A. Merero ya ga Jaanong
1. Taolo ya go Runya ga Bolwetse jwa Kholera
1.1. Kabinete e neseditse pula boitahaopo jwa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa jwa go leba kwa Hammanskraal go jela baagi bao nala le go buisana le bona.
1.2. O tlhotse a jetse motse oo nala gompieno, Labone wa la bo 08 Seetebosigo 2023, mme leeto leno le neile Moporesitente tšhono ya go ikutlwela ka boene selelo sa baagi ka ga dikgwetlho tse ba lebaganeng le tsona.
1.3. Moporesitente, Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mmogo le Meyara yo Mogolo wa Tshwane ba kgonne go iponela ka matlho a bona seo puso e se dirang mo kgaolong eo mmogo le go neela baagi dikarabo tse di maleba.
1.4. Ditharabololo tsa puso di tsenyeletsa le tsa go romela maokelo a dijanaga kwa mabaleng a motse wa Kanana, Hammanskraal, mmogo le go romela baitseanape ba maphata a a farologaneng go thusa go thibela go anama ga bolwetse jono mme batho ba le makgolokgolo ba alafilwe ka katlego.
1.5. Go samaganwe le tiro ya go dira bonnete jwa gore bakhanselara ba dikgaolo tseno ba dirisa ka tshwanelo madi a go samagana le mafaratlhatlha a metsi. Mo ngwageng o re leng mo go ona ono, go beilwe kwa thoko madi a feta R14 bilione go thusa dimasepala go samagana le tshalelomorago e e leng teng mo mafaratlhatlheng a metsi.
1.6. Kabinete e itumedisitswe ke tirisanommogo e e nnileng teng magareng ga Teropokgolo ya Tshwane le Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mo go logeng maano a go samagana le kgodiso ya Bodutelo jwa go Tlhatswa Metsi jwa Rooiwal, mme tiro eno e tla diragadiwa ka dikgaolo di le tharo mme go tla tlhokagala madi a le kanaka R4 bilione.
1.7. Kabinete e ikuela mo metseng e e amegileng go itlhokomela le go tlhokomela segolobogolo bana.
1.8. Kholera e ka thibelwa ka go dirisa metsi a a tlhatswitsweng. A tlhatswe ka go a bedisa sebaka sa motsotso o le mongwe mme o ka dirisa metsi a a phepa le sesepa go tlhapa diatla. Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go thibela bolwetse jono etela webesaete ya www.gov.za/cholera.
1.9. Puso e rata go leboga mekgatlho yotlhe ya baithaopi mmogo le batho ba bangwe ba ba tsentshitseng letsogo ka go thusana le baagi bano.
2. Pegelo e e ka ga Boleng jwa Metsi
2.1. Kabinete e amogetse Matsholo a go Thibela go Dutla le fa e le Lerothodi le le Lengwe la Metsi a go Nwewa le a Kgeleloleswe mme ona labofelo fa a ne a diragadiwa e ne e le ka ngwaga wa 2013 le wa 2015 ka go latelana ga ona. Matsholo a ke a Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe a go dira bonnete jwa gore melao ya metsi e a obamelwa jaaka lefapha leno e le maikarabelo a le a rweleng mo lekaleng la metsi go ya ka Molao wa Metsi a Naga le Molao wa Ditirelo tsa Metsi.
2.2. Maitlhomo a sedirisiwa seno sa naga ya Aforika Borwa sa go dira bonnete jwa gore melao ya metsi e a obamelwa ke go tokafatsa boleng jwa metsi a a nwewang mo dimasepaleng, tlhokomelo ya metsi a kgeleloleswe mmogo le go tlhokomela seelo sa tlhoko ya ditirelo tseno.
2.3. Kabinete e atlhaatlhile dipegelo tsa dipoelo tsa matsholo ano mo ngwageng wa 2023 mmogo le seabe se a tla nnang le sona, mme tsona di phasaladitswe ka la bo 6 Seetebosigo 2023.
