Puo ya ga moPoresitente Cyril Ramaphosa e e ka ga dikgato tsa naga ya aforika borwa mo go samaganeng le leroborobo la mogare wa Corona
Bakaulengwe ba gaetsho,
Dumelang, Riperile, Sanibonani, Molweni, Ndi madekwana, Gooienaand, Good evening.
E setse e le sebaka sa dibeke di le 10 fa e sale re tsibosa gore naga ya rona e tsena mo dikgatong tsa maemo a masetlapelo gore re kgone go samagana le leroborobo la mogare wa corona.
Go tloga motsing oo re tsere dikgato di le dintsinyana le tse di sa tlwaelegang –go tsenyeletsa le tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara – go ka thibela go anama ga mogare ono.
Nkineleng diatla metsing go bo dikgato tseno di le rwesitse maima a a seng kana ka sepe mo matshelong a lona – di le iletsa go ya gongwe le gongwe ko le ratang, go ya ditirong le go le kgoreletsa ka fao le tlwaetseng go itshedisa ka gone.
Ka ntlha ya dikgato tse re di tsereng – mmogo le go itima bontsi jo le itimileng jone – re kgonne go fokotsa lebelo la go tshwaetsega mmogo le go thibela thologelo e e neng e ka se kgone go laolega kwa maokelong a rona.
Re dirisitse tšhono e re e boneng ka go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go rulaganya matsholo a a seng kana ka sepe a go samagana le merero ya boitekanelo mmogo le go ka baakanyetsa thulaganyo ya rona ya boitekanelo go ema sejaro go leta thologelo e e tla nnang teng.
Jaanong jana jaaka re tsena mo kgatong e e latelang ya kgaratlho ya rona kgatlhanong le mogare wa corona, jaanong e tla nna dikgato tse lo di tsayang tse di tla re bolelelang gore re le naga re lebile kae.
Le le baagi ba naga eno ka bongwe jwa lona, ka masika a lona, ka baagi ba mo motseng wa lona, go mo diatleng tsa lona gore a re tla tshwana le dinaga tse dingwe tse dintsi.
kgotsa rona re tla boloka matshelo a baagi ba naga ya rona, ditšhaba tsa rona, mmogo le ikonomi ya rona gore e se aparelwe ke matsapa a mantsi a leroborobo leno.
Re a itsi gore sedirisiwa sa go ipabalela kgatlhanong le mogare ono le sona ga se se se ngamolang tlhoko.
Go tlhapa diatla tsa rona gangwe le gape ka metsi a sesepa, go apara dimaseke, go katoga batho ba bangwe ka sekgala sa mitara le halofo, go itlwaolola go ikgoma sefatlhego ka diatla tse di sa tlhapiwang mmogo le go phepafatsa dilo tse re di tswharang gangwe le gape.
Ke fela ka go obamela dikgato tseno tse di bonolo ka kelotlhoko le ka dinako tsotlhe mo re tla kgonang go sutlha mo dinaleng tsa leroborobo leno.
Ga jaanong dikgetse tse di tlhotlhomisitsweng tsa bao ba nang le mogare wa corona di kanaka 22 583 ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Mme halofo ya batho bano e itharabologetswe, ka ntlha ya fa matshwao a bona a ne a se bogale go le kalo kgotsa ka ntlha ya tlhokomelo ya pholo e ba e neetsweng kwa dipetleleng tsa rona.
Ka bomadimabe, ba bangwe ba le 429 ba batho bano ba thutse botala ka tlhogo.
Mme re romela matshediso a rona go tswa kwa boteng jwa dipelo tsa rona kwa ba malapa a bona, ditsaleng tsa bona, mmogo le kwa badirimmogong ba bona.
Tatlhegelo ya bona ke tatlhegelo le mo go rona.
Go na le dikgetse di feta di le 11 000 tsa bao ba nang le mogare wa corona ga jaana ka fa nageng.
Mo palong eno, ba le 842 ke balwetse ba ba leng kwa dipetlele fa ba le 128 ba palo eno bona ba le mo diphaposing tsa kokelo tsa bao ba bobolang tota mo ba lwelang matshelo a bona le badimo.
Palo ya batho ba ba tshwaetsegileng e ne e ka bo e sa bolo go nna e e kwa godimo tota fa re ka bo re ne re sa tsaya dikgato tse re di tsereng ka nako e re di tsereng mo re neng ra tsenya dikiletso tse di sa tlwaelegang go thibela go anama ga mogare ono.
Ka ntlha ya seno re mo maemong a a botoka thata fa re bapisiwa le dinaga tse dingwe tse dintsi fa di ne di le mo maemong a re leng mo go ona mo go anameng ga bolwetse jono.
Ka ntlha ya dikgato tse di sa tlwaelegang tse re di tsereng go thibela go anama ga mogare ono, re kgonne go ithulaganya mo maokelong a rona.
Go tloga mo motsing wa gompieno, re setse re dirile diteko tsa mogare wa corona di le 580 000 mmogo le ditlhatlhobo di le dimilione di le 12.
