Back to top

Primary tabs

Statement on the Cabinet meeting of 31 August 2016Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 31 Phatwe 2016



1. Go Tsenngwa Tirisong ga Mananaane a Botlhokwa a Puso

1.1. Moporesitente Jacob Zuma o ne a eteletse pele setlhopha sa Aforika Borwa go tsenela Kopano ya Ditlhogo tsa Dinaga e e Tlwaelegileng ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) ya bo 36 e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 30 go fitlha ka la bo 31 Phatwe 2016 ka fa tlase ga setlhogo sa: “Tiriso ya Metswedithuso go Beeletsa mo Mafaratlhatlheng a Maatla a a Tswelelang go nna le Madirelo a a Akaretsang a SADC le go Atlegisa Kgaolo”.

Kopano e, e ne e lebile tlhokego ya go tokafatsa tlhabololo ya madirelo le mafaratlhatlha go rotloetsa momagano le go kgontsha kgwebisano mo teng ga kgaolo go samagana le lenaane la SADC la tlhabololo e e tswelelang.

Tebang le maemo a sepolotiki le tshireletso mo kgaolong, go ne go lebilwe diphetogo tsa molaotheo, baagi le tshireletso kwa Pusong ya Lesotho, poelano ya bosetšhaba, go tsenngwa tirisong ga Matlhagolatsela a SADC kwa Madagascar le puisano ya bosetšhaba go lebilwe dithulaganyo tsa ditlhopho tsa bosetšhaba kwa Rephaboliking ya Temokerasi ya Congo.

Kabinete e tlatsa Moporesitente Jacob Zuma mo go lebogeng Dinaga tse e leng Ditokololo tsa SADC ka tshepo e di nang nayo mo go Aforika Borwa ka go e tlhopha go nna Monnasetilo yo o latelang wa SADC ka Phatwe 2017.

1.2. Kabinete e amogetse peeletso ya Koporasi ya Dirori ya Boditšhaba ya Beijing ya R11 bilione ya hisetori (BAIC) go tlhoma polante ya tlhagiso ya dirori kwa Kgaolong ya Tlhabololo ya Madirelo ya Coega.

Tumalano eno ke peeletso e kgolo go gaisa ya dirori mo Aforika fa e sale mo dingwageng di le 40 tse di fetileng mme e gatelela ntlha ya gore naga e ke lefelo le le gaisang la dipeeletso go batlhagisi ba dirori go ralala lefatshe.

Se se dirilwe ke tikologo ya dipholisi tse di tshegetsang, segolo Lenaneo la Tlhagiso le Tlhabololo ya Dirori le le ngokileng batlhagisi ba dirori go ralala lefatshe.

Peeletso ya BAIC ke ditlamorago tsa Foramo ya Tirisanommogo ya China-Aforika (FOCAC) e e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg ka Sedimonthole 2015, kwa Moporesitente Jacob Zuma le Tonakgolo ya China, Xi Jinping ba saenileng ditumalano tsa semphato di ka nna 26 tsa boleng jo bo balelwang go R100 bilione.

Porojeke e, e tlhoma Kapa Botlhaba jaaka tikwatikwe ya dirori mme e na le bokgoni jwa go oketetsa tlamelo ya setheo se, go tlholwa ga ditiro le tlhabololo ya ikonomi. Go solofelwa fa go tla tlholwa ditiro di le 2 500 ka tlhamalalo le tse dingwe di feta 10 600 e seng ka tlhamalalo.

Go sa le gale monongwaga, Toyota e itsisitse gore e tla aga dimmotlele tse dišwa tsa Toyota Hilux le Fortuner e le karolo ya peeletso ya R6.1 bilione fa BMW yona e tla aga lebenkele la dijanaga tsa mabono la R6 bilione.

Dipeeletso tse di thusa go rotloetsa maikaelelo a rona a bosetšhaba a go tsosolosa kgolo ya ikonomi, go boloka ditiro tse di leng teng le go tlhola tse dingwe mo ikonoming e.

1.3. Kabinete e amogela go thankgololwa ga Setheo sa Matlole sa ntlha sa Koporasi sa Basadi ba Metsemagae ba Botsweretshi le Botaki ke Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, Gugile Nkwinti. Koporasi ya Setheo sa Matlole sa Botsweretshi le Botaki ba Metsemagae le Setheo sa Mzansi, e e kwadisitsweng go sa le gale monongwanga, e tla dira jaaka serala sa polokelo sa bataki ba metsemagaeng ba e leng ditokololo tsa dikoporasi tse di tlhomilweng kwa Kwazulu-Natal, Kapa Botlhaba, Limpopo le Mpumalanga.

Setheo se, se letla basadi go fitlhelela Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Dituelo, ditirego tsa metšhini, dipegelo tse di nepagetseng le go kgontsha ditokololo go ka dira diphetisetso kwa marekelong, di-ATM le ditheo tse dingwe tsa matlole tsa dikoporasi go ralala Aforika Borwa. Dingwe tsa dipoelo tsa botlhokwa tsa tshegetso e e rebolwang di akaretsa go bonwa ga ditifikheiti tsa kwadiso tse di maleba, diakhaonto tsa dibanka, ditifikheiti tsa kgololo ya lekgetho le dikamano le mebaraka e mešwa ya selegae le ya boditšhaba. Maiteko a ke karolo ya maikaelelo a a momaganeng a go matlafatsa basadi kwa metsemagaeng ka dinonofo le kitso go tlhola dikgwebo tse di atlegang.

