Back to top

Primary tabs

Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 7 Seetebosigo 2017

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 7 Seetebosigo 2017, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

1. Merero ya ga jaanong

1.1. Kabinete e boeleditse boikuelo jwa ga Moporesitente Jacob Zuma jwa gore maAforika Borwa a tshwaragane kgatlhanong le tirisodikgoka le go bogisiwa ga basadi le bana, le go ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tsaya dikgato ka ponyo ya leitlho tsa go fedisa setlwaedi seno mo metseng ya rona.

Seno se latela leeto la ga Moporesitente kwa Elsies River, kwa Motsekapa, mo go tshegetseng letsholo la Imbizo la Ntwa Kgatlhanong le Bosenyi. Leeto leno gape le nopotse go nna mo tlalelong ga basadi le bana mo metseng ya rona.

Moporesitente o ne a swetsa ka gore o tla boela kwa lefelong leno go tlhotlhomisa dikgwetlho tse dintsi tsa bosenyi le dipolao, bogolosegolo mo baneng le gore boramolao ba tla tokafatsa jang ditirelo tseo ba di abelang baagi ba foo.

1.2. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga pegelo ya Dipatlisiso tsa Malapakakaretso tsa 2016, e leng seo se tsweletseng go bontsha kgatelopele e e leng teng mo go tsenyeng tirisong manaane a puso mabapi le go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa, bogolosegolo a baagi bao mo malobeng ba neng ba sa neelwe ditšhono.

Dipalo di bontsha gore puso e dira go tlala seatla mo go tlameleng baagi ka dintlo, mo malapa a maAforika Borwa a nnang mo dintlong tsa ‘RDP’ kgotsa mo dintlong tseo puso e thusanang le moreki go di duelela ka dipalo tse di oketsegileng go tloga mo go 5% ka 2002 go fitlha mo go 13,5% ka 2016.

Dipatlisiso tseno gape di bontsha gore manaane a thuso ya tlhokomelo ya setšhaba a oketsegile go tloga mo go 12,7% ka 2003 go fitlha mo go 29,7% ka 2016.

Gape go na le koketsego e e nopotsweng mo go tlameleng ka metsi, motlakase le kgeleloleswe, e leng sengwe se se botlhokwa thata mo maitlhomong a pusong ya Aforika Borwa a go baakanya diphoso tsa puso ya tlhaolele ka go tlamela baagi botlhe ka ditlamelo tsa motheo.

Kabinete, le fa go le jalo, e nopotse gore le fa ikwadiso kwa thutong e kgolwane e oketsega, le fa e le ka lebelo le le kwa tlase, ke bathobatsho ba le 3,3% ba ba mo magareng ga dingwaga di le 18 le 29 ba ba ithutelang pele fa go bapisiwa le 18,8% ya maIndia/maAsia mme 17,5% ke ya basweu mo bathong ba dingwaga tse di nopotsweng.

Ke fela 3,5% ya makhalate ao a neng a ithutela pele mo ngwageng wa 2016.

Dipatlisiso di bontshitse gape le phokotsego go tloga mo go 23,8% go fitlha mo go 11,8% ya malapa a a robalang ka tlala, e leng sesupo sa kgatelopele mo go samaganeng le baagi ba ba leng mo khumanegong e e tseneletseng.

1.3. Kabinete gape e tsibogetse Dipatlisiso tsa Badiri mo Kotareng tseo di dirilweng mo kotareng ya ntlha ya ngwaga tseo di bontshitseng fa ikonomi e kgonne go tlhola gape ditiro tse dingwe di le 144 000. Dipalo tseno di rotloeditswe ke koketsego ya batho ba le 433 000 bao ba senkang ditiro.

Kabinete e gatelela maikemisetso a yona a go tswelela go dirisana mmogo le lekala la poraefete le mekgatlho ya badiri mo maitlhomong a yona a go samagana le dikgwetlho tsa naga tse di mabapi le botlhokatiro.

1.4. Kabinete e amogetse go thankgololwa ya Intaseteri ya Diphaka ya Babelegi kwa Hammanskraal jaaka karolo ya puso ya go potlakisa tlhabololo ya ikonomi le go tlhola ditiro mo lefelong leo.

Porojeke eno e e jeleng R42 milione ke karolo ya puso ya Lenaane la Tsosoloso ya Mafelo a Diintaseteri mme gape ke le lengwe la mafelo ao a le marataro ao a tsosoloswang mo nageng gore a kgone go tlhabolola ikonomi ya diintaseteri.

