Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa ka ga tsibogelo ya naga ya aforika borwa mabapi le leuba la mogare wa corona
MaAforika Borwa a gaetsho,
E setse e le dibeke di le supa fa gare ga tlhogo fa e sale re nna le kgetse ya ntlha e e netefaditsweng ya tshwaetsego ya mogare wa corona ka fa nageng ya rona.
Go tloga ka ona motsi oo, matshelo a rona rotlhe a fetogile thata tota.
Re le naga re ne ra gapeletsega go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le lenaba leno le le sa bonweng ka leitlho la namana le le bayang matshelo a rona le a ba re ba ratang mo dipharagobeng.
Mme mo pakeng e khutshwanyana re ne ra gapeletsega go fetola ka fao re tlwaetseng go tshela ka teng.
Jaaka re tla bo re tsena mo bekeng ya botlhano ya kgato eno e e sa tlwaelegang ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara – jaaka re leba bokamoso jwa rona ka a mahibidu – re tshwanetse go gakologelwa gore ke ka ntlha ya eng re le mo re leng gone ga jaana.
Mogare yono yo o sa tlwaelegang wa corona, yo go simolotsweng go utlwelwa ka ona kwa teropokgolong ya Wuhan e e kwa China ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola, e gasagane ka lebelo go rala le lefatshe ka bophara.
Go fitlha mo motsotsong ono, go dikgetse tse di netefaditsweng di le dimilione di le 2.6 tse di begilweng lefatshe ka bophara.
Palo ya mmatota ya batho ba ba tshwaetsegileng go na le kgonagalo ya gore e kwa godimo thata go na le e re e itseng.
Mogare wa corona o tlhola bolwetse jo bo bidiwang COVID-19, e leng bolwetse jwa go ama dikarolo tsa mmele mo bathong tsa go hema mme ga jaana ga gona sethibedi kana melemo ya kalafi.
Mogare wa corona o tshwaetsa batho ka go rothelwa ke marothodinyana a a tswang mo nkong kgotsa mo molomong wa motho yo a nang le mogare ono, re ka o topa mo dilong tse re di kgomang ka gale kgotsa fa motho yo a nang le mogare ono a gotlhola kgotsa a ethimola a le gaufi le motho yo mongwe yo a senang one.
Batho ba le bantsi ba na fela le matshwao a a seng bogale; fa ba bangwe bona go se matshwao ape a go bontsha gore ba na le mogare ono.
Go na gape le batho ba ba nnang le matshwao a a bogale mme ba tlhoka go ya kwa sepetlele.
Go le gantsi batho bano e a bo e le batho ba ba godileng mmogo le bao ba nang le malwetse a a tsayang nako go alafega a a jaaka bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa tshukiri, bolwetse jwa go ketefalelwa ke go hema mmogo le bolwetse jwa kankere.
Ba bangwe ba batho bano mo go bona COVID-19 e ba thudisa botala ka tlhogo.
Go ralala le lefatshe lotlhe, batho ba feta ba le 185 000 ba ile maotwana hunyela ka ntlha ya bolwetse jono.
Mo nageng ya rona ya Aforika Borwa, ke batho ba le 75 bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona.
ka ntlha ya lebelo leo mogare ono wa corona o tshwaetsang baagi ka lona, le dithulaganyo tsa maokelo tse di nang le ditlabakelo tse di lekaneng mo dibekeng di se kae fela le tsona di iphitlhela di ketefalelwa.
Tseno ke tsona tse di diragaletseng dinaga di le dintsi mo lefatsheng, mme e bile ke sona seo, re le naga ya Aforika Borwa, re tsereng dikgato tse re di tsereng go leka go se efoga.
Ke maokelo a le mmwalwanyana fela mo lefatsheng – fa tota e le gore a teng – a a ipaakanyeditseng go mekamekana le koketsego e e kwa godimo ya batho ba ba tlhokang kalafo ya bolwetse jo bo gagametseng jwa go retelelwa ke go hema.
