Skip to main content
x

 

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 15 Ngwanaitseele 2017, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Depeeletso

1.1. Kabinete e amogetse peeletso ya R3 bilione e e dirilweng ke Setlamo sa Ford Motor mo Polanteng ya kwa Silverton, Pretoria, Gauteng. Peeletso eno e tla tlhola ditiro tse di maleba le tse di seng maleba go lebilwe tlhagiso e e tla oketsegang ya sejanaga sa yona sa mobetlo wa Ford Ranger.

1.2. Dipeeletso tsa mothale o di bontsha tiro eo re tsweletseng go samagana nayo jaaka puso mo go godiseng ikonomi le go samagana le dikgwetlho tsa botlhokatiro. Ka sekema sa puso mo Lenaaneng la Tlhagiso le Tlhabololo ya Dijanaga sa bokanaka R7.8 bilione,go buletswe dipeeletso tsa ditlamo tsa poraefete tsa bokanaka R28.5 bilione

1.3. Tseno di akaretsa ditsiboso tse di dirilweng ke Toyota tsa maikaelelo a yona a go tlhagisa dijanaga tsa yona tsa mebetlo ya Toyota Hilux le Fortuner.

2. Paka ya Lekgetho ya 2017

2.1. Kabinete e leboga baduelalekgetho botlhe bao ba setseng ba dirile dipusetso tsa lekgetho tsa ngwaga wa lekgetho wa 2016/17.

2.2. Madikokoanyo ao a kokoangwang go tswa mo lekgethong la megolo a kgontsha puso go nna le bokgoni jwa go tlamela ka ditirelo tse di tlhokagalang thata mmogo le go tshegetsa maAforika Borwa a a dikobo dikhutshwane.

2.3. Kabinete e gopotsa baduelalekgetho gore letlha la bofelo la go dira dipusetso tsa lekgetho ke Labotlhano la bo 24 Ngwanaitseele 2017 mme e ba rotloetsa go di tlisa go sa le gale.

3. Kamogelo ya Khonferense ya Naga ya Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae (LED)

3.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipoelo tsa Khonferense ya Bosetšhaba ya LED e e neng e tshwerwe mo malobeng. E ne e tshwerwe go latela boeteledipele jwa Tona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), Rre Des van Rooyen mmogo le Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, Mme Lindiwe Zulu.

3.2. E abelane ka tšhono ya go tlhagisa mogopolo o montšhwa wa LED ya Aforika Borwa o o supetswang tsela ke ditlapele tsa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP). Dipoelo tsa yona di akaretsa le go thankgololwa ga Lekgotla la Aforika Borwa le le Mabapi le Tlhabololo ya Ikonomi (EDCSA), leo maitlhomo a lona e leng go dira lekala la tlhabololo ya ikonomi gore e nne la seporofešenale.

3.3. Jaaka mokgatlho wa seporofešenale, EDCSA e tla laola le go lekola maitshwaro a seporofešenale a badiredi ba le bantsi bao ba tsayang karolo mo matsholong a a farologaneng a a ka ga tlhabololo.

3.4. Kabinete gape e etse tlhoko thankgololo ya hisetori ya Beke ya Lefatshe ya Baitshimololedikgwebo (GEW) kwa 22 e e kwa Sloane, eo e leng khamphase e ntšhwa ya boitshimololedi, ka la bo 10 Ngwanaitseele 2017, mo Tona Zulu a neng a amogetse moitseanape wa lefatshe wa boitshimololedikgwebo, Rre Richard Branson. Khamphase eno ke yone ya ntlha go bulwa ke GEW. E tlamela ka ditirelo tsa tshegetso tse di molemo mo go baitshimololedikgwebo go ralala le Aforika mmogo le phitlhelelo ya lethathama la batlhatlheledi ba boditšhabatšhaba, babeeletsi mmogo le mekgatlho ya tshegetso ya boitshimololedikgwebo.

3.5. Mo nakong ya GEW, batsayakarolo ba ka nna 10 milione ba tsaya karolo mo meketeng, ditiragalong le dikgaisanong di ka nna 35 000 mo dinageng di feta 165 go ralala le lefatshe.