Go na le badiredi ba mo metseng ba tsa boitekanelo ba le 60 000 ba ba ntseng ba tsena ntlo ka ntlo go ralala le naga go lekola bao ba ka tswang ba na le mogare wa corona.
Mo go ipaakanyetseng go bona palo e e tla oketsegang ya bao ba tshwaeditsweng, malao a kwa dipetlele a ka nna 20 000 a rulaganngwa sešwa go emela dikgetse tsa COVID-19 mme godimo ga seno, go dipetlele di le 27 tse ga jaana di agiwang go ralala le naga tse di leng kgakajana le madulo a baagi. Dipetlele di le dintsinyana tsa tseno di ipaakanyeditse go ka amogela balwetse ba mogare wa corona.
Re santse re le gona foo, re tobane le dikgwetlho di le dintsinyana, go tsenyeletsa go tlhaela ga didirisiwa tsa melemo ya go lekola bolwetse jono ka ntlha ya go tlhokega thata ga didirisiwa tseno lefatshe ka bophara.
Seno se tlhodile ditiego tse di seng kana ka sepe mo go direng diteko tsa mogare wa corona, mme seno se nnile le seabe se se sa itumediseng mo manaaneng a rona.
Bontsi le lebelo leo re tsibogetseng ka lona seemo seno sa tshoganyetso mo maokelong a setvhaba go a gagamatsa, fela go santse go le go gontsi go re santseng re tlhoka go ka go dira.
Ke sebaka re ntse re itse gore go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go tla fokotsa fela lebelo la go tshwaetsega ka mogare ono, fela go ka se o fedise.
Ntle fela le gore go bonwe moento o batho botlhe ba ka o tlhabiwang wa go thibela bolwetse jono, mogare ono wa corona o tla tswelela go anama mo bathong ba borona. Seno se raya gore re tshwanetse go itlwaetsa go tshela le mogare ono mo matshelong a rona sebakanyana se se rileng.
Go rebotswe matsapa a magolo tota a go batlana le moento wa kalafi, ao Aforika Borwa e leng karolo ya ona.
Puso e tshegetsa le go tlamela ka matlole diporojeke di le dintsinyana tsa dipatlisiso, go tsenyeletsa le leano la go tlhagisa moento wa kalafi ya mogare wa corona ka fa nageng gang fa go setse go na le bao ba ithaopang. Re tla dirisa bokgoni, kitso, mafaratlhatlha le mekgatlho e re nang le yona ka fa nageng e e mabapi le intaseteri ya meento go ka tlhagisa le go abelana ka moento ono.
Re tlhalositse gore fa moento o ka tlhagisiwa ntlheng nngwe le nngwe fela ya lefatshe, go tla tshwanelwa gore go abelanwe ka ona ntle le tuelo epe mmogo le go abelanwa ka selekano magareng ga baagi ba dinaga tsotlhe.
Jaaka borasaense ba bonetsepele, palo ya bao ba tshwaetsegang e setse e simolotse go tlhatloga ka fa nageng ya rona.
Bongwe mo go tharo jwa dikgetse tseno tse di oketsegang ka gale tsa bao ba fitlhetsweng gore ba tshwaetsegile di rekotilwe mo bekeng e e fetileng e le esi.
Mme re tshwanetse go ipaakanyetsa gore palo eno e tla oketsega go ya pele le ka lebelo le le fetang la ga jaanong.
Go dirilwe dithulaganyo di le dintsinyana tse di farologaneng tse di kgonang go bonela kwa pele ka fao mogare ono o tla tsamayang o tshwaetsana ka gone mme seno e le go re thusa go re tlhaba botlhale fa re loga maano le fa re loga maano a go rulaganyetsa tiriso ya matlole.
Dithulaganyo tseno di re bolelela dilo di le pedi tse di botlhokwa.
Ya ntlha, di re bolelela gore mogare wa corona mo nageng ya Aforika Borwa o tla gakala go le maswe pele go ka okobala.
Ya bobedi, e leng yona e e botlhokwa thata go gaisa, di re bolelela gore lebelo, sebaka le seabe sa leroborobo leno di ikaegile ka dikgato tse re di tsayang jaaka re le baagi mmogo le ka maitsholo a rona jaaka re le motho ka mong.
Ka go latela dikgato tse di botlhokwa tsa go ipabalela, re ka kgona go fokotsa dipalopalo tsa bao ba tshwaetsegang mmogo le dipalopalo tsa bao ba yang maotwana hunyela.
La bofelo fa ke ne ke bua le setšhaba, ke tlhalositse gore re tla rebola letsholo la go batla maikutlo a botlhe gore re kgone go bona gore ke dikgato dife tse re ka di tsayang jaanong.
Go tloga ka ona motsi oo, re setse re ikopantse le baeteledipele ba mekgatlho ya dipolotiki e e nang le ditilo kwa palamenteng mmogo le dikgwebo, mekgatlho ya badiri mmogo le mekgatlho ya baagi.
