikgwedi di le tharo tsa bobedi go ya go diphesente di le 34,9% mo pakeng ya dikgwedi di le tharo tsa boraro mo ngwageng ona ono wa 2021. 

4.2.  Puso e tsweletse ka tiro ya yona ya go fitlhelela dipeelo tsa go tsosolosa serodumo sa dikgwebo ka go baakanya dikgwetlho tse di thibelang kgolo ya ikonomi, go tlhodiwa ga ditiro le go fedisa lehuma. Ka go tla ka ditharabololo tse di rileng tse di jaaka go dira dipeeletso tse dikgolo le tse dintsi mo go atiseng mafaratlhatlha, re ka kgona go fetola maemo, ra godisa ikonomi le go tlhola ditiro.

4.3.  Ka tiro ya Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo puso e tswelela ka tiro ya yona ya go ema nokeng dikgwebo tsa ka fa nageng tsa tlhagisodikuno, mmogo le go ema nokeng tsosoloso ya difeme tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa. Khonferense ya Aforika Borwa e e mabapi le Dipeeletso (SAIC) e tswelela go ngokela batho bao ba nang le kgatlhego ya go ka beeletsa ka fa nageng. Fa e sale e simolola ka ngwaga wa 2018, SAIC e setse e kgonne go bokeletsa ditsholofetso tsa go beeletsa mo maphateng a a farologaneng a ikonomi ya rona tse di ka dirang madi a le kanaka R770 bilione. 

4.4.  Puso e santse e eme ka le le reng e tla dirisana le makala otlhe go samagana le dikgwetlho di le tharo tse di leng teng ka fa nageng e bong botlhokatiro, lehuma le go se lekane re se meno. Puso e tla ntsha ga tshwene go dira gore go nne le maemo a a ngokelang dipeeletso ka fa nageng. Puso e tla samagana gape le phetolothefosano ya maemo gore e kgone go atisa ditšhono tse dintsi mo ikonoming tse di tla unngwelang bao mo malobeng ba neng ba sa neelwe ditšhono tseo. 

5.  Leeto la Semmuso la Moporesitente go Etela Dinaga di le Nne kwa Bophirima jwa Aforika

5.1.  Moporesitente Ramaphosa sešweng jaana o rwele baromiwa ba naga ya rona ebong Ditona le ditlhogo tsa dikgwebo go leba kwa nageng ya Nigeria, ya Côte d’Ivoire, ya Ghana le ya Senegal go atisa botsalano jwa batho ba Aforika Borwa le ba dinaga tseno mo diikonoming tsa bona le mo botsalanong jwa batho ba tsona. 

5.2.  Leeto leno la go etela dinaga di le nne le le simolotseng ka la bo 30 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 07 Sedimonthole 2021 le gagamaditse botsalano jwa dinaga le go matlafatsa tirisanommogo e maitlhomo a yona e leng go godisa tirisanommogo mo dikarolong di le dintsi tse di farologaneng mo kontinenteng ya Aforika.

5.3.  Naga ya Aforika Borwa mmogo le dinaga tse dingwe tsa Aforika di utolotse ditšhono tse dingwe tsa go gwebisana tse di dirilweng ke Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe mo botlhe ba unngwelwang ka go lekana, mo gape e bileng dikgwebo tse di gwebisanang le go beeletsa mo kontinenteng ya Aforika di enngwang nokeng thata le go feta.

6.  Letsholo la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng 

6.1.  Jaaka Letsholo la Matsatsing a le 16 la go Ema Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng le lebile bokhutlhong, e santse e le tlhobaboroko gore go santse go le gontsi go re tshwanetseng go go dira go fedisa Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF) mo setšhabeng sa rona.

6.2.  Dikgang tse di sisimosang tsa GBVF, mmogo le tse di ka ga go latlhegelwa ke matshelo ga batswasetlhabelo, di tsweletse go begiwa le mo go yona paka eno le mo letsholong la ngwaga otlhe la go ema kgatlhanong le ditiragalo tseno.