Kabinete e rotloetsa diintaseteri tsa fa gae mmogo le dikgwebo go ka fudusetsa dikgwebo tsa bone kwa mafelong ao a diintaseteri gore ba iponele ditshegetso tse di farologaneng tseo di leng teng go ka atolosetsa pele dikgwebo tsa bone.

1.5. Kabinete e ne ya tsiboswa ke Tona ya Matlole, Rre Malusi Gigaba, ka tshedimosetso ya jaanong e e ka ga dipalo tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) sa Aforika Borwa, seo se aparetsweng ke 0,7% mo kotareng ya ntlha ya 2017.

Dipoelo tse di bokoa thata tseno tseo di neng di sa solofelwa di kwa tlase thata go gaisa tsa Tshekatsheko ya Tekanyetsokabo ya 2017, tseo di neng disolofetse kgolo ya GDP mo ngwageng wa 2017 go gola ka 1,3%. Seno, gareng ga tse dingwe, se tlhodilwe ke go se dire sentle ga tlhagisodikuno, kgwebisano, diintaseteri tsa dijo le tsa marobalo.

Le fa go le jalo, ikonomi e ne e sa tshegediwa ke kgolo mo intasetering ya meepong le ya mo mawatleng e leng e e tlhatlogileng ka 12.8%. Temothuo, intaseteri ya dikgwa le boreatlhapi di itharabologetswe mo kotareng ya ntlha ya 2017 ka koketsego ya 22,2%.

Go na le dikgato tseo naga e ka di tsayang go thusa go tshegetsa sebopego sa kgolo ya ikonomi ya yona. Tseno di akaretsa go tokafatsa kgolo mo lefatsheng, go somarela ditlhwatlhwa tsa dithoto, go nna le maemo a loapi a a siametseng naga, go nna le tlamelo ya motlakase e e tshepagalang le go nna le dikgogakgogano tsa badiri tse di senang tshenyo.

Kabinete e ipiletsa mo dikgwebong, mekgatlhong ya badiri le mo setšhabeng ka botlalo go dirisana le puso mo go matlafatseng manaane a rona a kgolo ya ikonomi le mo go direng gore babeeletsi ba nne le tshepo e kgolo mo nageng ya rona gore re kgone go kgaotsa kwelotlase mme re kgone go godisa ikonomi, go fitlhelela kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe.

Mo ntlheng eno, Tona ya Matlole e tla kopana le baeteledipele ba dikgwebo mo maitekong a go tlhama ditogamaano tse di tla samaganang le kwelotlase ya ikonomi le go ka fitlhelela kgolo ya ikonomi.

Kabinete e amogetse tsiboso ka botlalo ya bobegakgang e e dirilweng ke Tona ya Matlole go tsibosa maAforika Borwa ka ga dikgato tseo puso e tla di tsayang go latela letlhomeso la ga jaana la tekanyetsokabo. Kabinete gape e ne ya gatelela go amogelwa ga letlhomeso la tekanyetsokabo la naga.

1.6. Ditheo tsa Tshekatsheko Maemo a Ikonomi e leng sa Fitch le sa Standard & Poor’s ba netefaleditse gore Aforika Borwa e balelwa mo maemong a dikoloto tsa pakatelele tsa madi a dinaga tsa kwa ntle a ‘BB+’.

Seno se tla morago ga gore Tona Gigaba a buisane le makala a poraefete go netefatsa gore tiro e e kopanetsweng ya puso, kgwebo, mekgatlho ya badiri le setšhaba e a tswelela, le gore maikano a a tserweng a a diragadiwa.

Kabinete e gateletse gore maAforika Borwa a tshwanetse go tswelela go dira ba tshwaragane, bogolosegolo fa fo na le mathata mme ba dire ka natla go netefatsa gore naga e boela mo maemong a yona a dipeeletso.

1.7. Kabinete e amogetse ditsereganyo tse di dirilweng kwa kopanong ya Komiti ya Botsamaisi e e Kopanetsweng tebang le Dimaraka tse di Tlwaelegileng tsa Borwa (MERCOSUR) le tsa Mokgatlho wa Lekgetho wa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (SACU) mo malobeng o o tshwaretsweng mo nageng.

Makoko a dumelane gore mmogo a tla sekaseka ditšhono tsa go tsholetsa Tumelano ya Dikgwebisano tse di Tlhokegang (PTA) ya MERCOSUR ka go akaretsa ditheo tsa yona tsa tsholetso ya dikgwebisano, mekgatlokitso ya dikhomese, makala a poraefete mmogo le Dintlo tsa Boambasatara mmogo le tsa barongwa ba batswantle.