Mme fa bolwetse jono bo ka anama ka lebelo, ga gona malao a a lekaneng kwa maokelong, kwa mafelong a balwetse ba ba gatelegileng a di-ICU, ga go didirisiwa tse di lekaneng tsa go thusa go hema, tsa go ipabalela kgotsa melemo go thusa bao ba e tlhokang.
Go gakatsa maemo ano, batho ba ba tshwerweng ke malwetse a mangwe kgotsa ba ba tlhokang go thusiwa ka ditirelo tsa tshoganyetse ba retelelwa ke go bona thuso eno e ba e tlhokang.
Mme ka ntlha ya seno, matshelo a le mantsi a a neng a ka bo a bolokilwe, a re sutlha diatleng.
Ke santse ke boeletsa dintlha tseno – tse bontsi jwa lona jaanong le setseng le di itsi ka botlalo – ka ntlha ya gore di araba dipotso tse di ka ga dikgato tse re di tsereng go fitlha ga jaana e bile di araba dipotso tse di ka ga dikgato tse ke tla di tlhagisang maitseboeng ano.
Go tloga motsing oo re tlhagisitseng gore leuba la mogare wa corona ke bolwetse jo bo tlholang maemo a masetlapelo mo nageng ka Latshipi 15 Mopitlwe 2020, maitlhomo a rona e ntse e le go fokotsa lebelo la go tshwaetswa ke mogare ono.
Re sweditse gore re efoge tlalelano e e seng kana ka sepe mo go tshwaetsegeng le mo go latlhegelweng ke taolo ya palo e e oketsegang ya batho ba ba tlhokang ditirelo tsa boitekanelo.
Leano la rona la go rarabolola dikgwetlho tseno le ntse le ikaegile ka metheo ya go se atumelane, go fokotsa metsamao mmogo le go gagamatsa go itlhwekisa ka gale.
Ka go diegisa go anama ga mogare ono, re bone phatlha ya go ka kgona go baakanya maokelo a rona le go bokeletsa ditlhokwa tsa ditirelo tsa kalafo tse di tlhokagalang go ka re thusa go mekana le koketsego ya ditshwaetsego e re ka se kgoneng go ka e thibela.
Mme ke dikgato tseno tse re solofelang gore ka tsona re tla kgona go boloka diketekete tsa matshelo a batho.
Go totobetse gore go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go nnile le mosola.
Kgato eno mmogo le tse dingwe gape tse re di tsereng – tse di jaaka go tswalela melelwane ya rona – mmogo le go fetola ka fao yo mongwe le yo mongwe wa rona a tlwaetseng go tshela ka teng, kgato eno ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e fokoditse lebelo la tshwaetsano ya leuba leno ka fa nageng.
Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe (WHO) o akgotse naga ya Aforika Borwa gobo e tsere dikgato ka ponyo ya leitlho mmogo le go latela dikeletso tsa saense tse di thusitseng go fokotsa lebelo la tshwaetso ya mogare ono.
Le fa tota go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara e le yona tsela e e kgonang go thibela go anama ga mogare wa corona, ke kgato e re ka se kgoneng go nna ka fa tlase ga yona go ya go ile.
Batho ba rona ba tlhoka go ja. Ba tlhoka go iphedisa. Ditlamo di tlhoka go tlhagisa dikuno le go gwebisana, di tlhoka go dira letseno le go tswelela go tlamela badiredi ba bona ka ditiro.
Ka jalo re sweditse gore go tloga ka Labone 30 Moranang 2020, re simolola go busetsa sekeng ditiro tsa ikonomi ka makgaokgao.
Re tla tsenya tirisong leano la matshosetsi a a lebilweng sešwa mo re tsayang dikgato tse di kelotlhoko tsa go tsereganya mo go fokotseng dikgato tse di gagametseng tsa ga jaana tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.