6.3.  Re le setšhaba re a palelwa go thusa ba ba leng mo maemong a a tlhobaetsang mo setšhabeng sa rona jaaka re itlhokomolosa selelo sa bona. Maitsholo a a tswileng mo tseleng ano a go emelela bosula jo banna ba bo dirang a go nyefola basadi ba ba ntshang se se mo mafatlheng a bona a tshwanetse go emisiwa ka gang. 

6.4.  Kabinete e ikuela mo go batho botlhe, segolobogolo banna, gore ba eme ka dinao ba nne le seabe mo go fediseng tirisodikgoka mo basading le mo baneng. Banna ba tshwanetse go goga kwa pele ntwa eno ka go emelela basadi le go begela sepodisi ka ditiragalo tsa GBVF. Ba tshwanetse gape ba bule baagi matlho ka seno le go ruta banna ba bangwe le go tsaya matsapa go thibela GBVF. 

6.5.  Gore re kgone go tokafatsa ka fao re samaganang le tlolomolao mo ditirong tsa thobalano le GBV, puso e butse dikgotlatshekelo di le 106 tse di samaganang le dikgetse tsa tlolomolao ya ditiro tsa thobalano mme ga jaanong e samagane gape le go dira le dikgotlatshekelo tse di samaganang le dikgetse tsa tlolomolao ya thobalano mo baneng ba ba nnye. 

6.6.  Mo kgweding ya Tlhakole 2020 karolo ya bo 55A ya Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bosenyi (Molao wa Tlolo ya Molao wa Thobalano le Ditlolo tse Dingwe tsa Molao tsa Mothale oo) o saenilwe gore jaanong o ka tsenngwa tirisong, mme seno se raya gore fa e sale Dikgotlatshekelo tse di Samaganang le Ditlolo tsa Molao wa Thobalano di nna teng jaanong di tla tlhomiwa go ya ka taolelo ya molao. Karolo ya bo 55A ya Molao ono e naya Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa maatla a go neela kgotlatshekelo nngwe le nngwe fela, e seng fela kgotlatshekelo ya kgaolo, le Karolo nngwe le nngwe fela ya Kgotlatshekelokgolo, tiro ya gore e nne Kgotlatshekelo e e Samaganang le Ditlolomolao tsa Thobalano.

6.7.  Kabinete e ikuetse mo maphateng otlhe a setšhaba go dirisana le puso go dira gore mo ditšhabeng tsa rona botlhe ba babalesege le go sireletsa bao ba bogisiwang. Seno se tla fetoga fa rotlhe re ka nna le seabe, mme gona jaanong ke teng mo go tlhokegang gore re nne le seabe.

B.  Ditshwetso tsa Kabinete

1.  Go Atolosiwa ga Paka ya go Nna mo Tirisong ga Molao wa Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga 

1.1.  Kabinete e neseditse pula tshitshinyo ya Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) e e tshitshinyang dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga go fitlha ka la bo 15 Ferikgong 2022, go ya ka Karolo ya bo 27(5)(c) ya Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002).
1.2.  Maitlhomo a Molao wa Maemo a Masetlapelo a Naga ke go samagana le dikgwetlho tse di itlhophileng tse di tlisiwang ke leroborobo la COVID-19.

2.  Pabalesego mo pakeng ya mekete ya bokhutlho jwa ngwaga

2.1.  Jaaka rotlhe re tla bo re ya go ikhutsa mo bokhutlhong jwa ngwaga, re tshwanetse re se itebatse gore COVID-19 yona ga e ikhutse. Gore wena le ba o tshelang le bona le nne le bonnete jwa gore le babalesegile mo pakeng eno ya matsatsi ano a boikhutso le tshwanetse go ya go tlhabela moento mo lefelong le le gaufi le lona la go tlhabela moento. 