PTA ya MERCOSUR-SACU e tlamela baitseanape ba fa gae ka ditšhono tsa go tsenela dimaraka tsa go feta batho ba ba fetang ba le 280 milione.

Kabinete e ikuela mo go bagwebi ba naga ba diromelwantle go tsaya tšhono eno ya PTA ka fa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng ga jaana di kgona go tsena mo lenaneong la MERCOSUR ka lekgetho le le tlhokegang la ditlhagisiwa.

1.8. Kabinete e swabisitswe ke tshwetso ya Amerika (USA) ya go ikgogela morago mo Tumelanong ya Paris.

Tumelanong ya Paris, eo e tla simololang go dira ka botlalo ka 2020, e ikaegile ka seabe sa tsenyoletsogo seo dinaga ka bo tsona se itlhophetseng sone e le go fitlhelela dipeelo tsotlhe tseo dinaga ka bo jotlhe mo lefatsheng di di utlwanetseng.

Aforika Borwa e ikueletse mo nageng ya Amerika go ipatla e ipatlisise ka tshwetso ya bone mme e swetse ka go boela mo thulaganyong eno ya dinagantsi.

1.9. Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) magareng ga Novartis, Lekgotla la Dipatlisiso ka tsa Boitekanelo la Aforika Borwa mmogo le Lefapha la Saense le Thekenoloji o rulaganyetsa tsela ya go tshegetsa bontsi jwa ditekelelopatlisiso tsa boitekanelo le go tlhoma bokgoni jwa dipatlisiso mo kontinenteng.

Tumelano eno tla kgontsha gore go nne le manaane a dipatlisiso a a kopanetsweng mo malwetseng a a nopotsweng a a fetelanang le a a sa fetelaneng, ya tokafatsa phitlhelelo ya maAforika Borwa ya melemo e e sa tswang go tlhamiwa mmogo le go godisa bokgoni jwa dipatlisiso mo nageng le mo kontinenteng.

Kabinete e dumela gore go santse go tlhokagala gore go nne le terisanommogo magareng ga ditheo tsa puso le tsa poraefete, e ga e na pelaelo gore tseno di ka kgona go samagana le dikgwetlho tse dintsi tse go tobanweng natso.

1.10. Kabinete e amogetse Pegelo ya 2017 go tswa kwa Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Kgothakgothe le Kopanokgothakgothe, o o tswelelang go balela Aforika Borwa mo maemong a a kwa godimo mo go tshwareleng mekete ya dikgwebo mo Dinageng tsa Aforika le mo Dinageng tsa Botlhabagare. Pegelo e ne ya gololwa ka Motsheganong 2017 kwa Frankfurt, Germany.

Aforika Borwa e tswelela go nna e nngwe ya dinaga tse di itsegeng thata mo lefatsheng tsa bojanala mme e tswelela go balelwa kwa maemong a a kwa godimo mo Foramong ya Ikonomi ya Lefatshe mo Maetong a go eta leftshe ka bophara mmogo le mo go bapisiweng ga maemo a dikgaisanong tsa bojanala jaaka go phasaladitswe ka Moranang 2017.

Kabinete e ka rata go bona tse dingwe tsa ditorotswana tsa Aforika Borwa di tsenela go ka nna baamogelabaeng ba dikopano tse dinnye moo ba ka kgonang go fitlhelela ditlhokwa tsa go nna baamogelabaeng. Seno se tla kgontsha go tokafatsa go anama ga bojanala go feta ditikwatikwe tse dikgolo mmogo le go phasaladiwa ka go lekalekana merokotso e e tlisiwang ke go tshwarwa ga mekete eno.

1.11. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go nna ba ntshitse matlho dinameng kgatlhanong le dikgang tseo e leng tsa maaka, bogolosegolo mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano mabapi le basetsanyana le basadi ba ba latlhegileng, ba ba utswitsweng le ba ba thopilweng ka dikgoka. Mebudubudu e e runtseng kwa KwaMashu, gaufi le Durban ka ntlha ya go phasaladiwa ga dikgang tsa maaka tse di ka ga go utswiwa ga bana mo lefelong leo mmogo le tse di ka ga go thopiwa ka dikgoka ga mosetsanyana kwa Naledi, Soweto ka mokganni wa Toyota Quantum eo go neng ga phasaladiwa le dinomoropolata tsa yona di ne tsa tuma thata mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano, mme kwa bokhutlhong go ne ga lemogwa gore ga di nna bonnete.