1.4. Go thankgololwa ga pholisi ya 50/50 ke Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, go bakile gore go nne le polase ya ntlha e e dirisiwang mo kgatong ya teko ya Letlhomeso la Pholisi e e ka ga Matlafatso ya Ditshwanelo tse di Rileng tsa Batho ba ba Dirang mo Lefatsheng, kwa KwaZulu-Natal.

Polase ya Westcliffe ya diheketara di le 514 e na le diheketara di le 270 tsa ntšhwe, diheketara di le 140 tsa dikota le diheketara di le 10 tsa dikhabetšhe tse di nosediwang. Tumalano e e tla dira gore badiri le beng ba dipolase e nne bengmmogo ba dikgwebo tsa dipolase kwa mmasepaleng wa selegae wa uMshwathi gaufi le Greytown.

Gareng ga tse dingwe, pholisi e, e ikaelela go netefaletsa badiri ba dipolase bonno fa ka fa letlhakoreng le lengwe e batla go fetola ditsela tsa go nna beng ba lefatshe mo nageng le go matlafatsa badiri go nna le dišere mo dikgwebong tsa dipolase. Letlhomeso la pholisi ya 50/50 le ikaelela gape go tokafatsa tlhabololo ya ikonomi mo lekaleng la temothuo.

1.5. Kopano e e ka ga Tlhabololo ya Bobegakgang jwa Kgatiso ya 2016 e e neng e tshwerwe ke Lefapha la Tlhaeletsano go rerisana ka ga tlhabololo le bomefutafuta mo bobegakgannyeng jwa naga e tlametse ka serala go bannaleseabe ba ba farologaneng ba ba dirang mo tikologong ya bobegakgang go buisana ka ga tlhabololo ya bobegakgang mo nageng, maikarabelo le dintlhakgolo tsa mefutafuta.

Kopano e, e e neng e lebile tsamaiso yotlhe mo tikologong ya bobegakgang ba kgatiso, phasalatso, ditlhotlhomiso le papatso, e tla tlhotlheletsa sekwalwa sa dikgopolo se se amanang le tlhabololo le poposešwa ya bobegakgang jwa maloba le jo bošwa mo Aforika Borwa.

1.6. Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Bojanala ka Lwetse ka fa tlase ga setlhogo sa: “Bojanala go Botlhe” go bapaletsa maAforika Borwa otlhe khumo e e leng teng ya bojanala mo nageng.

Kabinete e rotloetsa mongwe le mongwe go dira mmogo go netefatsa gore maparego a a thibelang phitlhelelo a tlosiwe mme maAforika Borwa otlhe a nne le tšhono, le go tlhola kgatlhego ya go itemogela naga e ntle e ya rona.

1.7. Re ikuela go maAforika Borwa otlhe go keteka ditso tse di farologaneng tsa setšhaba sa rona jaaka naga e keteka Kgwedi ya Ngwaoboswa ka Lwetse ka fa tlase ga setlhogo sa: “Matlotlo le Bagaka ba Batho: Ngwaoboswa ya rona e e Tshelang.

MaAforika Borwa a rotloediwa go ipela ka ngwaoboswa ya rona e e tshelang le go nna le seabe mo go e amogeleng, go e rotloetseng le mo go e somareleng. Go botlhokwa gore jaaka naga re itumelele Matlotlo a rona a Batho ba ba Tshelang mo makaleng otlhe a baagi ba rona.

Monongwaga ke segopotso sa dingwaga di le 20 tsa go keteka Letsatsi la Ngwaoboswa jaaka le goeleditswe ka 1996 mme re tshwanetse go dirisa letsatsi le go itumelela ngwaoboswa ya rona e re e abelanang le go agelela mo tswelopeleng ya rona ya go bopa Aforika Borwa e e seoposengwe fa e sa le ka 1994.

1.8. Kabinete e ne ya begelwa ka Kgwedi ya Bodiredipuso ya 2016 mo kgweding ya Lwetse ka fa tlase ga setlhogo sa: “Ditirelo go Botlhe tse di Tlisang Kgolo go Botlhe di Botlhokwa: Go Tsholetsa Batho Pele kwa maemong a a latelang le go Isa Bodiredipuso kwa Pele”.

Kgwedi ya Bodiredipuso ya monongwaga e diragala gape mo gare ga tsamaiso ya botlhano ya puso le kgwedi morago ga ditlhopho tsa dipusoselegae. Lenaneo le la kgwedi yotlhe ke karolo e e botlhokwa ya Togamaano ya Tsosoloso ya Batho Pele le maikaelelo a lona e leng go bopa maitsholo a mantle, ikemisetso, boipelo le manontlhotlho mo badiripusong fa ba tlamela ka dithoto le ditirelo.