Re sweditse go tsaya dikgato tseno ka ntlha ya gore go santse go le gontsi go re santseng re sa go tlhaloganye ka lebelo le mekgwa e mogare ono o anamang ka ona mo baaging ba rona.
Dikgato tse re di tsayang jaanong di tshwanetse di nne le boleng e bile di tlhatlosege.
Kgato eno e laeditswe ke dikeletso tsa borasaense ba ba eleditseng gore go emisiwa ka lepotlapotla le ka tsela e e sa laetseng taolo ga melaokiletso go ka tlhola matsapa a a seng kana ka sepe a tshaetsego.
Ga re kitla re tsaya dikgato gompieno gore re lelele kgama le mogogorwana ka moso.
Re tshwanetse go efoga ka gotlhe go bulela ditiro tsa ka fa nageng ka lepotlapotla go go tla re bayang mo matshosetsing a go anama ga bolwetse jono, go go tla rebusetsang gape kwa go sekegeng nakwana ditiro tsa ka fa nageng go go tla bong go gagamaditswe le go feta ya ntlha, jaaka re setse re bone go diregile jalo kwa dinageng tse dingwe.
Re tshwanetse go lepalepanya ditiro tsa go busetsa maemong a ikonomi sekeng le tsa go thibela mogare le go boloka matshelo a batho.
Gore re fitlhelele seno, re tlhagisitse mokgwakgato o o re laelang gore re ka tsaya dikgato dife tse re ka di tsenyang tirisong go ya ka gore phefo mabapi le mogare ono e fokela ntlheng efe mo nageng ya rona.
Mme jaaka e le karolo ya mokgwakgato ono, go tla nna le dikgato di le tlhano tse di mabapi le go samagana le mogare wa corona:
Kgato ya botlhano e tla raya gore go tlhokagala gore re tsaye dikgato tse di boima tota gore re kgone go samagana le go anama ga mogare ono gore re pholose matshelo a batho.
Kgato ya bone e tla raya gore ditiro tse di rileng tsa ikonomi di tla lokololwa gore di diriwe mme di tla letlelewa fela fa di ikamaganya le kobamelo ya melao e e thata e e gagamaditsweng e le go ka thibela tshwaetsano le go runya ga bolwetse jono ditšhabeng tsa rona.
Kgato ya boraro e tla raya gore go fokodiwa kgagamatso ya melaokiletsogo ya go samagana le matshosetsi a mantsi a tshwaetsano, mme go tla tsenyeletswa le e e mabapi le ditiro mmogo le ya ditiro tsa loago.
Kgato ya bobedi e tla raya gore bogale jwa melaokiletso bo fokodiwa gape, fela go tswelelwa ka go diragatsa ditaelo tsa go se atumelane le go iletsa tse dingwe tsa ditiragalo tsa botlhabakgobe le tsa loago go thibela go rupoga go gongwe gape ga mogare ono.
Kgato ya ntlha e tla raya gore ditiro tse dintsi tse di tlwaelegileng di boela sekeng, mme ditaelo tsa boitekanelo tse di ka ga boipabalelo di tla tshwanelwa ke go obamelwa ka dinako tsotlhe.
Go netefatsa gore ditsela tse re tsibogelang ka tsona leuba leno di nepile, go tla nna le dikgato tseo e leng tsa puso ya naga, dikgato tseo e leng tsa dipuso tsa diporofense, dikgato tseo e leng tsa dipuso tsa ditikologo mmogo le tsa dipuso tsa diteropokgolo ka fa nageng.
Ga jaana re mo kgatong ya botlhano, e leng yona e go renang go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka botlalo go samagana le go anama ga mogare ono.
Eno ke yona kgato e e kwa setlhoeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mme re e tsentse tirisong fa go ne go tlhokagala gore re tseye dikgato tse di masisi go ka samagana le tshwaetsego.
Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) le tla nna lone le le tsayang ditshwetso mabapi le gore re tsena mo kgatong efe ya naga morago ga gore le dire ditshekatsheko ka dipalopalo tsa ditshwaetsego mmogo le bokgoni jwa maokelo a rona gore a kgona go tlamela ka thuso go bao ba e tlhokang.
Re dirile go tlala seatla go ka rulaganya dikarolo tse di farologaneng tsa ikonomi le dilo tse di ka tlholang tshwaetsego mo makaleng ao, seabe se re solofelang gore se tla bakiwa ke go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng mo makaleng ao, mosola wa lekala leo mo ikonoming le seabe seo a nang le sona mo matshelong a rona.
Ditona tse di maleba di tla tlhagisa tshedimosetso ka botlalo ka ga thulaganyo ya diintaseteri tse di amegang le gore e nngwe le e nngwe ya tsona e anngwa jang ke kgato e nngwe le e nngwe ya tse di tlhagisitsweng.
Re tla naya intaseteri e nngwe le e nngwe tšhono ya go ka tlhatlhobana le dintlha tseno, mme fa e le gore go sengwe se ba batlang go ka se ntsha mo matshwafong a bona ba ka dira jalo pele go ka gatisiwa mo kuranteng ya puso melawanataolo e mentšhwa.
NCCC e le kopane gompieno go sa le gale mme ba utlwane ka gore kgato ya naga ka maemo a tsiboso ka ga mogare wa corona a tla tlhatlogela go tloga mo go kgato ya botlhano go ya mo go kgato ya bone go tloga ka Labotlhano wa la bo 1 Motsheganong 2020.
Seno se tla raya gore ditiro tse di rileng tsa ikonomi di tla lokololwa gore di diriwe mme di tla letlelewa fela fa di ikamaganya le kobamelo ya melao e e thata e e gagamaditsweng e le go ka thibela tshwaetsano le go runya ga bolwetse jono ditšhabeng tsa rona.
Dikgwebo tse dingwe di tla letlelelwa go ka simolola go dira fela fa di ikamanya le kobamelo ya dipeelo tse di rileng.
Kgwebo nngwe le nngwe e tla tshwanelwa ke go obamela ditaelo tse di rileng tse di tseneletseng tse di ka ga boitekanelo le pabalesego gore di sireletse badiredi ba tsona, mme maano a a mabapi le mafelotirelo a tla tshwanelwa ke go tsenngwa tirisong gore bolwetse jono bo tla elwa tlhoko ka ditsela dife gore go kgonwe go ka thibela go anama ga tshwaetsego ya jone.
Dikgwebo tsetlhe tse di letleletsweng go ka simolola go dira di tla tshwanelwa ke gore di dire jalo ka ka makgaokgao, mme makgaokgao a ntlha e tla nna a go rulaganya mafelotirelo gore a bo a bolokesegile gore batho ba ka boela mo go ona go tla go dira, mme one a tla latelwa ke go boela tirong ga badiri mme le bone ba tla boa ka makgaokgao a a sa feteng nngwe go a le mararo.
Mo maemong a mangwe lekala le ka iphitlhela le sa dire ka botlalo mo kgatong ya bone fa matshosetsi a tshwaetsego a santse a le kwa godimo.
Dintlha tseno ka botlalo di tla totobadiwa mo bekeng e e latelang fa re sena go utlwa maikutlo a botlhe ba ba amegang.
Mo go kgonagalang dikgwebo di tla rotloediwa gore di simolole go dirisa maano a go dira gore badiredi ba bona ba dire ba ntse ba le kwa malapeng a bona.
Badiredi botlhe ba ba ka kgonang go dira ba le kwa malapeng a bona ba tshwanetse go letlelelwa go dira jalo.
Ditona tse di maleba di tla tlhagisa tshedimosetso ka botlalo ka ga go bula dikolo kgato ka kgato mmogo le ditheo tse dingwe tsa thuto.