2.4. Dipegelo tseno di bontsha gore go tloga ka motsi wa bofelo o dipegelo tseno di konoseditsweng ka ona boleng jwa metsi a a nwewang bo wetse kwa tlase mme metsi a a sa direng letseno mo lekgethong a oketsegile.
2.5. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tse di tla tsewang ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mo go samaganeng le maemo a ga jaana fa go tla mo go tlhokomeleng metsi a a nwewang le a kgeleloleswe. Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang o tla itsise dikgato tseno tse porofense nngwe le nngwe e tla di tsayang.
3. Motlakase
3.1. Kabinete e itumedisitswe ke dipuisano tse di tshwerweng magareng ga Tona ya Merero ya Motlakase, Ngaka Kgosientsho Ramokgopa mmogo le Tona ya Metswedi ya Dimenerale le Motlakase ya naga ya Mozambique, Carlos Zacarias, tse di ka ga go reka motlakase kwa nageng ya Mozambique go oketsa o o leng teng ka fa nageng gore diyuniti tsa tlamelo ya motlakase di se goge boima.
3.2. Ka ono motsotso, naga ya Mozambique e ka kgona go re rekisetsa dimekawate di le 80 mme mo tsamaong ya nako e tla kgona go e oketsa ka dimekawate tse dingwe gape di le 1 000.
3.3. Kabinete e tsweletse go ikuela mo go maAforika Borwa go ema nokeng letsholo la Tlhokomelo ya Seelo sa Tiriso ya Motlakase mo Marigeng le le thankgolotsweng ke Tona ya Merero ya Motlakase, gore re kgone go boloka motlakase le go dira gore diyuniti tsa tlamelo ya motlakase di se goge boima mmogo le go dira gore mo marigeng re kgone go fokotsa ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri.
3.4. Kabinete e amogetse pegelo ya Tona ya Merero ya Motlakase e e bontshang dilo tse dintšhwa tseo re di fitlheletseng mo go tlhokomeleng diteišene tsa motlakase le dikarolo tse dingwe tsa tirelo eno tse, go naya motlhala, di re thusitseng gore mo matsatsing a a senang go feta a bokhutlho jwa beke re se dirise leokwane la disele gore re nne le motlakase.
3.5. Tona ya Merero ya Motlakase o tla tshwara kopano le bobegakgang kamoso Labotlhano ka ura ya bobedi motshegare go buisana le bona ka dikgang tseno le tse dingwe tse di diragalang.
4. Operation Vulindlela
4.1. Kabinete e amogetse kgatelopele e e dirilweng ka letsholo la operation Vulindlela jaaka e tlhalositswe ke Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Khumbudzo Ntshavheni, mme yona e mabapi le go fetola sebopego sa maphata a tlamelo ya motlakase, mafaratlhatlha a go rwala dithoto, tlhaeletsano ka didirisiwa tsa thekenoloji mmogo le a ditirelo tsa di-visa.
4.2. Palo ya maphata a diphetogo tseno di setseng di konoseditswe mo go ona e oketsegile go tloga mo go a le mararo go ya mo go a le 11 mme mo go a mangwe gape a le 14 tiro eno e ntse e tsamaya sentle. Maitlhomomagolo ke go samagana le matsapa a motlakase mmogo le go tokafatsa tiro ya go rwala dithoto ka diterene, mme bobedi jono ke jona jo bo imetsang kgolo ya ikonomi ya naga ya rona.
5. Lekgotla la Tsamaiso ya Merero ya Moporesitente (PCC)
5.1. Kabinete e eme nokeng boikuelo jwa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa jo a bo dirileng mo kopanong ya PCC ka la bo 02 Seetebosigo 2023 jwa gore kabo ya ditirelo e potlakisiwe gore ditlhokwa tsa baagi di tsibogelwe.