2.2.  Kabinete e ikuela mo bathong botlhe go tswelela go itlhokomela ka go se itshunyetshunye mo boidiiding jwa batho. Fa re dirisana rotlhe re tla kgona go dira gore paka eno ya meletlo mo go rona rotlhe e nne e e itumedisang le e e babalesegileng ka go dira gore re se kganne re itshietse. Re tshwanetse go obamela melao yotlhe ya tsela, mmogo le yona ya go obamela lebelo le le beilweng mo ditseleng. Tla rotlhe re direng bonnete jwa gore re fitlha ko re yang teng botshelo bo santse bo le mo nameng. 

2.3.  Kabinete e ikuela mo batsading le mo bagodising ba bana go tlhokomela bana ka leitlho le le ntšhotšho, segolo jang kwa mafelong a boitapoloso a a jaaka koo go thumelwang teng kgotsa fa ba le gaufi le metsi. Ntshang matlho dinameng go netefatsa gore le nna le paka ya meletlo e e babalesegileng fa le jetse nala mafelo a boikhutso kgotsa fa le le kwa mafelong a boitapoloso. Fa go na le sengwe se o se belaelang ka gang letsetsa mapodisi mo go 10111 kgotsa o begele yo mongwe yo a leng gaufi wa batlhankedi ba phemelo.

C.  Melaetsa 

1.  Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

- Moporesitente Ramaphosa go latela gore a abelwe maemo a tlotlo a doctorate Honoris Causa ke Yunibesiti ya Cheikh Anta Diop kwa Dakar, kwa nageng ya Senegal, e leng e nngwe ya diyunibesiti tse di tlotliwang tsa maemo a a kwa godimo tsa kontinente ya Aforika le mo lefatsheng ka bophara. Dingwaga di le 29 tse di fetileng Moporesitente Nelson Mandela le ene o kile a abelwa maemo a tlotlo ona ano fa naga ya rona e ne e santse e le ka fa tlase ga kgatelelo. Ke tlotla e e seng kana ka sepe go bo Moporesitente Ramaphosa go abelwa tlotlo eno mo ngwageng yo naga ya rona e tla bong e keteka dingwaga di le 25 e ntse e dirisa Molaotheo o e saleng o saenelwa gore e nne molao gare ga melao.

- Setlhopha sa Metshameko sa Blitzboks jaaka se fentse metshameko e le mebedi mo dibekeng di le pedi mo dikgaisanong tsa metshameko e e tlotlegang ya rakabi ya Dubai Sevens. 
 

2.  Melaetsa ya Matshediso
 
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa: 

- Rre Ebrahim Ismail Ebrahim, yo a neng a na le dingwaga di le 84, yo e neng e le Motlatsatona wa Lefapha la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba (DIRCO). Rre yono, yo ditsala tsa gagwe le balekoko la gagwe ba neng ba mmitsa Ebie, botshelo jwa gagwe jotlhe o bo neetse kgaratlhelo ya kgololesego le temokerasi, e bile o dirile ka natla go aga Aforika Borwa e e botoka e botlhe ba tla tshelang mo go yona.

- Moambasatara Lindiwe Mabuza, yo a neng a na le dingwaga di le 83, yo e neng e le motipolomate wa bogolotala, mmoki, mokgaratlhedi wa ditshwanelo tsa basadi le molwelakgaratlho yo a okameng maemo a le mantsinyana a a farologaneng a botipolomate. Ka ngwaga wa 2014 o ne a abelwa Order of Ikhamanga ya selefera "go leboga tiro ya gagwe e e tswileng diatla ya go kopanya botaki le go dirisa ditiro tsa boitshimololedi go fitlhelela temokerasi - e leng seo se bontshang sentle gore tiriso ya setso e nnile le seabe se segolo mo go re thuseng gore re bone temokerasi".