Badiredipuso go ralala puso ba tla dirisa kgwedi e go buisana le go golagana le baagi le bannaleseabe ba bangwe ka ga tlhokego ya thebolo e e manontlhotlho ya ditirelo. Se ke karolo ya go matlafatsa go tsenngwa tirisong ga Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) ka go nna le seabe mo go bopeng puso e e bokgoni e e tsayang karolo mo tlhabololong le mo phetolothefosanong.

1.9. Beke ya Ngwaga ya Tikwatikwe ya Ditirelo ya Thusong go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 23 Lwetse 2016 e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo sa: “Ditikwatikwe tsa Ditirelo tsa Thusong – Go Isa Bodirepuso kwa Pele: Re Mmogo, Re a Kgathala, Re a Direla”. Beke e e baya kwa setlhoeng tshedimosetso ya puso, ditirelo le ditšhono tse di leng teng kwa Ditikwatikweng tsa Ditirelo tsa Thusong go ralala naga. Go rulagantswe ditiragalo go keteka beke e le go bontsha diphitlhelelo tsa ditikwatikwe tse fa e sale di tlhongwa ka 1999.

1.10. Puso e thankgolotse togamaano ya letshwaokgwebo le tlhaeletsano ya NDP. Tebego ya NDP e tla momaganya le go supa maiteko a tlhaeletsano a puso ka ga tswelopele mo go tsenyeng tirisong NDP ka letshwaokgwebo le le kgethegileng e bile le bonala sentle.

2. Ditshwetso tse di Botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse tsela ya Aforika Borwa ya go nna le seabe mo G20 monongwaga e ka fa tlase ga Moporesitente wa China, e dirang ka fa tlase ga setlhogo sa go direla “Ikonomi ya Lefatshe ya Itlhamelo, Matlafatso, Momagano e bile e Akaretsa.”.

Maitlhomomagolo a G20 ke go oketsa tirisanommogo ya maphatamantsi ya tsosoloso ya ikonomi ya lefatshe, go tlisa tsepamo mo tsamaisong ya matlole a lefatshe, go rotloetsa kgolo e e tswelelang ya pakatelele le go matlafatsa tsamaiso ya ikonomi ya lefatshe.

Moporesitente Jacob Zuma o tla tsenela Kopano ya G20 kwa Hangzhou, China ka la bo 4 go fitlha ka la bo 5 Lwetse 2016. Seabe sa Aforika Borwa mo G20 ke go tlamela ka ponelopele ya togamaano mo go tlhomeng serala sa pholisi ya ikonomi le ya boditšhaba e e tla bakang le go rerisanela dipoelo tse di gaisang go Aforika Borwa, Aforika le lefatshe le le tlhabologang. Kopano ya G20 e tla bo e le lantlha e tsenelwa ke palo e e kwa godimo jalo ya dinaga tse di tlhabologang.

2.2. Thebolo ya Dipalopalo tsa Bosetšhaba tsa Ngwaga tsa Bosenyi tsa 2015/16, tse di dirilweng go ya ka tshedimosetso ya bosenyi jo bo begilweng kwa maemong a diteišene tsa sepodisi le yona e amogetswe mme e tla phasaladiwa ka la bo 2 Lwetse 2016.

Thebolo e ya dipalopalo e na le seabe mo poelong ya togamaano ya ‘Batho botlhe mo Aforika Borwa ba babalesegile e bile ba ikutlwa jalo’. Dipalopalo tsa bosenyi ke tshupane ya botlhokwa ya ntwa ya puso kgatlhanong le bosenyi ka semphato le baagi, badiri le kgwebo. Dipalopalo di tshwanetse go lejwa mo bokaelong jwa kgolo ya baagi le maemo a ikonomi.

2.3. Kabinete e amogetse pegelo e e ka ga Dipoelo tsa Kopano ya Bosomepedi ya Khonferense ya Maphata a a leng Karolo ya Tumelano ya Ditšhabakopano ya go Thibela Kakafatso ya Mafatshe (UNCCD COP12) e e neng e tshwaretswe kwa Ankara, Turkey go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 23 Diphalane 2015.

Aforika Borwa e ne ya supiwa jaaka mongwe wa baboelwa ba lenaneo la tshegetso la go tlhoma maikaelelo la UNCCD, le le tla thusang dinaga go itlhomela maikaelelo a bosetšhaba a a nyalanang le maemo a yona a bosetšhaba le dintlhakgolo tsa tlhabololo.

Aforika Borwa e amogela boakaretsi jwa Tumelano e le tlhokego ya go direla dinaga tsotlhe tse di amiwang ke kakafatso, tshenyo ya lefatshe, komelelo e leng se se tla netefatsang gore merero e e jaana go samaganwa nayo fa e tlhagelela kwa maemong a bosetšhaba le a lefatshe. Se se tla netefatsa go akarediwa le go tokafatsa tirisanommogo ya Dinaga tsa Bokone-Borwa.

2.4. Kabinete e amogetse go nna baamogelabaeng mmogo ga Khonferense ya Lefatshe ya go Anyisa ya bo 2 ke Lefapha la Boitekanelo le Mokgatlo wa Boditšhaba wa Kgato ya Dijo ya Masea, go simolola ka la bo 11 go fitlha ka la bo 14 Sedimonthole 2016, ka fa tlase ga setlhogo “Tlaa re beeletse mo go tlholeng tikologo e e nonofetseng mo bommeng le mo maseeng.”