Jaaka re simolola go okobatsa melaokiletso ga nnyane ga nnyane, go botlhokwa gore bontsi jwa dikgato tsa go samagana le go anama ga mogare ono di tswelele go dirisiwa.
Fa naga e tla bo e tsena mo kgatong ya bone ka la bo 1 Motsheganong 2020:
Melelwane ya naga ya rona e tla tswelela go nna e tswaletswe go bao ba batlang go ya kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba, ntle fela fa e le gore ke maAforika Borwa a a busediwang ka fa nageng kgotsa baagi ba boditšhabatšhaba ba ba batlang go boelwa kwa dinageng tsa bobona.
Ga go maeto a go leba kwa diporofenseng tse dingwe a a tla letlelelwang ntle le fa e le gore ke dipalangwa tse di rweleng merwalo go leba kwa diporofenseng tseo kgotsa fa e le gore go na le mabaka a a utlwagalang a a jaaka go ya lesong.
Dipalangwa tse di namelwang ke baagi di tla tswelela go dira, mme palo ya banamedi e tla laolwa mmogo le gore dipalangwa tseo di tshelwe dibolayamegare nako nngwe le nngwe pele di nametsa go akaretsa le gore botlhe ba ba namelang ba tshwanetse go apara dimaseke tsa go hema.
Baagi ba rotloediwa go nna kwa malapeng a bona, ntle le fa e le gore ba tsaya maeto a a botlhokwa, fa e le gore ba ya tirong mo ditiro tsa bona di leng tsa botlhokwa e bile ba dira mo makaleng a a laolwang ka kelotlhoko e e seng kana ka sepe. Batho ba ka ikatisa mme ba tshwanetse go obamela ditaelo tse di gagametseng tsa boitekanelo mo baaging.
Dikopano tsotlhe, ntle le fa e le gore di mabapi le phitlho kgotsa tiro, di tla tswelela go nna ka fa tlase ga kiletso.
Batho ba ba setseng ba godile, mmogo le bao ba nang le malwetse a a rileng, ba tshwanetse go nna kwa dintlong tsa bona mme ba tseye dikgato tse dingwe gape tsa go ikatosa mo bathong ba bangwe.
Motsoko o tla letlelelwa go ka simolola go rekisiwa.
Bontsi jwa dilo tse di ka rekisiwang bo tla tsenyeletsa le tse dingwe tsa tlaleletso. Tsona di tla tlhalosiwa ka botlalo ke ditona tse di maleba.
Go botlhokwa go ela tlhoko gore e mengwe ya melaokiletso e tla tswelela go dirisiwa go sa kgathalesege gore re mo kgatong efe fa fela go santse go na le matshosetsi a tshwaetsego:
Mafelo a notagi a tla tswelela go nna a tswaletswe.
Mafelo a go tshwarela dikhonferense le dikopanokgothakgothe, mafelo a boitapoloso, a di-cinema, a metshameko ya serala le a dikonsarata a tla tswelela go nna a tswaletswe.
Dikopano ka dikonsarata, metshameko le tsa dikereke, setso le dikopano tsa boitapoloso ga di kitla di dumelelwa go ka diragadiwa go fitlha seemo se digela le go babalesega gore di ka tshwariwa.
Mogare wa corona o anama ka ntlha ya batho fa ba kopana.
Fa batho ba sa tsamaye, le mogare ono le ona ga o kitla o kgona go tsamaya.
Re itse seno ka ntlha ya gore, go naya fela motlhala, kwa lesong lengwe kwa Port St Johns mmogo le kwa kerekeng nngwe kwa Mangaung go bakile ditshwaetso tse di seng kana ka sepe kwa diporofenseng tsa metse eo.