5.2. Moporesitente o laetse lekgotla leno go potlakisa ditiro tsa go tokafatsa kabo ya ditirelo mmogo le go samagana le dikgwetlho tse di leng teng tse di tsamaisanang le molao, tsamaiso le tlhaelo ya dithata le badiredi.
5.3. Mo kopanong eno go tšhotlhilwe gape le diphetogo tsa Molao wa Metsi le tsa Molao wa Ditirelo tsa Metsi gore melao eno e kgone go tswela mosola merero ya metsi.
5.4. Lekgotla le ne la itsisiwe gape le ka ditharabololo tse di dirilweng ke Lefapha la Dipalangwa fa go tla mo ditirelong tsa tshoganyetso mmogo le tsa go baakanya le go tlhokomela mafaratlhatlha mmogo le tiro e kgolo ya go ntsha mo diatleng tsa puso ya porofense maikarabelo a go laola ditsela gore a rwalwe ke ditheo tsa naga gore ditsela tsa diporofense di kgonwe go tlhokomelwa sentle ke Setheo sa Puso ya Aforika Borwa sa Kago ya Ditsela mo Nageng (Sanral).
6. Lefelo la Tlamelo ka Diphatse tsa Dijanaga la Batyi (BACS)
6.1. Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa go bulwa ga BACS kwa Pretoria mme seno se dira gore naga e nne mo maemong a a kwa godimo mo lekaleng la dijanaga. BACS ke karolo ya tikwatikwe e e tlhatlhelelang baagi ka bokgoni e e enngweng nokeng ke Setlamo sa Dijanaga tsa Ford mmogo le sa Motherson, e leng setlamo sa dipente le diphatse.
6.2. Tikwatikwe eno e ema nokeng batlamedi ba ditirelo ba e leng bathobantsho gore le bona ba kgone go ikemela ka bobona mme mo lefatsheng ka bophara ba kgone go gaisana le ba bangwe fa ba sena go konosetsa dithuto tsa bona mo Letsholong la go Tlhatlhelela Baagi ka Bokgoni la Tikwatikwe ya Intaseteri ya Kago ya Dijanaga (di-AIDC).
6.3. Tikwatikwe eno ya BAIC ga jaana e thapile batho ba le 60, mo ba le 30 ba dirang motshegare mme ba bangwe ba le 30 ke ba ba dirang bosigo. Mo godimo ga seno, e samagane gape le go katisa bašwa go ba tlhatlhelela ka bokgoni mo godimo ga jo ba nang le jone.
7. Porojeke ya go Agela Baagi Dintlo tsa Setšhaba ya Lufhereng
7.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go thankgolola Porojeke ya go Agela Baagi Dintlo tsa Setšhaba ya Lufhereng kwa Soweto, e mo go yona go nang le mafelo a bodulo a le 407 a a rentiwang a a agetsweng batho ba ba rileng.
7.2. Matsholo a Puso a Dintlo tsa Setšhaba a thusa baagi ba ba iponelang megolo ka go farologana, a fokotsa tshalelomorago e e leng teng ka mo dintlong mmogo le go dira gore batho ba ba nnang kwa dikamotshaneng tsa kwa morago ga dintlo le ba ba nnang mo mafelong a baipei ba nne mo mafelong a a leng gaufi le ditšhono.
8. Mafaratlhatlha a Ditsela
8.1. Go bulwa ga porojeke ya dimilione di le R56 kwa Estcourt, mo porofenseng ya KwaZulu-Natal, ke karolo ya matsapa a puso a go tokafatsa kgolagano ya tsamaiso ya merwalo mo diteroposelegaeng.
8.2. Tiro e e dirilweng mo porojekeng eno e tsenyeletsa go okediwa ga tsela ya D1252 go tshela sekontiri mo mmileng wa lekgwarana. Tsela eno e golagana le ya N3, e e golaganyang teropo ya eThekwini le ya Johannesburg, e leng se se bulelang ditšhono tsa ditiro mo go bašwa ba ba senang ditiro le batho ba e leng gona ba tsenang mo dikgwebong tsa dikonteraka.