Se se supa boineelo jwa Aforika Borwa mo go matlafatseng tshireletso, thotloetso le tshegetso ya go anyisa le go tsweletsa lenaneo la phepo ya masea le bana ba bannye.

Se se nna le seabe mo go fitlheleleng e nngwe ya maitlhomo a le robongwe a pakatelele a a tlhomilweng mo teng ga NDP; go fokotsa dintsho tsa baimana, masea le bana.

Maikaelelo a Tlhabololo e e Tswelelang le ona a gatelela ntlha ya go tokafatsa phepo. Leano le le Tletseng la Tsenyotirisong ya Phepo ya Baimana, Masea le Bana ba Bannye, le na le maikaelelo a marataro a lefatshe a phepo go oketsa seelo sa go anyisa fela mo dikgweding tsa ntlha di le thataro go fitlha go 50% ka 2025.

Go anyisa ke nngwe ya dipeeletso tse di boleng mo boitekanelong jwa lesea. Go anyisa go go sa lekanang go baka dintsho di ka nna 800 000 ka ngwaga (13% ya dintsho tsotlhe) mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase ga tlhano mo dinageng tse di tlhabologang le maemo a a kwa godimo a phepelotlase, e leng kgwetlho e kgolo ya boitekanelo jwa botlhe mo Aforika.

2.5. Kabinete e amogetse gore Lefapha la Boitekanelo e nne baamogelabaeng ba Khonferense ya Boditšhaba ya Bothati jwa Taolo ya Diritibatsi ya bo 17, go tloga ka la bo 27 Ngwanaitsele go fitlha ka la bo 2 Sedimonthole 2016, ka tirisano le Mokgatlo wa Boitekanelo wa Lefatshe (WHO). Se se supa boineelo jwa puso jwa go samagana le dikgwetlho tsa boitekanelo tsa lefatshe tsa go nyalanya melawana le go tokafatsa pabalesego, nonofo le boleng jwa melemo le didiriswa tsa boitekanelo.

Foramo ya ditherisano ya mathati a taolo ya melemo ya dinaga di le 194 tse e leng ditokololo tsa WHO e ikaelela go samagana le taolo ya melemo le didiriswa tsa boitekanelo le go nyalanya melawana ya taolo.

Go amogela baeng go tla matlafatsa bothati jwa bosetšhaba jwa taolo ya melemo, Lekgotla la Taolo ya Melemo, le ditsamaiso tsa ditlhagiswa ya melemo. Dipuisano di tla nna gape le seabe mo go tlhotlheletseng nyalano le go tsholetsa maemo a taolo mo SADC.

E neela gape le serodumo go Aforika Borwa jaaka monnaleseabe wa lefatshe mo taolong le tlhokomelong ya melemo le ditlhagiswa tse di amanang nayo. Naga e tla nna le tšhono ya go nna le seabe mo go tlhongweng ga dipholisi tsa boditšhaba tsa diritibatsi tse e tla nnang tse di laolelwang dinaga tse e leng ditokololo tsa WHO.

2.6. Kabinete e ne gape ya itsisiwe ka ga tswelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong Molao wa Bolaodi jwa Tsamaiso ya Puso, wa bo 11 wa 2014. Molao o o tlhoma tsamaiso e e tshwanang ya tsamaiso ya puso kwa maphateng otlhe ka boraro a puso go rotloetsa le go gatelela meono le melawana e e laolang tsamaiso ya puso jaaka e tlhagelela mo teng ga karolo ya bo 195 (1) ya Molaotheo.

Molao o tlamela ka ga go tlhongwa ga ditheo di le pedi e leng: (i) Kantoro ya Maemo le Ikobelomaemo (ii) Yuniti ya Thuso ya Setegeniki. Go amogetswe mokgwa o o maphataphata wa go tsenya tirisong le go tlhoma ditheo tse.

Lefapha la Bodiredipuso le Botsamaisi (DPSA) le rulagantse lenaneo la ntlha la melawana e e neng e tsentswe mo kuranteng ya puso go ngoka ditshwaelo tsa baagi ka la bo 15 Phatwe 2016. Tirisano e tswelela pele le Biro ya Peom ya Maemo ya Aforika Borwa (SABS) le mekgatlo e mengwe e e tlhomang maemo go tlhoma melao e e tla bakang tiriso le go tlhongwa ga Kantoro ya Maemo le Ikobelomaemo.

DPSA e tsweletse ka tsamaiso ya go tlhotlhomisa le go tlhoma letlhomeso la meono le maemo, go akaretsa go tlhongwa ga setshwantsho sa bobusi se se tla letlang go tlhongwa ga maemo a a maleba.

2.7. Kabinete e ne ya begelwa ka pegelo e e ka ga dipalopalo tsa batshabi ba maemo a sepolotiki mo pakeng ya Ferikgong go fitlha ka Sedimonthole 2015. Kabinete e tshegeditse go tlhongwa ga setlhopha sa tiro go buisana ka ga tsamaiso ya go laola batshabi ba ba sa dumelelwang mo nageng gotlhelele.