Re tshwere dikopane le Ditonakgolo, Dimeyara, baemedi ba Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (Salga), baeteledipele ba setso le ba ba emetseng dikereke.
Fela jaaka re dirile kwa tshimologong fa re ne re simolola go welwa ke matsapa ano, le jaanong re kopile gape gore
Komiti e e re Fatlhosang ya Ditona mo Mererong ya COVID-19, e leng setlhopha sa baitseanape ba ba itlhophileleng ba serodumo le maemo a a kwa godimo ba ba nang le maitemogelo a a seng kana ka sepe ba saense, dingaka tsa kalafo, dingaka tsa malwetse mmogo le baitseanape mo mererong ya boitekanelo jwa setšhaba, e re tlhabe botlhale.
Re leboga go menagane tiro e ba e dirileng le e ba tswelelang go e dira go netefatsa gore dikgato tsa rona tsa go tsibogela mogare ono di tsamaelana le tshedimosetso le bopaki jwa saense jo bo leng teng ga jaana.
Re leboga dikakanyo tsa bona tse di farologaneng tseo ka dinako tse dingwe di nang le dikgwetlho tse di boima tsa borasaense le tsa batlhankedi ba tsa boitekanelo ka fa nageng ya rona, e leng seo se tlhotlheletsang dingangisano tsa mo phatlalatseng le go matlafatsa dikgato tsa rona mo go tsibogeleng mogare ono.
Re tlhabilwe botlhale gape le ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) mmogo le ke Tikwatikwe ya Kontinente ya Aforika e e Mabapi le go Thibelaketegelo ya Malwetse
Jaaka re mekamekana le leroborobo le le kgoreletsang ka fao maAforika Borwa a itshedisang ka teng, go ne go tlhokega gore re batle maikutlo a batho ba le bantsi ka fao re ka kgonang.
Dikgato tseno tsa go batla maikutlo a batho di ne ditlhokagala go tsewa e bile di nnile le mosola ka ntlha ya gore ka ntlha ya tsona re bone ditshwaelo di le dintsinyana tse di re tlhabileng botlhale.
Di re thusitse go akanya botoka mo pusong, di tlhagisitse boammaruri jwa dikgwetlho tseo batho ba rona mo maemong a a farologaneng ba tobaneng le tsona.
Ditlhopha tse re batlileng maikutlo a tsona tseno di farologane fela jaaka baagi ba Aforika Borwa,
mme tsone tsotlhe di a dumelana gore dikgato tse re di tsereng di ne di siame e bile di tlhokega mo go fokotseng lebelo la tshwaetsego.
Botlhe ba tshwaragane go nna seoposengwe ka le lereng se se kwa setlhoeng e tshwanetse go nna kgang ya go boloka matshelo a batho le go babalela ka fao ba itshedisang ka teng.
Le fa go na le dikakanyo di le dintsinyana tse re sa dumelaneng mmogo mo go tsona, ditlhopha tseno tsotlhe di dumelana ka dikgato tse re tshwanetseng go di tsaya go agelela mo go tse dintle tseo re setseng re di fitlheletse ga jaana.
Le fa tota go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng naga ka bophara go itshupile gore go nnile le mosola, re ka se kgone go tshelela ka fa tlase ga yona go ya go ile.
Re ne ra tsenya tirisong dikgato di le tlhano tse ka tsona re tla supogang mo melaokiletsong e e gagametseng ya COVID-19 ka tsona
Kgato eno ya maano a tebosešwa ya matshosetsi a a leng teng e ikaegile ka dintlha di le dintsinyana, go tsenyeletsa ntlha ya maemo a re leng mo go ona ka palo ya batho ba ba tshwaetsegileng mmogo le lebelo leo ba tshwaetsegang ka lona, bokgoni jwa maokelo go ka samagana le dikgetse tse di runyang, bokgoni jwa go tsenya tirisong bontsi jwa matsholo a tlhatlhobo le kalafi mmogo le ditlamorago tse di tla tswelelang go nna teng mo ikonoming le mo loagong ka ntlha ya dikiletso tseno.
Ke ka ntlha ya seno – mmogo le go sekegela tsebe maikutlo a bao ba re tlhabileng botlhale – go bo Kabinete e tsere tshwetso ya gore naga yotlhe e tsene mo kgatong ya boraro go tswa mo kgatong ya bone go simolola ka la bo 1 Seetebosigo 2020.
Go tsena mo kgatong ya boraro ke sesupo sa kgato e namagadi mo dikgatong tsa rona tsa go samagana le leroborobo leno.
Seno se tla re kgontsha go ka bulela ditiro tsa ikonomi le go khutlisa melaokiletso e le mentsinyana e e iletsang metsamao ya batho, fa ka mo letlhakoreng le leng re atolosa le go gagamatsa ditharabololo tsa rona mo mererong ya boitekanelo jwa setšhaba.