8.3. Jaaka dithoto di feta 60 di tsamaisiwa mo mmileng wa N3, go okediwa ga tsela eno go tla thusa go motsamao wa go tsamaisa dithoto le ditirelo go leba kwa dikarolong tsotlhe tsa naga ya Aforika Borwa le kwa Dinageng tsa Bogare jwa Aforika.
9. Tirisanommogo mo Mererong ya go Thusa Baagi
9.1. Kabinete e itumedisitswe ke tirisanommogo magareng ga setlamo sa meepo sa Impala Platinum kwa Rustenburg mabapi le go agiwa ga moago wa tleliniki mmogo le wa thuto ya bomapimpana jaaka e le karolo ya ona ya go diragatsa Leano la Merero ya go Tlhola Ditiro le go Thusa Baagi.
9.2. Tleliniki ya Freedom Park mmogo le Sekolo sa go Ruta Bomapimpana di neilwe Lefapha la Boitekanelo le Lefapha la Thuto ya Motheo e leng mafapha a porofense ya Bokone Bophirima.
10. Tirisanommogo Magareng ga Puso le Mekgatlho ya Dikgwebo
10.1. Kabinete e amogetse tirisanommogo e e dirilweng magareng ga Puso le Mekgatlho ya Dikgwebo mo tiro e kgolo e tla nnang ya go utolola dilo tse di kgoreletsang kgolo ya ikonomi le go tlhodiwa ga ditiro.
10.2. Maphata a go samaganweng nao ga jaana ke a motlakase, a go rwalwa ga dithoto mmogo le a go lwantshana le bogodu le bonweenwee, mme go samaganwe gape le tiro e nngwe ya go tlhala ditiro.
11. Tshireletsego le pabalesego
11.1. Go tlhokomela le go sireletsa mafelo a bosenyi bo atileng mo go ona, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e beetse kwa thoko R2 bilione e e tla rekang diterouno le dijanaga tse di tla disang maemo a phemelo.
11.2. Madi a le kanaka R65 milione a abetswe diteišene di le 30 tse di kwa setlhoeng mo go lwantshaneng le bosenyi jo bo tseneletseng gore di kgone go lwantshana le dipolao le tse dingwe tsa ditiragalo tsa bosenyi jwa go thulana ga batho ka ditlhogo. Mo godimo ga seno, Mapodisi a a Dirisang Maano a Twantsho ya Bosenyi (TRT) a tla romelwa kwa diteišeneng le kwa dikgaolong tse bosenyi mo go tsona bo ineileng maatla.
11.3. Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e samagane gape le go tokafatsa ditirelo tse di itlhophileng tsa go gata motlhala wa bosenyi, ka go katisa le go tlhatlhelela batlhankedi ba sepodisi kwa diporofenseng le kwa ditikologong tsa baagi go gata motlhala wa basenyi le go ba tshwara ka katlego.
12. Setlhopha sa Baemedi ba go Dira Dipatlisiso se se Ikemetseng
12.1. Kabinete e itumeletse dikgato tsa ga Moporesitente Cyril Ramaphosa tsa go tlhoma Setlhopha sa Baemedi ba go Dira Dipatlisiso se se Ikemetseng se se tla emelwang ke baemedi ba le bararo go batlisisa mabaka a a dirileng gore sekepe sa Naga ya Russia se se bediwang Lady R se eme mo boemelakepeng jwa naga.
12.2. Setlhopha seno se monnasetulo wa sona e leng Phineas Mojapelo yo mo malobeng e neng e le Motlatsamoporesitente wa Moatlhodimogo mo Kgotlatshekelong e Kgolo ya Borwa jwa Gauteng yo e neng e le yo mongwe wa Baatlhodibagolo mo kgotlatshekelong eno o neilwe dibeke di le thataro go sekaseka maemo a molaotheo, a semolao le a mangwe a maikarabelo a go tshwanetsweng go ipapanya nao go lekola gore ga go a nna le ditiragalo tsa tlolomolao tse di dirilweng fa sekepe seno se ne se ema mo boemelakepeng jwa kwa Simon’s Town, kwa Motsekapa, mme e re fa ba konoseditse tiro eno ba begele Moporesitente ka seo ba se utolotseng.