Pegelo e na le seabe mo taolong e e nonofileng ya khudugelo go tokafatsa taolo ya batshabi le batshabi ba maemo a sepolotiki.

Go ya ka tshedimosetso e e tserweng mo Tsamaisong ya Bosetšhaba ya Tshedimosetso ya Khudugelo, go kwadisitswe batshabi ba maemo a sepolotiki ba bašwa ba le 62 159, fa go bapisiwa le ba le 71 914 ba ba kwadisitsweng ka 2014 le ba le 70 010 ka 2013. Dikgetse tse di kwadisitsweng tsa botshabi ba maemo a sepolotiki di le 60 640 di ne tsa sekasekwa le go konosediwa kwa maemong a Tshwetso ya Maemo a Botshabi magareng ga Ferikgong le Sedimonthole 2015. Mo dikgetseng tse di sweditsweng tse: dikgetse di le 2 499 tsa batshabi ba maemo a sepolotiki di amogetswe, di le 4 093 di gannwe ka ntlha ya fa di se na motheo mme di le 44 048 di gannwe ka ntlha ya fa di tlhagelela di sena motheo, e le tiriso e e botlhaswa e bile e le tsa tsietso.

2.8. Kabinete e ne ya itsisiwe ka tswelopele e e dirilweng tebang le Molaotlhomo wa Bothati jwa Taolo ya Melelwane (BMA), 2016 o o dumeletsweng go ka fetisediwa kwa Palamenteng ka la bo 23 Lwetse 2015. Molaotlhomo o o ne wa romelwa lantlha kwa Palamenteng ka la bo 8 Diphalane 2015. Ditlamorago tsa ikonomi le loago, tsa go tlhongwa go go solofelwang ga Bothati jwa Taolo ya Melelwane, di tlhoka gore o romelwe gape go NEDLAC, mme se se dirilwe ka la bo 13 Diphalane 2015.

Go nnile le tsamaiso e e tseneletseng ya ditherisano le NEDLAC ka ga Molaotlhomo o magareng ga Ngwanatsele 2015 le Motsheganong 2016. Ka la bo 12 Motsheganong 2016, pegelo ya makgaolakgang ya NEDLAC ka ga Molaotlhomo wa BMA wa 2016, e ne ya tlhagisiwa kwa Palamenteng ka la bo 25 Motsheganong 2015, mme dipuisano tsa ntlha ka ga Molaotlhomo o, di nnile ka la bo 6 Phatwe 2016 kwa Palamenteng.

Kabinete e amogetse gore Lefapha la Merero ya Selegae (DHA) le Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS) di itlhaganedise go konosediwa ga Memorantamo wa Tirisanommogo o o amanang le go thapiwa nakwana ga badiredi ba SARS kwa DHA go tshegetsa maiteko a ga jaana a taolo ya melelwane le momaganyo mo tikologong ya melelwane.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Tlhabolotsweng wa Mekgatlo ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng, 2016 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o, o tlhabolola Molao wa Mekgatlo ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng, 1996 (Molao wa bo 28 wa 1996), ka go nyalanya le morero wa naga le tlhabololo ya mafatshe e e anameng.

O rotloetsa bobusi jwa temokerasi le tiriso ya lefatshe le le tlhakanetsweng ke mekgatlo ya dithoto tse di tlhakanetsweng mo boemong jwa baagi. O matlafatsa taolo ya ditheo tsa bobusi le go tsweletsa tshegetso ya puso mo go tsona. Molaotlhomo o o batla go tlhoma Kantoro ya Mekgatlo ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng e e eteletsweng pele ke Mokwadisi wa Mekgatlo ya Dithoto tse di Tlhakanetsweng.

Go tla nna botoka mo baaging gore ba fitlhelele, ba tshole le go laola dithoto ka maanothuso a a tlhomilweng semolao a baagi le taolo ya thebolelo le tsamaiso ya ditheo tse di tshegediwang ke puso.

3.2. Go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Tlhabolotsweng wa Merero ya Boatlhodi, 2016 kwa Palamenteng o o batlang go tlhabolola melao e le mmalwa e e amang tsamaiso ya bosiamisi go samagana le dintlha tse di diregang le tsa setegeniki go netefatsa tsamaiso e e edileng ya bosiamisi le ona o amogetswe.

Ditlhabololo ke tsa mofuta o e leng gore ga go kgonege go ka rotloetsa Melao e e Tlhabolotsweng e e farologaneng go diragatsa ditlhabololo tsa molao o o maleba. Ditlhabololo tse di farologane mme di ka golaganngwa le maitlhomomagolo a a latelang a NDP, e leng go netefatsa gore batho botlhe ba babalesegile e bile ba ikutlwa jalo mo tsamaisong ya bosiamisi e e ikemetseng e bile e sa gobelele; momagano ya loago: go fitlhelela maemo a puso e e tlhabologang e le bokgoni e bile e na le maitsholo a a siameng e e tsholang baagi ka tlotlo; le go akarediwa mo ikonoming.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla etelela pele setlhopha sa Aforika Borwa go tsenela Kopanokakaretso ya Ditšhabakopano ya bo 71 (UNGA 71) magareng ga la bo 13 le la bo 26 Lwetse kwa New York ka fa tlase ga setlhogo: “Maitlhomo a Tlhabololo e e Tswelelang: thotloetso ya botlhe ya go fetola lefatshe la rona."