Le fa tota re tla bo re tsena mo kgatong ya boraro go botlhokwa gore tseetsiya ntlha ya gore go dikarolo di le mmalwanyana fela mo nageng mo bolwetse jono bo namileng gone le mo gape bo tswelelang go anama.
Re tla tsaya dikgato tse di farologaneng le tse dingwe go samagana le mafelo ao a nang le palo e e kwa godimo ya batho ba ba tshwaetsegileng le ba ba tswelelang go tshwaetsega.
Mafelo ano a tla bidiwa gore ke a boritelo jwa mogare wa corona.
Mafelo a a nang le mogare wa corona ka bontsi ke mafelo a a nang le batho ba feta ba le batlhano ba ba tshwaetsegang mo palong nngwe le nngwe ya batho ba le 100 000 kgotsa ke mafelo a mo go ona lebelo la bao ba tshwaetsegang le oketsegang ka bonako thata.
Diteropokgolo tse di latelang di tsewa jaaka mafelo a a nang le mogare wa corona ka bontsi: Tshwane, Johannesburg, Ekurhuleni, Ethekwini, Nelson Mandela Bay, Buffalo City mmogo le Cape Town.
Mafelo a mangwe a a tsewang jaaka mafelo a a nang le mogare wa corona ka bontsi a tsenyeletsa le masepala wa tikologo wa West Coast, Overberg le wa Cape Winelands kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, tikologo ya Chris Hani district kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, mmogo le tikologo ya iLembe kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.
Re tlhobaediwa bogolosegolo ke maemo a kwa teropokgolong ya kwa Motsekapa bogolosegolo kwa porofenseng ya Kapa Bophirima,
jaaka ga jaanong e setse e na le palogotlhe ya dikgetse tsa bao ba tshwaetsegileng e ka nna halofo ya palogotlhe ya batho ba ba tshwaetsegileng ka fa nageng
Re samagane le ntlha eno jaaka ntlha e e kwa setlhoeng.
Lenaneo la mafelo a a nang le mogare wa corona ka bontsi le tla sekasekwa gangwe le gape morago ga dikgwedi di le pedi mme seno se tla tlhotlhelediwa ke ka fao mogare ono o tlhatlogang ka gone mo mafelong ao.
Mo go samaganeng le mogare ono mo mafelong ano re tla tsenya tirisong dikgato tse di gagametseng tseo maitlhomo a tsona e leng go fokotsa palo ya bao e leng gona ba simolola go tshwaetsega.
Re tsenya tirisong dikgato tse di matlafaditsweng tsa go disa ditshwaetsego, go tlhokomela le go laola palo ya ditshwaetsego.
Re tla romela ditlhopha tse di nang le maitemogelo go samagana le ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo mafelong a mangwe le a mangwe a boritelo jwa mogare wa corona.
Setlhopha se sengwe le se sengwe sa tseno se tla nna le dingaka tsa malwetse, dingaka tsa malapa, baoki, badiredi ba mo metseng ba ditirelo tsa boitekanelo,
baitseanape ba boitekanelo mo makaleng a puso mmogo le batlhankedi ba ditirelo tsa tshoganyetso, mme botlhe bano ba tla tshegediwa ke baitseanape ba ba tswang kwa nageng ya Cuba.
Re tla golaganya lefelo le lengwe le le lengwe la mafelo a a nang le mogare wa corona ka bontsi le ditirelo tsa go dira diteko, mafelotiriso a go beela thoko bao go belaelwang ba na le mogare, mafelo a go katosa bao ba nang le mogare, matsholo a kalafi, malao a kwa dipetlele le dikgato tsa go gata motlhala bao go belaelwang ba kopane le batho ba ba tshwaetsegileng.
Fa re ka bona go le matshwanedi, karolo nngwe le nngwe ka fa nageng e tla busediwa mo kgatong ya bone kgotsa ya botlhano fa go ka fitlhelwa e le gore karolo eo e retelelwa ke go thibela ditshwaetsego le fa re tsere matsapa a re a tsereng mme go bonagala gore maokelo a rona a tla iphitlhela a samagane le thologelo e e seng kana ka sepe.
Le fa go le jalo, mo nakong e e tlang, ka matsapa a re a tsayang, re tla kgona go tsenya mafelo a palo ya ditshwaetso e leng kwa tlamse mo kgatong ya bobedi kgotsa ya ntlha.
Go tsenngwa tirisong ga kgato ya boraro kwa tshimologong ya kgwedi ya Seetebosigo go tla raya gore makala mangwe a mantsi a ikonomi a tla busediwa tirong, mme a tla tshwanelwa ke go obamela melawana e e gagametseng ya boitekanelo le ya go katoga batho ba bangwe.
Go bulela ikonomi le ditiro tse dingwe tse dintsi go tla raya gore badiredipuso ba bangwe gape ba bantsi ba tla tshwanelwa ke go boela tirong.
Seno se tla diragala fela ka go latela melawana ya Molao wa Pabalesego le Boitekanelo kwa Tirong mmogo le ka go latela dikaelo tsa Lefapha la Tirelo Tsamaiso ya Puso ka tirisanommogo le a mangwe otlhe a mafapha a puso.