Mo bopaking jo bo totobetseng jo re nang le bona, re itse sentle gore 75% ya dikgetse tse di netefaleditsweng e le tsa bao ba nang le mogare wa corona ke tseo di leng mo mebasepaleng ya diteropokgolong di le thataro – Johannesburg, Ekurhuleni, Cape Town, Buffalo City, EThekwini le Mangaung.
Ka jalo go botlhokwa thata gore re dire sengwe le sengwe se re ka se dirang gore re iletse motsamaong wa batho – mmogo le go fokotsa kamano ya rona le batho ba bangwe – le fa tota seo se le kgatlanong le ka fao re tlwaetseng go tshela ka gone.
Kwa bofelong le gale e tla nna maitsholo a rona re le baagi gore go anama ga mogare ono go anama ka lebelo le le kanakang.
Fa rotlhe re obamela melaokiletso e e leng teng le go latela dikaelo tsa boitekanelo tsa puso, re tla kgona go laola mogare ono mme re ka se tlhoke go tsenya gape tirisong dikiletso tse di gagametseng.
Re ka thibela go anama ga mogare wa corona ka go dira dilo di le mmalwa:
Ka go tlhapa diatla tsa rona ka gale ka metsi a sesepa kgotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole.
Ka go emela bokgakajana jwa mitara o le mongwe magareng ga gago le motho yo o leng gaufi le ene, bogolosegolo bao ba gotlholang le bao ba ethimolang.
Leka gore o se kgome molomo wa gago, nko kgotsa matlho ka ntlha ya gore diatla tsa gago di ka tswa di kopane le mogare wa corona mo dilong tse o tlwaetseng go di dirisa.
Fa o gotlhola kgotsa o ethimola o thibe molomo le nko ya gago ka bogare jwa sejabana ka go koba letsogo kgotsa ka go dirisa thišu, mme thišu eo o e soboke le go e latlha ka gang fa o feditse ka yona.
Jaaka re simolola go fokotsa bogale jwa melaokiletso ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng fa kgwedi ya Motsheganong e roga, re ikuela go maAforika Borwa otlhe gore a apare dimaseke tsa go hema gangwe le gape fa ba tswa ka dintlo tsa bone.
Intaseteri ya rona ya masela le diaparo – go akaretsa le dikgwebopotlatsa tsa rona tse dintsi – di ipaakanyetsa go tlhagisa dimaseke tseno ka bontsi jo ba ka kgonang.
Dikgato tse di gagametseng tse re di tsentseng tirisong go samagana le leuba la mogare wa corona di lepalepanngwe le dikgato tse di gagamatseng tsa maAforika Borwa a le mantsi.
Re tlotlomatsa baoki, dingaka, borasaense le batlhankedi ba ba samaganeng le matsholo a go ya kwa baaging go lekola fa ba na le kgonagalo ya go ka bo ba tshwaetsegile ba e leng bona ba gogang kwa pele letsholo la rona la boitekanelo mo baaging la go samagana le mogare ono.
Re ikemiseditse go netefatsa gore ba na le didirisiwa tsotlhe tse ba di tlhokang – go tsenyeletsa le didirisiwa tse di lekaneng tsa go ipabalela mmogo le tse dingwe tse di botlhokwa – gore ba kgone go dira tiro e ba kopiwang gore ba mekamekane le yona.
Jaaka re lokolola ka makgaokgao bogale jwa melaokiletso ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng, re oketsa ka lebelo le ka bontsi matsholo a rona a boitekanelo a go samagana le bolwetse jono mo baaging ba rona.
Re setse re bone matsholo a le mantsi a a okeditsweng mo metseng ya rona a a mabapi le go ya kwa baaging go lekola fa ba na le kgonagalo ya go ka bo ba tshwaetsegile mmogo le a go ba dira diteko.