4. Pegelo ya Khomišene ya Heher

4.1. Kabinete e nopotse go rebolwa ka Mosupologo, la bo 13 Ngwanaitseele 2017 ga Pegelo ya Khomišene e e mabapi le Dipatlisiso tse di mabapi le Kgonagalo ya go Dira gore Thuto le Katiso tse Dikgolwane di se duelelwe mo nageng ya Aforika Borwa. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go buisa pegelo eno mmogo le ditlamorago tsa yona mo nageng fa puso yona e santse e tsweletse go sekasekana le ditshtshinyo tsa yona.

4.2. Moporesitente o tla neelana ka tsiboso mabapi le pegelo eno mo tsamaong ya nako go latela gore e sekasekiwe ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng ya Tlamelo ka Matlole a Thuto e Kgolwane mmogo le Komiti ya tsa Matlole ya Moporesitente. Puso e tsweletse ka maikemisetso a yona a go rarabolola marara a a kgoreletsang phitlhelelo ya thuto e kgolwane, mme e ikaeletse go ka fitlhelela tharabololo e e tla nnelang ruri mabapi le tlamelo ka matlole a thuto e kgolwane.

5. Komelelo

5.1. Maemo a metsi a ga jaanong kwa matamong a a tlhobaetsa ka ntlha ya fa go sena pula mme metsi a a mowafala. Ka ntlha ya fa Aforika Borwa e ntse e sa nelwe ke pula go le kalo go ka oketsa metsi a a leng mo metsweding ya rona ya metsi go raya gore naga e santse e le mo maemong a kakafalo. Ponelopele ya maemo a bosa e tlhalosa gore naga e tla nelwa ke dipula tse dintsi mo tshimologong ya Ferikgong 2018.

5.2. Kabinete e batla go netefaletsa baagi gore puso ya naga, ya porofense le ya selegae e dirisana mmogo go netefatsa gore Aforika Borwa ga e kgale metsi. Kabinete e rotloetsa batho botlhe go nna le karolo mo go somareleng le mo go a diriseng ka go se a senye metsi.

6. Zimbabwe

6.1. Kabinete e tshegetsa kgato ya tsereganyo e e tserweng ke Moporesitente Jacob Zuma, mo maemong a gagwe jaaka Monnasetulo wa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) mo go tsibogeleng seemo sa kwa Zimbabwe. O rometse Baromiwa ba Sesole ba ba Itlhophileng, Tona ya Sesole sa Tshireletso ya Naga le Bagale ba Sesole, Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula mmogo le Tona ya Pabalesego ya Puso ya Naga, Moatefokate Bongani Bongo. Ba tla kopana le Moporesitente Robert Mugabe mmogo le Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Zimbabwe. Ka jalo, ba tla tsibosa Moporesitente wa Angola João Lourenço mo maemong a gagwe jaaka Monnasetulo wa SADC mo Lekaleng la Sepolotiki, Sesole le Pabalesego. Kantoro ya Moporesitente e tla abelana ka tshedimosetso e nngwe mo ntlheng eno fa nako e ntse e tsamaya.

7.  Arei ya Sekwere kilometara (SKA)

7.1. Kabinete e amogela diphitlhelelo tsa ikonomi le loago tse di tswang mo peeletsong e go tsepamisiwtsweng mogopolo mo go yona mo tlhabololong ya loago mo kgaolong ya SKA ya Aforika Borwa. Metse e e gaufi le lefelo la SKA e tswelela go unngwelwa go tswa mo diporojekeng tsa thuto le katiso, peeletso mo dikgwebopotlaneng le koketsego ya ditšhono tsa ditiro.

7.2. Lefapha la Saense le Thekenoloji, ka fa tlase ga boeteledipele jwa Tona ya lona, Mme Naledi Pandor, le tla tshwara lenaane la go tsaya karolo ga setšhaba go keteka diphitlhelelo le baagi ba tikologo ya Carnarvon, Kapa Bokone go simolola ka la bo 16 go fitlha ka la bo 19 Ngwanaitseele 2017.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

8. Pegelo ya kgweditharo ya bobedi ya tiragatso ya tiro 2017/18

8.1. Kabinete e akgotswe ka dipegelo tsa kgweditharo ya bobedi ya tiragatso ya tiro tsa 2017/18 (Phukwi go fitlha go Lwetse 2017) tsa makala otlhe a le matlhano. Seno ke karolo ya Lenaanetiro le legolo la Kabinete le le ka ga tekolo le tshekatsheko go tswa mo Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la 2014 go fitlha go 2019.