Se ke tšhono ya dinaga tse e leng ditokololo go leba nonofo ya Ditšhabakopano, segolo jaaka mokgatlo o o ne o keteka dingwaga di le 70 go sa le gale. Dipuisano di solofelwa go nna ka ga poposešwa ya UN, go akaretsa le tsosoloso ya UNGA; tokafatso ya tiro ya Lekgotla la Ikonomi le Loago (ECOSOC); le poposešwa ya Lekgotla la Tshireletso la UN (UNSC) go atolosa botokololo jwa yona mo makaleng ka bobedi a leruri le a e seng la leruri.

Le e tla nna gape lekgetlo la bofelo Ban Ki-moon a ema ka lefoko Kopanokakaretso ya UN jaaka Mokwaledikakaretso wa yona.

4.2. Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tla nna baamogelabaeng ba Letsatsi la Bosetšhaba la Segopotso ka la bo 4 Lwetse 2016, go gopola ditokololo tsotlhe tsa SAPS tse di latlhegetsweng ke matshelo magareng ga la bo 1 Moranang 2015 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2016, ba le mo tirong ka maiteko a go netefatsa Aforika Borwa yo o sireletsegileng e bile a babalesegile.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya Tikologo

5.1. Kabinete e supile fa e tlhobaediwa ke ditlhaselano tsa mo phatlalatseng magareng ga maphata a a farologaneng mo morerong o o amanang le dipatlisiso tsa di-Hawk mo mererong e e amang SARS. Kabinete e ikuetse go botlhe ba ba amegang, go akaretsa ditokololo tsa Kabinete tse di dirang mo maemong a a farologaneng go tlhopha mafoko le go emisa go bua phatlalatsa ka ga motho ofe fela yo o amegang mo ntlheng e. Kabinete e ikuela go maphata otlhe go itshola ka seriti le tlotlo le go tlhompha maphata otlhe a a maleba go na le go dirisa dirala tsa go utlwiwa ke botlhe.

5.2. Kabinete mmogo le Moporesitente Zuma e tlhagisa tshepo ya yona mo go Tona ya Matlotlo yo mmogo le ditokololo tse dingwe tsa Khuduthamaga, kgwebo, badiri le mekgatlo ya baagi, a ntseng a dira tiro e e duleng diatla mo go ageng tshepo mo ikonoming ya rona gareng ga babeeletsi ba selegae le ba boditšhaba. Kabinete e ikuela gape go maphata otlhe go tlotla le go dirisana le ditheo tsa puso tse di diragatsang molao.

5.3. Khuduthamaga e tswelela go dira tsotlhe tse e ka di kgonang go sireletsa ikonomi, le tiro e e botlhokwa e ditheo tsa puso di tshwanetseng go e dira. Ditheo tsotlhe tsa puso di na le maikarabelo a go diragatsa morero wa tsona ka tsela e e ka se koafatseng tiro ya puso kgotsa go ama ikonomi ka tsela e e maswe.

5.4. Moporesitente Jacob Zuma o tsenetse Khonferense ya Boditšhaba ya Tokyo ya Borataro ka ga Tlhabololo ya Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Nairobi, Kenya go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Phatwe 2016. E ne e le lantlha TICAD e tshwarelwa mo Aforika fa e sale ka 1993.

TICAD-VI e neetse Ditlhogo tsa Dinaga le Dipuso go tswa mo Aforika tšhono ya botlhokwa ya go disa tswelelo le go tsenngwa tirisong ga ditumalano tse di fetileng tsa TICAD tse maikaelelo a tsona e leng go itlhaganedisa kgolo le tlhabololo ya Aforika.

TICAD-VI e diragetse gape mo ngwageng wa ntlha wa go tsenya tirisong mananeo a tlhabololo ya lefatshe le kgaolo, e leng Lenaneo la 2030 la Tlhabololo e e Tswelelang le Lenaneo la 2063 la Leano la Tsenyotirisong ya Dingwaga tsa Ntlha di le Lesome. Ka e nyalana sentle le mananeotlhabololo a, TICAD-VI e buisane ka dintlha tseo Aforika e ntse e samagane natso fa e sale ka TICAD-V e e fetileng kwa Yokohama, Japan ka 2013. Tsona di akaretsa madirelo, boitekanelo le tsepamo ya loago.

Kabinete e amogela maikano a ga Tonakgolo Shinzo Abe a gore Japan e tla dirisa bokana ka $30 bilione mo matloleng a Makala a poraefete le a botlhe go beeletsa mo Aforika mo dingwageng di le tharo tse di latelang go tshegetsa kago ya mafaratlhatlha mo Aforika.

Kopano e nnile le ditherisano tse di tseneletseng ka ga peeletso ya lekala la poraefete, go dira ikonomi ya madirelo mo Aforika, go tlhola ditheo tse di tswelelang tsa ikonomi, boitekanelo le thibelo kgatlhanong le maroborobo a a jaaka Ebola le Zika, ntwa kgatlhanong le dirukhutlhi, go ruta le go matlafatsa bašwa ba ba tlhokang go thibela gore ba se ngokiwe ke ditlhopha tsa dingangele le dirukhutlhi.