13. Baromiwa ba ba tla Lebang kwa Dinageng tsa G7
13.1. Kabinete e amogetse tshwetso e Moporesitente Cyril Ramaphosa a e tsereng ya go roma baemedi ba ditona go ya go kopana le Dinaga tsa G7 gore ba ye go ba tlhalosetsa ka maemo a naga e a tsereng a go se tseye letlhakore mo ntweng e e runtseng magareng ga naga ya Russia le ya Ukraine.
13.2. Baromiwa bano e tla bo e le Tona ya Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba Naledi Pandor, Tona ya Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo Ebrahim Patel, Tona ya Matlole Enoch Godongwana mmogo le Tona mo Kantorong ya Moporesitente Khumbudzo Ntshavheni.
14. Go Ipaakanyetsa Kopano ya BRICS
14.1. Mo go ipaakanyetseng Kopano ya Bricks e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Phatwe 2023, naga ya Aforika Borwa e tshwere ka katlego Kopano ya Ditona tsa Dinaga tsa BRICS ka la bo 01 Seetebosigo 2023 kwa Motsekapa.
14.2. Kabinete e nopotse ditiragalo tsa go phasaladiwa ga lekwalo la melao ya puso le le ka ga tsiboso ya Molao wa Batipolomate Mabapi le go Sirelediwa le go Tlhokomelwa, e leng selo se se itsegeng se se leng mo molaong fa go tshwarwa dikopano tse di tla tsenelwang ke batlhankedibagolo ba dinaga tsa boditšhabatšhaba mo nageng ya Aforika Borwa.
14.3. Go sirelediwa le go tlhokomelwa gono go mabapi le kopano eno e seng motho ka boene. Seno ke selo se re se dirang mo kopanong e nngwe le e nngwe e e tla tsenelwang ke baromiwa go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba mme e tla tshwarelwa mo nageng ya Aforika Borwa go sa kgathalesege gore e tla tsenelwa ke batho ba maemo a a ntseng jang. Melao eno e tshwanetse go sireletsa kopano le bao ba e tsenetseng gore melao ya naga e se ba ame go fitlha kopano eno e garelwa.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga
1.1. Kabinete e amogetse Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga mo pakeng e e simolotseng ka Diphalane 2022 go fitlha ka Mopitlwe 2023 mme seno ke karolo ya Leano la go Tsamaisa Tiro ya Pakagare (MTSF) 2019-2024.
1.2. Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro e tla re mo tsamaong ya beke kgotsa tse pedi tse di tlang la begela setšhaba ka dintlha tse di leng ka fa pegelong ya kgatelopele e e dirilweng.
1.3. Paka e go samaganweng le yona e tsamaisana le motlakase o o tshabetseng ruri mme seno se dirile gore ditiro tse di emang nokeng ikonomi di goge maoto mmogo le go ama kabo ya ditirelo mo nageng.
1.4. Le fa go le jalo, Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng mo go diragatseng dilo tsa botlhokwa tseo di solofetsweng.
1.5. Kabinete e nopotse gape le letsholo le le solofetsweng la go busetsa maemo sekeng leo le tlhagisitsweng ke maphata a a maleba a tiro eno.
1.6. Ka Diphalane 2019, Kabinete e neseditse pula MTSF, gore e nne leano le puso e tla le dirisang dingwaga di le tlhano go thusa go tsenya tirisong Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba la 2030 mmogo le dithomo tsa ditlhopho tsa Puso ya Borataro.