8.2. Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mmogo le Komiti ya Ditona tsa Makala ba tla tshwara ditsiboso tsa bobegakgang go ka tlharolola kgatelopele e e dirilweng go ya ka dipegelo tseno.

8.3. Mo tsamaong ya nako GCIS e tla rulaganya ditsiboso tseno tsa bobegakgang le go phasalatsa lenaneothulaganyo la tsone mo go www.gov.za

9. Ditsibosopeonakong ka ga letsholo la go tsenya diaterese le go neelana ka diaterese

9.1. Kabinete e tsopoletswe ka ga pegelo ya kgatelopele mo go tsenyeng tirisong Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya go tsenya diaterese mo lenaaneng la batlhophi. Kabinete e leboga kobamelo ka botlalo ya pegelo ya kgatelopele ya dikgwedi di le thataro e e rometsweng kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.

9.2. Go fitlha ga jaanong khomišene ya Ditlhopho e e Ikemetseng (IEC), ka go dirisana mmogo le ditheo tse dingwe tsa puso, e fitlheletse katlego e e kanaka 75% mo go bokeletseng diaterese tsa batho bao ba batlang go ka tsenela ditlhopho. Kabinete gape e ne ya nopolelwa ka ga lenaane le le rulagantsweng ke ba Ditireloposo tsa Aforika Borwa (SAPO) go ka thusa bao ba senang diaterese mo metseng ya bona.

9.3. Kabinete e itumeletse kgatelopele e e setseng e dirilwe go fitlha ga jaana mmogo le tirisanommogo magareng ga SAPO, IEC le ditheo tse dingwe tsa puso mo tirong eno ya porojekeng ya diaterese.

9.4. Kabinete gape e ikuela mo go bao ba iseng ba tsenyedinakong diaterese tsa bona gore ba dire jalo mo bekeng e e latelang ya ikwadisetso ditlhopho ka Mopitlwe 2018.

C. Ditiragalo tse di Tlang

10. Kopano ya bone ya Khomišene ya Dinagapedi (BNC) ya Aforika Borwa-Botswana

10.1. Moporesitente Zuma o tla tsaya leeto la tirelo go tsaya karolo le go nna monnasetulommogo mo Kopanong ya Bone ya BNC ya Aforika Borwa-Botswana e e tla tshwarelwang kwa Gaborone, Botswana ka Labotlhano, 17 Ngwanaitseele 2017.

10.2. Naga ya Aforika Borwa le ya Botswana di kopana ngwaga o mongwe le o mongwe mo maemong a go nna Ditlhogo tsa Dinaga mo letlhomesong la BNC go leba sešwa botsalano jwa bonagapedi mmogo le go buisanela merero e e amang dinaga ka bobedi.

10.3. Dinaga ka bobedi di na le botsalano jo bo tseneletseng jo bo tlhodilweng ke kamano ya ditso tsa tsone le go nna baagisani ba ba gaufi. Di dirisana mo mererong e le mentsi e e akaretsang dipalangwa, kgwebisano le dipeeletso, boitekanelo, merero ya tikologo mmogo le merero e mengwe gape e mentsintsi.

10.4. Aforika Borwa ke mogwebisani yo mongwe wa bagwebisani ba bagolo ba Botswana, ka ditlamo di le mmalwa tsa yone tse ga jaanong di direlang kwa nageng eo.

11. Leeto la Semmuso la Moporesitente wa Puso ya Angola

11.1. Moporesitente Zuma o tla amogela Motlotlegi, Moporesitente wa Rephaboliki ya Angola, João Lourenço, mo Leeto la Semmuso le le tla dirang hisetori mo nageng ya Aforika Borwa go simolola ka la bo 23 Ngwanaitseele 2017. Leno e tla nna Leeto la gagwe la Semmuso la ntlha mo nageng ya rona fa e sale a ikanisediwa go rwala puso mo magetleng a gagwe.

11.2. Dinaga ka bobedi di na le botsalano jwa bogolotala le jwa tirisanommogo fa e sale mo nakong ya fa go ne go kgaratlhelwa kgololesego fa Angola e ne e amogetse le go tshegetsa balwelakgololesego ba Aforika Borwa ba ba neng ba le kwa dikampeng tse di farologaneng kwa nageng eo.