Ditlhogo tsa dinaga le dipuso di gateletse boineelo jwa tsona mo go tsweleleng go matlafatsa tsamaiso ya TICAD ka dikaedi tsa foramo e e bulegileng e bile e akaretsa, go rerisana le bannaleseabe ba bantsi, go inyalanya le merero ya pele ya Aforika, tlhabololo e e lebisitsweng mo bathong, tsenyotirisong e e nonofileng le mekgwa e e momaganeng ya kelotlhoko.

5.5. Ditiragalo tsa bosemorafe kgatlhanong le Sekolo se Segolo sa Basetsana sa Pretoria ke tlhobaboroko. Kabinete e akgola bopelokgale jwa baithuti ka go senola ditiragalo tse tsa bosemorafe le kgethololo kwa sekolong se. Ba tota e le balwelaphetogo ya loago ba ba tlhokegang mo go faposeng naga ya rona mo lemoragong la yona le le tlhaolang gore e fitlhelele maitlhomo a Aforika Borwa yo o seoposengwe.

Re ikuela go maAforika Borwa otlhe go tlotlana le go nna seoposengwe kgatlhanong le tlhaolele ya bosemorafe mo setšhabeng sa rona. Leeto la rona la temokerasi le ageletswe mo go itshokelaneng le mo go tlotlaneng.

5.6. Re nna karolo ya dimilione tsa maAforika Borwa tse di akgolang Setlhopha sa Aforika Borwa ka tiragatso ya sona e e manontlhotlho kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Rio 2016. Setlhopha se se tlotlomaditse naga ka go fenya dimetale di le lesome mo metshamekong e e farologaneng, go akaretsa dimetale di le pedi tsa gauta. Tiragatso e e manontlhotlho ya ga Wayde Van Niekerk fa a ne a fenya gauta mo lebelong la 400m le go roba rekoto ya lefatshe, le motabogo o o lebelo ka mmamoratwa wa rona Caster Semenya mo lebelong la 800m e tla nna e le mo dikakanyong tsa rona rotlhe.

5.7. Kabinete e akgola maAforika Borwa le IEC ka go nna le seabe mo go netefatseng Ditlhopho tse dingwe tsa Pusoselegae tse di atlegileng. Go ralala naga, makgotla a kopane go tlhopha boratoropo, dibui le dimedigolo mo ditlhophong tse di neng di supa temokerasi e e diregang.

Kabinete e rotloetsa baagi botlhe go tswelela go nna le seabe ka Dikomiti tsa Diwate le ditsela tse dingwe tse di akaretsang baagi mo dipusongselegae.

5.8. Go begiwa ga kotlhao ya R1, 5 bilione e e tshwanetseng go duelwa ke ArcelorMittal, motlhagisimogolo wa tshipi mo nageng, ka ntlha ya go utlwanela ditlhwatlhwa mo intasetering ya tshipi ke yona kotlhao e kgolo go gaisa kgatlhanong le setheo se le esi ka bothati jwa dikgaisano.

Setlamo se se ikanne gape gore jaaka karolo ya tuelo le bothati, se tla beeletsa R4,6 bilione mo porojekeng e ntšhwa go tlhabolola dipolante tsa sona le go tokafatsa maemo a kgaisano. Tuelo e, e tlamela gape ka tsela ya go tlhoma bogodimo jwa ditlhwatlhwa e e tla tsholang seelo sa setlamo se mo ditlhagisweng tsa tshipi tse di phaphati mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.

Se ke karolo ya kgalemo kgatlhanong le tiriso e e botlhaswa ya maatla a mebaraka le go utlwanela ditlhwatlhwa go go nyatsang tiragatso ya ikonomi, go sitlholelelwa go go sa tlhokegeng ga ditshenyegelo mo madirelong a a kwa tlase le go senngwa ga ditiro tsa selegae. Puso e tswelela ka maikemisetso a yona a go rotloetsa kgolo ya ikonomi e e bakiwang ke dipeeletso, e seng go utlwanela ditlhwatlhwa go go bakang gore ikonomi e se gole.

5.9. Re ikuela go maAforika Borwa otlhe go dirisa metsi sentle le go a somarela; ka go dira mmogo, re ka netefatsa gore re tswelela go nna le tlamelo ya metsi le go sireletsa mafaratlhatlha a a botlhokwa a metsi.

Go na le maemo a a tswelelang a komelelo mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga mme Gauteng le yona ga jaana e amiwa ke Tsamaiso e e Momaganeng ya Noka ya Vaal e le ka fa tlase ga kgatelelo e kgolo.

Go samagana le maemo a ga jaana, Lefapha la Merero ya Metsi le Kgeleloleswe le dirisana le SALGA, CoGTA le bommasepala go diragatsa ditekanyetso tsa tiriso ya metsi kwa Ekurhuleni, Johannesburg, Tshwane le Mogale City.