D.    Go Thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

  1. Ngaka Sean Douglas Philips – Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe.
  2. Moatefokate Alison Gay Bengtson – Motlatsamokaedikakaretso (DDG) mo Lekaleng la go Disa le go Tlhokomela Molawana wa Dithuto tsa Dikolo mo Lefapheng la Thuto ya Motheo.
  3. Mme Busisiwe Iris Letompa – DDG mo Lekaleng la Ditiro tsa Diporofense mo Lefapheng la Temothuo, Pusetsodinaga le Tlhabololo ya Metsemagae.
     

4.  Go okediwa ga paka ya tiro ya ditokololo tsa Lekgotla la Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa:

  1. Moporofesara David Everatt (Monnasetulo);
  2. Rre Ian Assam (Motlatsamonnasetulo);
  3. Rre Faldie Esau 
  4. Mme Reshoketswe Mokobane;
  5. Mme Blanche Motsosi;
  6. Ngaka Jacky Galpin;
  7. Ngaka Ariane Neethling;
  8. Ngaka Thabi Leoka;
  9. Rre Ettiene le Roux;
  10. Rre Wandile Sihlobo;
  11. Mme Nompumelelo Nzimande;
  12. Mme Vuyelwa Mantyi (moemedi wa porofense ya Kapa Botlhaba);
  13. Mme Zeenat Ishamial (moemedi wa porofense ya Kapa Bophirima);
  14. Rre Kuberin Packirisamy (moemedi wa porofense ya Kapa Bokone);
  15. Rre Thulani Bhengu (moemedi wa porofense ya KwaZulu-Natal);
  16. Moporofesara Andries Monyeki (moemedi wa porofense ya Bokone Bophirima);
  17. Ngaka Nomusa Mlondo (moemedi wa porofense ya Mpumalanga); le
  18. Ngaka Modjadji Malahlela (moemedi wa porofense ya Limpopo).
     

5.  Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tlhabololo ya Motlakase

  1. Rre Sicelo Goodwill Xulu (Monnasetulo);
  2. Mme Lungile Mtiya (Motlatsamonnasetulo);
  3. Mme Abegail Boikhutso; 
  4. Mme Mary Tumelo Mashabela;
  5. Rre Jongikhaya Witi (Tokololo ya go ya go ile ya Lefapha la Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapile le Tikologo (DFFE));
  6. Mme Olga Chauke (Tokololo e e refosanang maemo ya DFFE);
  7. Mme Lize Baron (Tokololo ya go ya go ile ya Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (the dtic));
  8. Rre Gerhard Fourie (Tokololo e e refosanang maemo ya the dtic);
  9. Rre Mthokozisi Mpofu (Tokololo ya go ya go ile ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE); le 
  10. Mme Nomawethu Qase (Tokololo e e refosanang maemo ya DMRE).

6.  Banka e e Thusang Balemi ba Mafatshe ka fa Nageng

(a)  Mme Khensani Mukhari – Mokaedi wa Khuduthamaga.
Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Banka e e Thusang Balemi ba Mafatshe ka fa Nageng
(b)  Mme Nyane Rethabile Nkosi (Monnasetulo);
(c)  Rre Lehlogonolo Andrew Makenete (Motlatsamonnasetulo); 
(d)  Mme Mathane Makgatho;
(e)  Mme Dineo Maithufi;
(f)   Ngaka Johann Frederick Kirsten;
(g)  Mme Thulisile Njapa Mashanda;
(h)  Mme Nonthuthuzelo Pinkie Motshegoa;
(i)   Mme Egashnee Pillay;
(j)   Ngaka Monde Mbovu Tom; le
(k)  Rre Dimitri Wilhem van der Westhuizen;

7.  Boto ya Nakwana ya Sentech

a.  Mme Sedzani Faith Mudau (Monnasetulo);
b.  Mme Veronica Mmakoma Motloutsi;
c.  Mme Mapuleng Moropa;
d.  Mme Tshavhuyo Sesani;
e.  Rre Themba Phiri;
f.   Moatefokate Nkhumeleni Anderson Mudunungu; le
g.  Rre Metusa Mbasa.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

 Union Building