11.3. Kgwebisano le tirisanommogo mo ikonoming magareng ga dinaga ka bobedi e oketsegile go utlwagala, mo ebileng Aforika Borwa e leng mogwebisani yo a di gogang kwa pele wa Angola mo kontinenteng. Ditlamo di le dintsi tsa Aforika Borwa di dira dikgwebo kwa Angola mo makaleng a a farologaneng a a akaretsang setlamo sa dikago, sa meepo, sa dintlo, sa direkisiwa, sa dijo le dino, sa dihotele le botlhabakgobe, sa ditirelo tsa dibaka le tsa boitekanelo.

Mo leetong la gagwe, Moporesitente Lourenço gape o tla ema ka lefoko phuthego ka Labotlhano, 24 Ngwanaitseele 2017 kwa OR Tambo Building mo Pretoria.

12. Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo

12.1. Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa a a tsayang dikgato kgatlhanong le pogiso ya basadi le bana.

12.2. Letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng le tla simolola ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2017. Ono ke ngwaga wa bo 19 wa letsholo leno mo nageng ya Aforika Borwa mme go tla tswelelwa ka lona ka moono yo o reng: “Mpale: Mmogo re Tsweletsa Pele Aforika Borwa yo o Senang Tirisodikgoka”.

12.3. Moporesitente Zuma o tla thankgolola letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo mo Kapa Botlhaba ka Lamatlhatso, la bo 25 Ngwanaitseele 2017. Le tla tsepamisa mogopolo mo tsweletsong e e sa kgaotseng ya Dipusano tsa Bosetšhaba, e e rotloetsang batho go buisana ka leuba la tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV). Seno se tla latelwa ke Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Banna ka Latshipi, la bo 19 Ngwanaitseele 2017, leo le ikuelang mo banneng go tshameka karolo ya bona mo go ageng setšhaba se se bolokesegileng e bile se tshwaragane go ka nna seoposengwe.

12.4. Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le tla tsaya letsholo la bobedi la diyalemowa tsa baagi ka setlhogo sa yona sa Tla re Bueng ka Bosiamisi, leo le tlisang ditirelo tsa puso kwa baaging ka go neela bareetsi tšhono ya go buisana badiredipuso ka dintlha tse di kwa setlhoeng. Go thankgolowla ga Kgotlatshekelo ya Dikgetse tsa Tlolomolao ya Thobalano mo nakong ya letsholo leno go tla netefatsa gape gore go nna bonolo go fitlhelela thulaganyo ya bosiamisi.

12.5. Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore ka go dirisana mmogo re ka fedisa dipogisego. Ka go dirisana mmogo re ka tsaya dikgato go thibela dipogisego fa mo letlhakoreng le lengwe re netefatsa gore re nna le setšhaba se se babalesegileng mo basading le mo baneng.

12.6. Go ikuelwa mo baagi botlhe mo Aforika Borwa go apara lente le le tshweu go bontsha boikuelo jwa maikemisetso a go fedisa leuba leno mo setšhabeng sa rona.

13. Itukisetso ya Letsatsi la Lefatshe ka ga AIDS

13.1. Kabinete e ipiletsa mo go botlhe mo setšhabeng go tsaya karolo mo Labotlhanong wa Lente le le Khibidu go goteletsa kwa pele Letsatsi la Lefatshe ka ga AIDS ka la bo 1 Sedimonthole go fitlha kwa bokhutlhong jwa kgwedi eo. Go apara lente le le khibidu ke sesupo sa tshwaraganelo le maikemisetso a go lwantsha HIV le AIDS.

13.2. Letsatsi la Lefatshe ka ga AIDS ke tšhono ya baagi botlhe go tshwaragana mo go lwantsheng HIV, ba bontshe tshegetso ya bao ba tshelang ka HIV le go gopola bao ba hulereng ka ntlha ya yona. Mokete wa monongwaga o tla tshwarwa ka moono: “Ke Tshwanelo ya Me go Itse Seemo sa Me, Go Thibela Ketegelo ke Maikarabelo a Me”, o o golaganeng le moono wa lefatshe ka bophara o o reng: “Ke Tshwanelo ya Me go Iponela Ditirelo tsa Boitekanelo”.