Re leboga tiro eo badiredipuso ba tsweletseng go e dira bogolosegolo bao ba gogang kwa pele ntwa ya go lwantshana le COVID-19.
Pabalesego ya badiri botlhe, go tsenyeletsa le badiredipuso, ke selo se se botlhokwa mo go rona.
Re tla tswelela go dira tsotlhe tse re ka di dirang go netefatsa gore re abelana ka didirisiwa tsa go ipabalela tse di matshwanedi go netefatsa gore botlhe ba babalesegile fa ba le kwa ditirong.
Se se kwa setlhoeng mo go rona ke go fokotsa kgonagalo ya go ka tshwaetswa ke mogare ono le go dira gore mafelotirelo a bolokesege gore botlhe ba kgone go ka direla mo go ona.
Ka jalo re ikuela mo go botlhe ba ba sa tlhokeng go ya tirong kgotsa go ya sekolong gore ba tswelele go nna kwa malapeng a bona.
Batho ba tla letlelelwa go tswa mo dintlong tsa bona go ya go reka dilwana tse ba di tlhokang kgotsa go batla ditirelo tse di tsenyeletsang le tsa tlhokomelo ya boitekanelo.
Batho ba tla letlelelwa gape le gore ba ka ikatisa nako nngwe le nngwe e ba batlang ka yona mo letsatsing, mme seno se tla ilediwa fa e le gore ba dira seno e le ditlhotshwana.
Dikiletso tsa metsamao ya batho tsa go beela batho nako di tla fedisiwa.
Notagi e tla rekisiwa fela go ya go nwelwa kwa malapeng a batho mme seno se tla latela melao e e gagametseng tota, e tla rekisiwa ka matsatsi a a rileng le ka diura tse di rileng.
Ditharabololo mo ntlheng eno di tla itsisiwe gang fa re setse re konoseditse dipuisano le lekala leno ka ga maemo a le mantsinyana a a farologaneng.
Go rekisiwa ga motsoko go tla tswelela go ilediwa fa re tsena mo kgatong ya boraro ka ntlha ya dikotsi tse dintsi tse di leng teng mo boitekanelong ka ntlha ya go goga motsoko.
Mefuta yotlhe ya dikopano e tla tswelela go ilediwa, ntle fela le fa e le gore go na le leso, mme le teng ga go a tshwanela go kokoana batho ba feta ba le 50, kgotsa dikopano tsa kwa tirong.
Mafelo otlhe a a amogelang batho ka bontsi ao ditiragalo di tshwarelwang kwa go ona, tse di jaaka mekete ya go keteka setso, metshameko, boitumediso, boitapoloso, dipontsho, mekete ya mekgatlho kgotsa e mengwe ya mothale oo, a tla tswelela go nna a tswaletse.
Re nnile le dipuisano tse di atlegileng le baeteledipele ba dikereke le ba sedumedi mo dintlheng tse ba di tshitshintseng gore go ka bulwa nakwana ditirelo tsa dikereke le tsa sedumedi mme seno se tla diriwa go ikaegilwe ka dikgato tse di rileng.
Rotlhe re dumelane gore re tla tle re sekaseka ntlha eno ka botlalo mme re na le tshepo gore re tla fitlhelela tharabololo mo ntlheng eno.
Re lakaletsa bomorwarre ba rona paka e e segofetseng ya Eid go latela paka ya go ikentsha setlhabelo ka go itima dijo.
Botlhe ba konoseditse paka ya go ikentsha setlhabelo, mme ka setlwaedi ba ne ba tshwanetse go keteka paka eno.
Re batla go ba leboga go bo ba tsere dikgato tse ba di tsereng mabapi le go keteka paka eno jaaka re tsweletse go lwantshana le leroborobo leno mmogo.
Mo go buleleng ikonomi, re tla itshepela mo go dikutlwano tse re di tsenetseng le bannaleseabe botlhe ba ba botlhokwa go samagana le dintlha tsa matshosetsi tsa boammaruri kwa ditirong mmogo le tsa magare ga badiri le baagi.
Ka jalo re tla konosetsa dikgato di le dintsinyana tseo makala a tshwanetseng go di latela mme re tla tlhoka gore setlamo sengwe le sengwe se tlhome leano le le tshwanetsweng go latelwa mo mafelotirelong a tsona pele ba ka bula ditirelo tsa tsona.
Go ya ka maano ano, ditlamo di tla tlhoka go tsenya tirisong dikgato tse di mabapi le mafelo a go itlhwekisa le tse di ka ga go katogana ga batho; di tla tlhoka go lekola badiri letsatsi lengwe le lengwe fa ba goroga kwa tirong, ba beele kwa thoko bao go belaelwang ba ka tswa ba fetetswe ke mogare ono le go dira dithulaganyo tse di maleba gore ba diriwe diteko.