1.7. Dipegelo tsa ditlhopha tsa lefapha leno di tsepamisitse mogopolo mo dikarolong di le supa tse di botlhokwa tseo puso ya borataro e inopoletseng tsona mme tsona ke: 1: Go aga puso e e nang le bokgoni, maitseo e bile e tlisa tlhabologo; 2: go fetola batsholateu mo ikonoming le go tlhola ditiro; 3: Go samagana le Thuto, tlhatlhelelo ka bokgoni le boitekanelo; 4: Go bokeletsa mogolo wa go thusa baagi ka go ba tlamela ka ditirelo tse di tshepagalang le tse di nang le boleng; 5: Go samagana le dithulaganyo tsa go fedisa go kgaoganya madulo go ya ka sebomorafe, go agela baagi madulo mmogo le go samagana le mebusoselegae; 6: Go ipopa ngatana e le nngwe le go dira gore metse e re nnang mo go yona e nne e e babalesegileng mmogo le; 7: Go itirela Aforika le Lefatshe le botshelo mo go lona bo leng botlhofo.
1.8. E nngwe ya dikarolo tse go dirilweng kgatelopele mo go tsona ke tse di mabapi le go tlhokomela baagi mme eno ke karolo e e botlhokwa mo go tlhokomeleng maAforika Borwa a a dikobo dikhutshwane le mo go direng gore ba iponele letseno.
1.9. Mo ntlheng eno mmogo le mo go diragatseng karolo ya bone e e botlhokwa, matlole a megolo ya go thusa baagi a okeditswe go fitlha go R1 165 bilione mme seno se tokafaditse matshelo a maAforika Borwa a feta a le 18 milione a a dikobo dikhutshwane. Mo go diragatseng ditsholofetso tsa go samagana le masaledi a matsapa a a tlisitsweng ke COVID-19, ka Mopitlwe 2023 maAforika Borwa a feta a le 27 344 a a nang le matshwanedi a ne a setse a duetswe megolo eno.
1.10. Mo pakeng e go samaganweng le yona, mapodisi a gagamaditse dikgato tsa go lwantshana le bosenyi jwa go logelwa maano. Dipalo tsa bagolegwa bao ba atlholelwang kgolegelo ka ntlha ya go utswa megala ya motlakase di tlhatlogile ka diphesente di le 86,7; eno ke tiro e ntle tota segolobogolo fa re lebelela dikgwetlho tse naga e tobaneng le tsona tsa motlakase.
2. Go Thibela Tiro ya Mafelo a Dikgerekgere
2.1. Kabinete e sekasekile pegelo e e ka ga kgatelopele e e dirilweng mo go fokotseng bogodu jwa dikgerekgere le megala ya motlakase.
2.2. Go ne ga phasaladiwa melawanataolo gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga yona.
2.3. Ka gang fa ntlha eno e sena go atlhaatlhiwa, go tla ntshiwa puo ka ga yona.
2.4. Kabinete e boeleditse maikemisetso a yona go dira bonnete jwa gore go tsewa dikgato tsotlhe go samagana le bothata jono jo bo dirileng gore dibilione tsa diranta di senyege mo ikonoming mme seno sa dira gore re nne le motlakase o o tshabetseng ruri le kabo ya ditirelo e e sa direng ka tshwanelo.
C. O a Thapilweng
1. Hosi Pheni Cyprain Ngove o thapilwe go nna Monnasetulo wa Setheo sa Kago ya Dintlo.
D. Molaotlhomo
1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Naga wa Dikgwebopotlana
1.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Naga wa Dikgwebopotlana.
1.2. Maitlhomo a sekwalwa seno ke go kwalola sešwa Molao wa Naga wa Dikgwebopotlana (Molao wa bo 102 wa 1996) mmogo le go neelana ka matla a go dira gore go agiwe Kantoro ya Ditirelo tsa Morarabolodi wa Matsapa a Dikgwebopotlana.