13.3. Tsenngotirisong eno e e bonatla ya Leano la Togamaano ya Bosetšhaba (NSP) ka HIV, Lehuba le Malwetse a Phetelano ka Thobalano la 2017 - 2022 la Aforika Borwa, leo le leng botlhokwa mo kgatelong pele ya Aforika Borwa mo go fitlheleleng tlhokomelo ya boitekanelo ya batho botlhe jaaka go tlhalositswe mo go NDP, eo e rotloetsang gore go nne le baagi ba ba tshelang ka boitekanelo, ba ba nang le matla e bile ba lekalekana.

14. Beke ya Mtsholo a Naga a Imbizo

14.1. Kabinete e ikuela mo baaging go tsaya karolo mo Bekeng ya bo 7 ya Mtsholo a Naga a Imbizo a a tlang, a a solofelwang go simolola ka la bo 27 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 3 Sedimonthole 2017.

14.2. Ka boeteledipele jwa GCIS, serala seno se rotloetsa dikgolagano tsa dipuisano magareng ga ditokololo tsa khuduthamaga le baagi. E diragala ka nako ya mekete ya ngwagakgolo wa Oliver Reginald Tambo, yo a neng a lwela tekatekano ya batho ba bong jo bo sa tshwaneng. Ditiragalo tseno maitlhomo a tsona ke go tshegetsa Letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo.

14.3. Matsatsi ano a tla tsenngwa mo khalentareng ya naga le go abelanwa mo webesaeteng ya puso (www.gov.za).

D. Melaotlhomo

15. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga tsiboso go ya ka karolo ya bo 74(5) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Maitlhomo ke go simolola thulaganyo mo maemong a bosetšhaba le a porofense go senka maikutlo gore go diriwe diphetogo mo melelwaneng ya porofense tebang le Masepala wa Selegae wa Matatiele kwa Kapa Botlhaba mmogo le kwa mafelong a mangwe a Ba Ga Mothibi kwa Bokone Bophirima.

Maikemisetso a go lebelelwa sešwa melelwane ya porofense a tlhagelela ka ntlha ya fa baagi ba dikarolo tsa dinaga tse di umakilweng ba batla go wela kwa diporofenseng tsa baagisani.

E. Melaetsa

16. Kabinete e akgotse Fora go bo e le naga e e atlenegisitsweng go ka tshwarela kwa go yona Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi sa 2023 mme e leboga boemedi jwa puso, jo bo neng bo eteletswe pele ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa, Tona ya Metshameko le Boitapoloso Thulas Nxesi mmogo le Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika Borwa wa Rakabi, ka tiro e e dirilweng mo go tsholetseng maiteko a Aforika Borwa a go ka tshwarela meletlo eo kwano.

17. Kabinete e akgotse Tona Pandor, yo a abetsweng Kabo ya Morutabaithuti yo o Diphatsa. Kabo eno e neetswe Tona Pandor, ke Molaodi wa Yunibesiti ya Aforika Borwa, Moporesitente wa mo malobeng rre Thabo Mbeki.

Kabo ya Morutabaithuti yo o Diphatsa, e leng e nngwe ya dikabo di le nne, e leboga seabe sa barutabaithuti ba ba diphatsa ba ba dirileng bontle mo thutong le mo go godiseng thuto, go ithuta, tlhabololo ya bokgoni le/dipatlisiso mo dikarolong tse ba di itseng jaaka ba ikitse.

18. Kabinete e akgotse tiro e e dirilweng ke Lefelopatlisiso la Boithutelalefaufau la Aforika Borwa, e leng karolo ya Diphuruphutso tsa Dipatlisiso ka Bophara tsa batsomi ba molokoloko wa Dipholanete bao ba boneng dipholanete tse dingwe tse dintšhwa di le tharo.

19. Kabinete e akgotse batsayakarolo le bafenyi ba Dikabo tsa 2017 tsa Govan Mbeki, tseo di bontshang tlotlo mo go bao ba leng mo lekaleng la kago leo le dirileng bontle mo go ageng dintlo. Dikabo tseno di tla mo nakong eo puso e tsweletseng go keteka kabelo ya dintlo le madulo a puso e thusang ka tlamelo ya matlole mo go one a feta 4.6 milione fa e sale ka 1994.

20. Kabinete e atolosa ditebogo tsa yona kwa dikgatong tsa bogatlhamela masisi tsa ditirelo tsa tshoganyetso, batimamolelo le bao ba ithaopileng go ka thusa go tima molelo o o runtseng kwa Kapa Bophirima.

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

 Union Building