Di tlhoka gape le go thusa ka dithulaganyo tsa go gata motlhala batho ba go belaelwang ba ka tswa ba kopane le ba ba lwalang fa go ka fitlhelwa gore badiredi ba tsona ba tshwaetsegile.
Ka ntlha ya maemo a bona a boitekanelo a a sa iketlang, badiri botlhe ba ba tloletseng kokwa ga dingwaga di le 60 mmogo le bao ba sokodisiwang ke malwetse a a sa foleng a a jaaka bolwetse jwa pelo, jwa tshukiri, jwa mafatlha le jwa kankere ka tshwanelo ba tshwanetse go nna gae.
Badiri botlhe ba go senang sepe se se ba kgoreletsang go ka dira ba le kwa malapeng a bona ba tshwanetswe go letlelelwa go direla kwa malapeng a bona.
Go ikaegilwe ka ditaelo tseno, ditiro tsotlhe tsa tlhagisodikungo, tsa meepo, tsa dikago, tsa ditirelo tsa matlole, tsa ditirelo tsa boporofešenale le tsa dikgwebo, tsa thekenoloji ya tshedimosetso, tsa ditlhaeletsano, tsa ditirelo tsa puso mmogo le tsa ditirelo tsa bobegakgang di tla letlelelwa go boela go dira ka botlalo go simolola ka la bo 1 Seetebosigo 2020.
Dikgato tse di maleba tsa go simolola sešwa mmogo le dithulaganyo tsa go busetsa sekeng di tla tlhoka go tsenngwatirisong mo lifelong lengwe le lengwe la tirelo.
Madirelo a diholeseila le a dithekiso a tla letlelelwa go simolola go dira ka botlalo, go tsenyeletsa mabentlele, mabentlele a di-spaza mmogo le barekisi ba mo mebileng. Dikgwebo tse di rekisang mo inthaneteng di tla tswelela go rekisa.
A mangwe a makala a a letleletsweng go bula mo malobeng, a a jaaka a temothuo le a tirelo ya dikgwa, a ditirelo tsa masepala, a ditirelo tsa boitekanelo, a tlhagiso ya dijo le a tlhagiso ya dikuno tsa didirisiwa tsa go phepafatsa, a tla tswelela go nna a butse le go dira ka botlalo.
Go netefatsa gore re tswelela go katogana, tse dingwe tsa ditiro tsa ikonomi tse di nang le matshosetsi di tla tswelela go nna di ileditswe. Tsona di tsenyeletsa:
- Direstšurente, dibara le dithabene, ntle fela le ditirelo tsa go isa kgotsa go lata dijo.
- Mafelo a go hira bodulo le ditirelo tsa difofane tse di thotang batho go tswa kwa mafelong a a rileng ka fa nageng go ba isa kwa mafelong a mangwe a a rileng ka fa nageng, ntle fela fa e le maeto a a tsamaelanang le kgwebo, le teng ditirelo tseno di tla tsenngwa tirisong ka makgaokgao ka matsatsi a a tla tleng a itsisiwe mo tsamaong ya nako.
- Dikhonferense, mekete, mekete ya boitumediso mmogo le metshameko.
- Ditirelo tsa go tlhokomela bontle, go tsenyeletsa tsa tlhokomelo ya meriri le tsa tlhokomelo ya bontlenyane.
Go boela ditirong go tla boelwa ka makgaokgao gore re kgone go dira gore mafelo a tirelo a ipaakanyetse go samagana le mogare wa corona. Seno se tshwanetse go diriwa ka tsela e e efogang le go fokotsa kgonagalo ya ditshwaetsego.
Re nnile le dipuisano le ba intaseteri ya bojanala, dihotele le direstšurente mabapi le dikgwetlho le maima a makala ano a tobaneng le ona.
Ba dirile ditshitshinyo di le dintsinyana, mabapi le dikgato tsa ba batlang go di tsenya tirisong fa makala a bona a bulwa. Re santse re sekaseka ditshitshinyo tsa bona.
Go na le makala a le mantsi a a dirileng go tlala seala go feta le ka fao melawanataolo e kaelang ka gone ka maitlhomo a go tshegetsa ka fao re tsibogelang ka gone mogare wa corona, go tsenyeletsa bao ba tlamelang ka ditirelo tsa go tlhatlhoba le go dira diteko mmogo le go tlamela badiredi ba bona ka mafelo a go katosa bao ba belaelwang ba tshwaeditswe.
Re tla buisana le dikgwebo tse di thapang batho ba bantsi go bona gore ba ka se bule mafelo a a ka dirisediwang go katosa badiredi ba bona bao ba belaelwang ba tshwaeditswe mo mafelotirelong a bona.
Re akgola ditlamo tsotlhe tse di tsentseng seatla mo Sekgwameng sa Tshwaraganelo s aka fa nageng se se kgatlhanong le mogare wa corona mmogo le tse di thusitseng ka ditsela tse dingwe tse di rileng mo dikgatong tsa rona tsa go samagana le bolwetse jono. Tsone di tsenyeletsa ditlamo tse di jaaka Volkswagen, se ga jaana se samaganeng le go aga sepetlele se se leng kgakajana le madulo a baagi kwa femeng e e sa dirisiweng kwa Nelson Mandela Bay se se tla amogelang malao a le 4 000.