1.3. Ka Ditirelo tsa Morarabolodi wa Matsapa a Dikgwebopotlana, seno se tla gagamatsapa dikgato tsa go se tsee letlhakore mo dikgwebopotlaneng, mme kantoro eno e tla samagana le tiro ya go rarabolola dingongora tsa dikgwebopotlana. Go tsenya tirisong dintlha tse di kwalolotsweng sešwa go tla dira gore lekala leno le tsetsepele le go feta mme seno se tla bulela ditšhono tse dintsi tsa ikonomi jaaka lephata la dikgwebopotlana, tse dikgolo le tse dikgologadi di tla tlhola ditiro.
1.4. Mo godimo ga go tlhoma kantoro eno; dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di laela gape le gore go thapiwe Tlhogo le Motlatsatlhogo mo Kantorong eno; Kantoro eno e neelwe maatla le maikarabelo; e amogele dingongorego, ditaelo, maatla a semolao le a go dira dipatlisiso; Kantoro eno e tsaye ditshweetso; e nne le batlhankedi ba kantoro; Tlhogo ya Kantoro, Motlatsatlhogo mmogo ke Mokaedimogolo ba neelwe maatla a go roma maphata a mangwe a lekala leno.
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa
1.1. Kabinete e ikuela mo setšhabeng, segolobogolo mo bašweng, gore ba keteke mokete wa monongwaga wa Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa, o o tla ketekiwang sebaka sa matsatsi a le mabedi ka la bo 16 le la bo 17 Seetebosigo 2023 kwa Lebaleng la Metshameko la Mangaung, kwa Bloemfontein, kwa porofenseng ya Foreistata.
1.2. Mo matsatsing a mabedi ano, bašwa ba tla nna le tšhono ya go buisana le Ditona le Batlatsatona mmogo le bannaleseabe ba bangwe ka ga ka fao ba ka thusang ka teng go rarabolola dikgwetlho tse naga e tobaneng le tsona.
1.3. Matsatsi a go keteka naga a a jaaka Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa moo maAforika Borwa otlhe go tswa dikhutlonneng tsa lefatshe, go sa kgathalesege gore ke ba ditumelo dife kgotsa mekgatlho efe ya dipolotiki, ba lalediwa go nna le seabe mo go ageng Aforika Borwa yo a tshwaraganetsweng jaaka kgetse ya tsie, yo a senang tlhaolele go ya ka semorafe.
2. Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM)
2.1. Go samaganwe le dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa Imbizo ya Moporesitente ya DDM e e tla tshwarwang ka la bo 30 Seetebosigo 2023 kwa Masepaleng wa Tikologo wa uThukela, KwaZulu-Natal, mo puso e tla buisanang le baagi ka dikgwetlho tse ba itemogelang tsona mo kabong ya ditirelo, mmogo le go buisana le bona ka maano a go tlisa tlhabologo.
2.2. Dikopano di le dintsinyana tse di gogwang kwa pele ke Ditona, Bakhuduthamaga le Dimeyara di setse di simolotse go sekaseka maemo a kabo ya ditirelo le go buisana le baagi.
3. Metshameko ya Kgaisanelo ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa sa Ngwaga wa 2023
3.1. Kabinete e ikuetse mo go maAforika Borwa go tlhotlheletsa boitumelo jwa Metshameko ya Kgaisanelo ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa sa Ngwaga wa 2023 e e tla tshamekelwang kwa Cape Town International Convention Centre go tloga ka Labotlhano, la bo 28 Phukwi go fitlha ka la bo 6 Phatwe 2023.
3.2. Metshameko ya Kgaisanelo ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa sa Ngwaga wa 2023 e tla tsenelwa ke dinaga di le 16, mme setlhopha sa naga ya rona sa Proteas le sona ke se sengwe sa ditlhopha tseno.