Tlamelo kwa mafelong a setoropo e tla fokodiwa ka 15% mme metsi a go nosetsa a tla fokodiwa ka 20%. Ditekanyetso tse di ka se tilwe mme di tla tswelela go netefatsa tlamelo ya metsi go fitlha maemo a tokafala.

5.10. Diphitlhelelo tsa Ditekanyetso tsa Baagi tsa Bogare ba Ngwaga ka Setheo sa Dipalopalo sa SA di bontshitse fa baagi ba Aforika Borwa ba oketsegile go nna batho ba le dimilione di le 55.9 mme tsholofelo ya botshelo ke dingwaga tse 62, mme go lekanyediwa dintsho tsa masea a le 33.7 mo maseeng a le 1000 a a belegweng a tshela.
Kabinete e tlhobaediwa ke koketsego ya seelo sa HIV go tswa go 11.2% ngogola go ya go 12.7% ka 2016 e leng palo e e lekanyediwang go dimilione di le 7.03 tsa batho ba ba tshelang ka HIV.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go dirisana le puso go thibela ditshwaetso tse dišwa ka go dirwa diteko bonnye gangwe ka ngwaga, go tsena mo thobalanong e e babalesegileng, mme banna le basimane ba tsibogele thotloetso ya gore ba rupisiwe kwa maakelong le ditliliniking.

5.11. Kabinete e lemogile katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo ka ga Molao o o Tlhabolotsweng wa Pusetso ya Ditshwanelo tsa Mafatshe, o o neng wa tsenngwa tirisong ka 2014, go bula sešwa tsamaiso ya naga ya pusetso ya mafatshe.

Kgotlatshekelo e neetse Palamente dingwaga di le pedi go busetsa molao o kgotsa go fetisa Molao o mošwa. Katlholo e e kaya gore ga go dikopo tse dišwa tse di ka tlhatlhelwang go fitlha Molao o mošwa o o bulelang sešwa go tlhatlhelwa ga dikgetse o fetisiwa.

Khomišene ya Pusetso ya Mafatshe e tla bo e neela pegelo go bobegakgang go kaela ka dikgato tse di tla latelang katlholo e.

5.12. Aforika Borwa e tla nna baamogela baaeng ba Kopano ya Boditšhaba ya Jeoloji ya bo35 kwa Tikwatikweng ya Dikopano ya Cape Town go tloga ka la bo 27 Phatwe go fitlha ka la bo 4 Lwetse 2016.

Kopano e e ikaelela go nna le seabe mo go tswelediweng ga ditlhotlhomiso tsa motheo le tse di dirisiwang mo disaenseng tsa Jeoloji. Tiragalo e e tla bontsha jeoloji le ngwaoboswa ya jeoloji ya kgaolo tse di itsegeng lefatshe lotlhe mmogo le mafelo a yona a jeoloji a a mabonomantle. Dikgwetlho mo lekaleng le le tsona di tla sekasekwa.

5.13. Kabinete e fetisetsa molaetsa wa matshidiso go ba lelapa le ditsala tsa Tona ya maloba ya Kabinete le Tonakgolo ya Kapa Botlhaba, Moruti Arnold Makhenkesi Stofile. Moruti Stofile e ne e le mogaka le radipolotiki yo o ntseng le seabe mo dipilareng tsotlhe tsa kgaratlho ya Aforika Borwa, go simolola ka ditiragalo tsa sephiri le matsholo a bontsi, go ya go tirisano ya boditšhaba le go bopiwa go go tlhomameng ga ditheo tsa puso.

Kabinete e tshidisitse gape le malapa a ditokololo tsa Matsholotshireletso a Bosetšhaba a Aforika Borwa tse di latlhegetsweng ke matshelo mo kotsing ya bese kwa Clarens kwa Foreisetata.

Kabinete mmogo le Moporesitente Jacob Zuma e romela matshidiso go Motlotlegi Moporesitente Sergio Mattarella, Puso le batho ba Italy morago ga thoromo ya lefatshe e e rathileng bogare ba Italy, e e bakileng dintsho tsa baagi le tshenyo e e maatla mo ditoropong di le mmalwa. Re eleletsa ba ba gobetseng pholo e e bonako.

6. Ba ba thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Kabinete e buisane ka ga go thapiwa ga Boto ya Tirelophofo ya Aforika Borwa (SAA) mme ya amogelwa go thapiwa ga ba ba latelang:

a) Mme Duduzile Cynthia Myeni (o thapilwe gape jaaka Monnasetilo);
b) Mme Mmakeaya Magoro Tryphosa Ramano (Motlatsa Monnasetilo le mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
c) Mme Bajabulile Swazi Tshabalala (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
d) Mme Thandeka Nozipho Mgoduso (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
e) Mme Nazmeera Moola (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
f) Rre Akhter Hoosen Moosa (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
g) Mme Gugu Sepamla (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
h) Rre Siphile Buthelezi (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
i) Rre Peter Holmes Maluleka (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
j) Rre Mzimkulu Malunga (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga);
k) Ngk Martha Mbatha (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga); le
l) Rre Peter Tshisevhe (mokaedi yo e seng wa khuduthamaga).

Tona ya Matlole e tla kopana le Boto e e sa tswang go tlhophiwa go e ema ka lefoko jaaka moemedi wa mongdišere.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766