E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tse re tla tobanang le tsona fa re tsena mo kgatong ya boraro – e leng yona kgato e e tla bulelang gore batho ba ka nna dimilione di le robedi ba boele tirong – e tla tlhatlosa palo ya matshosetsi a go ka tshwaetsana mo dipalangweng tse di dirisiwang ke baagi ka bontsi.
Re tshwanetse go dirisana mmogo re le banamedi, bakganni ba dithekisi le dibese, dikgwebo mmogo le puso go netefatsa gore batho ba borona ba bolokesegile.
Banamedi ba tla tshwanela gore ka dinako tsotlhe ba apare dimaseke, ba tlhape diatla tsa bona pele ba tsena mo maetong a bona le fa ba tswa mo maetong a bona mme ba se ke ba ikgoma mo sefatlhegong ka diatla tse di sa tlhapiwang.
Banamedi ba tla tshwanela gape le gore ba katoge banamedi ba bangwe.
Bakganni ba dithekisi le ba dibese ba tla tshwanela gore ba obamele melawanataolo e e tla phasaladiwang ke Tona ya Dipalangwa, mmogo le go netefatsa gore dipalangwa tsa bona di tshelwa sebolayamegare gangwe le gape.
Dikgwebo di le dintsinyana di re itsisitse gore di samagane le go bona ka fao di ka fokotsang kitlano e di itemogelang yona mo dipalangweng tsa botlhe, mme di tsenyeletsa go kgaoganya dinako tse badiri ba ka tsenang le go tswa ka tsona kwa tirong mmogo le go tlamela badiredi ba bona ka mokgwa wa go ba rwala go ba isa tirong le go ba busetsa magaeng a bona.
Melelwane ya rona e tla tswelela go nna e tswaletswe, mme go tla bulelwa fela dipalangwa tse di rwalang merwalo mmogo le tse di busetsang batho kwa dinageng tsa bobona.
E nngwe ya dikgwetlho tse di bokete tse re kopaneng le tsona ke ya go bulwa ga dikolo.
Se se botlhokwa mo go rona ke maphelo le boitekanelo jwa barutwana, baithuti, barutabana mmogo le badiri ba ba dirang mo ditheong tseno.
Re tlhobaediwa gape le ke kgolo le tlhabololo ya bana ba rona le gore barutwana ba monongwaga ga ba tshwanelwa go tseelwa ditšhono tsa bona ke leroborobo leno.
Ka jalo re tsaya dikgato ka kelotlhoko le go bula dikolo ka makgaokgao, re lebile le go tlhabiwa botlhale ke tshedimosetso ya maemo a boitekanelo mmogo le go sekegela tsebe maikutlo a bannaleseabe ba rona botlhe.
Re tla bula dikolo gore go tle pele barutwana ba mophato wa bosupa le ba mophato wa materiki go simolola ka la bo 1 Seetebosigo 2020.
Dikgato tse di gagametseng tsa go fokotsa kgonagalo ya go tshwaetsana mmogo le, fa go tlhokagalang, didirisiwa tse dingwe tsa tlaleletso tsa metsi le tsa go iphepafatsa di tsenngwa tirisong go kgontsha gore batho ba kgone go katogana, go kgonagale go tlhapa diatla gangwe le gape mmogo le go boloka matshelo a barutwana.
Go samaganwe gape le dikgato tse dingwe tsa polokesego go netefatsa gore bana ba bolokesega ka ntlha ya fa ba ja dijo tsa kwa sekolong le go namela dinamelwa tsa baithuti tse di laolwang ke puso.
Paka ya sekolo e tla kwalolwa sešwa, mme dithuto tsa ngwaga tsona di tla ngotliwa ka tsela e e tla dirang gore dithuto tsa ngwaga wa 2020 di se nyelele.
Go a tlhaloganyega gore batho ba tlhobaediwa ke go bulwa sešwa ga sekolo, mme ke batla go gatelela ntlha eno gore ga go motsadi ope yo a tla gapelediwang go isa ngwana sekolong fa e le gore o tlhobaediwa ke kgang ya pabalesego ya ngwana.
Fela fa rotlhe re ka tshwarisana mo ntlheng eno, fa re ka latela ka tolamo dikgato le ditaelo tsotlhe tsa ipabalesego, re tla kgona go dira gore dikolo tsa rona di nne di babalesegile.
Re dira fela jalo le mo ditheong tsa thuto e kgolwana ka go bulela dithuto ka makgaokgao.