Mo kgatong ya rona e e latelang ya go samagana le bolwetse jono, jaaka re laelwa ke dikeletso tsa ba WHO mmogo le ba Tikwatikwe ya Kontinente ya Aforika e e Samaganang le Taolo le Thibelaketegelo ya Malwetse, le rona re ipapisitse le dinaga tse dingwe mo kontinenteng ya Aforika tse di beileng kwa setlhoeng matsholo a go ya kwa baaging go lekola fa ba na le kgonagalo ya go ka bo ba tshwaetsegile mmogo le a go ba dira diteko.
Go sa le gale mo bekeng eno, ke ne ka itsisi fa go abilwe madi a mangwe gape a tlaleletso a le kanaka R20 bilione go tshegetsa letsholo la rona la boitekanelo la go samagana le bolwetse jono go netefatsa gore re kgona go nna le malao, melemo, didirisiwa le batlhamkedi ba ba tlhokagalang fa naga e simolola go tobana le palo e e tla tlhatlogang fa batho ba tswelela go tshwaetsega.
Maetsiboeng ano ke batla gape le go akgola bao ba tsweletseng go tlamela ka ditirelo le ditlhagisiwa tse di botlhokwa – bakganni ba diteroko, dithekisi, dibese le diterene; badiredi ba kwa dipolaseng, mabentleleng, madirelong a motlakase, madutelong a metsi, mabentleleng a leokwane, dibankeng le ba kwa ditikwatikweng tsa megala; mmogo le batlhankedi ba ba disang kobamelomelao mmogo le ba tshireletsego.
Ke ka ntlha ya matsapa a lona go bo re kgonne go tshameka karolo e e botlhokwa e re nnileng le yona mo go lwantsheng leuba leno.
E le karolo ya go atolosa matsapa a a tsewang ano, ke thapile masole a feta a le 70 000 gore a tle go thusa ka dikarolo tse dingwe tsa matsholo a rona a go samagana le mogare wa corona.
Go fitlha mo motsing ono, masole a a neng a romilwe go re tswa thuso a ne a thusana le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mo tireleng ya yona ya sepodisi.
Mme ba tla tswelela go thusana le bona, fela ba tla re tswa thuso gape le mo dikarolong tse dingwe tse di botlhokwa, tse di jaaka tlamelo ya metsi, tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto mmogo le go re tlamela ka ditirelo tsa boitekanelo.
Ono ke motsotso o o diphatsa tota mo matsholong a rona a go lwantshana le mogare wa corona.
Ke motsotso o o tlhokang gore re ntshe matlho dinameng.
Ke motsotso o o tlhokang gore re tseye dikgato ka boikarabelo.
Ke motsotso o o tlhokang gore re nne le pelotelele.
Ga go ope yo a sa batleng go boela tirong.
Ga go setlamo sepe se se sa batleng go bula.
Ga go moithuti ope yo a sa batleng go boela sekolong.
Fela rotlhe re a gapeletsega, mo botshelong, go ikentsha ditlhabelo tse di seng kanaka sepe gore re nne le bokamoso jo bo botoka le go dira gore bokamoso jwa batho ba bangwe le bona bo nne jo bo botoka.
Go na le dinako tse di tlhokang gore re itshokele tshotlego le go ketefalelwa ke botshelo, gore re kgone go iphantsha ka kgololesego le go atlega mo isagong.
Mo dibekeng tse di fetileng di le tlhano, re bontshitse lefatshe lotlhe gore naga fa e tshwaragane, e na le maikemisetso e bile e na le sebete go kanakang go e ka go fitlhelelang.
Ga re a tshwanela go ineela jaanong.
Ke le kopa gore le tshwareng ka thata.
Ke le kopa gore le nneng ngatana e le nngwe.
Nnang gae, le ipabalele.
Ke rata go le leboga mo go tsotlhe tse le di dirileng le mo go tsotlhe tse le tla tswelelang go di dira.
A Modimo a tshegofatse naga ya Aforika Borwa le go boloka setšhaba sa yone.
Ke a leboga.