3.3. Barati ba metshameko go ikuelwa mo go bona go dira naga motlotlo ka go apara mebala ya setlhopha sa naga sa Proteas ka Labotlhano yo mongwe le yo mongwe mme e bile baagi ba kwa Motsekapa le ba bangwe mo dikarolong tse dingwe tsa ka fa nageng go ikuelwa mo go bona go ipaakanyetsa go amogela baeng go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba jaaka go na le kgonagalo ya gore ba ka rata go jela nala dikarolo tse dingwe ka fa nageng.
3.4. Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Bolotloa se tla oketsa boitumelo jo bo tlhodilweng ke Dikgaisano tsa Metshameko ya Lefatshe ya Tenese e e Tshamekelwang mo Tafoleng e e nneng e tshwaretswe kwa Durban sebaka se se ka fa tlase ga kgwedi se se fetileng mmogo le jo bo tlhodilweng ke Sejana sa Lefatshe sa Metshameko e e Tshamekelwang ka fa Teng ga Meago ya Hockey e e neng e tshamekelwa kwa Tshwane ka kgwedi ya Tlhakole.
3.5. Naga ya Aforika Borwa e dira ka manontlhotlho le go dirisa dikgato tse di sa tlwaelegang go ngokela metshameko ya mothale ono e e dirang gore naga e itsege mo lefatsheng e leng seo se tlholang ditšhono tsa ikonomi le go thusa go tlhola ditiro mo makaleng a a farologaneng.
F. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Moporesitente wa Rephaboliki ya Türkiye, Motlotlegi Recep Tayyip Erdoğan, jaaka a tlhophilwe lekgetlho le lengwe gape.
- Moatlhodimogolo Mahube Betty Molemela jaaka a thapilwe go nna Moatlhodimogolo yo a Tsamaisang Kgotlatshekelokgolo ya go Dira Boikuelo ka Dingongorego tsa Dikatlholo tse di Rebotsweng.
- Musa Motha jaaka a tlotlomaditse naga go latela gore a fitlhelele makgaolakgang a bao ba nang le bokgoni mo lenaneong la Britain’s Got Talent. Bokgoni jwa gagwe jwa go bina bo dirile gore baatlhodi botlhe ba dumelane gore a fenye ka go tobetsa mmogo konopi ya Golden Buzzer.
- Setlhopha sa bašwa sa khwaere ya baopedi ya Mzansi Youth Choir se dirile motlholo fa se ne se opela mo lenaneong la America's Got mme se ne sa dira gore baatlhodi botlhe ba dumelane gore ke setlhopha sa ntlha sa baopedi go fenya ka go tobetsa mmogo konopi ya Golden Buzzer. Go fenya ga setlhopha seno go raya gore jaanong se tla tsena mo makgaolakgannyeng ka Phatwe 2023.
- Moporofesara Taole Mokoena go latela gore a thapiwe go nna Tlhogo ya Kantoro ya Ditirelo tsa Morarabolodi wa Matsapa a Ditirelo tsa Boitekanelo.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa:
- Eusebius McKaiser yo e neng e le mosekaseki, mogasi le mokwadi yo mo tirong ya gagwe a kileng a rwala marapo a mantsinyana a a farologaneng mo lephateng la bobegakgang ka fa nageng ya Aforika Borwa, go akaretsa le go direla seteišene sa seyalemowa sa 702, lekwalodikgang la Mail & Guardian, la Sunday Times, la Business Day mmogo le seteišene sa seyalemowa sa Power fm.
- Motshameki wa mananeo a thelebišene yo a tumileng Patrick Ndlovu yo a nang le sebaka sa dingwaga di feta di le 40 a na le seabe sa gagwe mo lephateng la Aforika Borwa la botsweretshi le setso.
- Mogasi wa dikanale tsa thelebišene le tsa seyalemowa Marietjie Bothma yo a neng a ratiwa thata ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa go bua isiZulu le dipuo tse dingwe tsa Aforika Borwa.
- Puso le baagi ba naga ya India, segolobogolo malapa a batho ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya go sugagana ga terene kwa kgaolong ya Odisha.
Dipotsolotso: Rre Tyrone Seale – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 575 7440