Go simolola ka la bo 1 Seetebosigo 2020, diyunibesiti tsotlhe tsa puso di solofetswe gore di thankgolole ditogamaano tsa tsona tsa dithuto tsa go dira gore batlhatlheledi ba tlhatlhelele baithuti ba le kwa magaeng a bona go netefatsa gore baithuti botlhe ba neelwa ditšhono ka go lekana gore ba kgone go ka konosetsa dithuto tsa bona tsa ngwaga wa 2020.
Fa re tsena mo kgatong ya boraro, ke fela baithuti ba ba ka se feteng boraro jwa palo yotlhe ya baithuti e e tla boelang kwa dikhempaseng, mme seno se tla diriwa fa fela e le gore ba tla bo ba babalesegile fa ba le koo.
Ditheo di tla tswelela go bulela ditiragalo tse dingwe gape fa re ntse re tsena mo dikgatong tse dingwe tsa paka ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ka ntlha ya mogare wa corona.
Jaaka re tswelela go bokeletsa metswedi ya rona ya tsa boitekanelo gore re kgone go samagana le palo e e solofetsweng e e tla tlhatlogang ya bao ba tshwaeditsweng ke mogare wa corona, re tshwanetse go netefatsa gore ga re itebale mme ra iphitlhela re itlhokomolositse malwetse a mangwe.
Ka jalo dikgato tsa go etela mafelo a bookelo ga di a tshwanela go kgaotswa mme ditirelo tsa go lekola matsapa a mangwe a boitekanelo di tshwanetse go tswelela go dira ka botlalo bogolosegolo mo dintlheng tsa go enta bana ba masea, ditirelo tsa thibelapelegi, ditirelo tsa tlhokomelo ya ba ba leng mo mmeleng, go tlhola le go tlhatlhoba bolwetse jwa lohuba (TB) le jwa mogare wa lebolelateng (HIV), tsa taolo ya malwetse a a sa foleng mmogo le tsa go tshegetsa batswasetlhabelo ba tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV).
Gangwe le gape re tlhoka go ema ka le le reng tshwanelo ya batho ya go tshela ke yona e e kwa setlhoeng mo dikgatong tsa rona tsa go samagana le mogare wa corona, le gore re tshwanetse go ema sejaro kgatlhanong le kgato nngwe le nngwe e e gatakakang tshwanelo eno mmogo le ditshwanelo tse dingwe tsa motheo tsa batho.
MaAforika Borwa a gaetsho,
Re bone sebete seo batho ba ba neng ba tsweletse go ya ditirong mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng ba nnileng le sona, ba ne ba tlhokomela ba ba bobolang, ba abelana ka dijo le ditirelo tse dingwe tsa botlhokwa, ba semeletse gore naga ya rona e tswelele go atlega le fa e le ka fa tlase ga maemo a a boima tota.
Boima jo bo tlileng le go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng e nnile jo bo bokete tota bogolosegolo mo go bao ba neng ba sa kgone go ka bo kgotlelela.
Jaanong ke nako ya gore bontsi jwa rona re boele kwa ditirong tsa rona le go topa foo re siileng teng matshelo a rona fa re ne re tsena mo pakeng ya go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng.
Le fa maemo a le jaaka a ntse, ke batla go gatelela gore go fokodiwa bogale ga melaokiletso mengwe ga go reye gore mogare wa corona o fetile kgotsa gore ntwa ya rona ya go lwantshana le bolwetse jono e khutlile.
Boammaruri ke gore bogale jwa mogare ono jaanong bo tla simolola go iponagatsa ka go tlhatloga ga dipalo tsa bao ba tshwaeditsweng ka bontsi go feta mo dinakong tse di fetileng fa e sale mogare ono o runya ka fa nageng ya rona.
Eno ke nako ya gore re simolole go lotsa dithipa tsa rona ka go gagamatsa matsapa a rona le go tlhotlhetsa seboka sa rona.
Jaanong jana, jaaka mo malobeng, re tshepetse mo go lona, mo maitsholong a lona le mo go lona gore le nne batho ba ba nang le maikarabelo.
Re tshepetse mo go lona gore le tsholetse peo ya botshelo le seriti sa batho botlhe.
Re tshepetse mo go lona gore le sireletse ba ba bokoa mo gare ga rona mmogo le ba ba leng mo tlalelong go gaisa mo gare ga rona.
Re tshepetse mo go lona gore le bontshe seoposengwe se re leng sona le kutlwelobotlhoko e re nang le yona re le batho ba Aforika Borwa mo dikgatong tsa rona tsa go samagana le matlhotlhapelo ano.
Mo go mekamekaneng le kgwetlho eno e e namagadi, re tla gatelapele re le seoposengwe, re tshwaragane jaaka ditau tse di nang le seboka mo dikgatong tse re di tsayang e bile re nal e maikemisetso a gore re tla sutlha mo dinaleng tsa phage eno.
Ke mo motsing ono tota mo re gopodiwang mafoko a ga rre Madiba, fa a ne a re: “Jaanong go mo diatleng tsa lona go bona gore le tswa jang.”
A Modimo a boloke naga ya Aforika Borwa le setšhaba sa yone.
Ke a leboga.