Matshosetsi ano le dikgang tseno tsa maaka le go phasaladiwa ga tshedimosetso e e senang boammaruri di dira gore baagi ba nne mo letshogong mme gape di senyetsa sepodisi nako le didirisiwa. Re ikuela mo baaging go se phasalatse le go se abelane dikgang tse di senang boammaruri mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano, go fitlha ba nna le bonnete jwa gore ke tsa boammaruri.

1.12. Kabinete e tshwentswe thata ke dipegelo tsa bobegakgang tse di ka ga ‘diimeili tse di phasaladitsweng ntle le tetla ya beng ba tsona mme go sena bonnete ka ga tsone’ tseo go begilweng fa di tloditse ka jeme Ditona, badiredipuso le batho ba bangwe ka gore go na le go go sa siamang goo ba go dirileng.

Kabinete e tswelela go netefatsa fa puso e tsamaisiwa ka tolamo, gape e nopotse gore batho botlhe ba tla tseewa ba sena molato go fitlha ba bonwa molato jaaka go tlhalositswe mo Molaotheong.

Kabinete e ikuela mo go botlhe bao ba nang le tshedimosetso ka ga go go sa siamang goo badiredipuso kgotsa Ditona ba go dirileng go go tlhagisa kwa ditheong tsa tiragatso ya molao gore go kgonwe go tlhatlhelwe dipatlisiso.

E a itse gore go na le dikgetse tseo di setseng di tlhatlhetswe, le gore sepodisi se setse se boloditse dipatlisiso tse di matshwanedi. Botlhe bao ba supilweng ke diimeile tseno ba rotloediwa go ikoba fa pele ga ditheo tsa tiragatso ya molao.

Moporesitente Zuma o ragetse kgakala ditatofatso tse di neng di phasaladitswe mo lokwalodingang lwa Latshipi tsa gore o na le ntlo kwa Dubai e e kwa United Arab Emirates.

2. Ditshwetso tsa kabinete

2.1. Kabinete e ne ya akgolwa ka ga Pegelo ya yona ya bo 4 ya Dipoelo tsa Pakatharo ya 2016/17 (Ferikgong-Mopitlwe 2017) mabapi le go tsenya tirisong dipoelo tse di botlhokwa.

Go ela maemo tlhoko ga Kabinete mabapi le go tsenngwatirisong ga Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2014 to 2019, go tlhodile gore go nne le kaboditirelo e e tokafetseng. Seno se re atumeletsa gaufi le go ka itharabologela Ponelopele ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Kabinete e dirile kgatelopele e e namatshang mo go tsenyeng tirisong dipoelo tsa yona tse di botlhokwa di le 14 mmogo le go atolosa maitlhomo a NDP. Dikgwetlho tse di amang go tsenngwatirisong le go tsaya dikgato go go tlhokagalang go ka tokafatsa kaboditirelo le tsone di ne tsa supolwa.

GCIS e rulaganya ditsiboso tsa bobegakgang tse di mabapi le ditlhophatiro, tseo di rulaganyeditsweng go tshwarwa ka la bo 9 go fitlha ka la bo 18 Seetebosigo 2017. Lenaneothulaganyo le leng mo dinakong le tla phasaladiwa mo go www.gov.za

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Moporesitente Zuma o thankgolotse kgwedi ya bašwa ka moono yo o reng, “Ngwaga wa ga OR Tambo: Re Atolosa Matlafatso ya Bašwa mo Ikonoming”, a le mo kopanong le Setlhophatiro sa Bašwa sa Kantoro ya Moporesitente. Kopano eno e kopantse baeteledipele ba puso le ba mekgatlho ya bašwa, bao ba nopotseng kgatelopele e e dirilweng mo go tlhabololeng maemo a bašwa mo ikonoming ya loago.

Ditona le Batlatsatona ba tla buisanela ditiragalo tse di farologaneng tseo maitlhomo a tsone e leng go rotloetsa tlhabololo le matlafatso ya bašwa. Mokete wa Tlotlo ya Letsatsi la Bosetšhaba la Bašwa o tla tshwarelwa kwa Ventersdorp, Bokone Bophirima ka la bo 16 Seetebosigo 2017.

Monongwaga o tla bo o tshwaya segopotso sa bo 41 sa Mogwanto wa kwa Soweto mme mokete ono wa tlotlo e tla nna segopotso sa gore bašwa ba naga eno e ne e le bona ba ba neng ba eteletse pele kgaratlho.

Kabinete e rotloetsa bašwa botlhe go tsaya karolo mo ditiragalong tsa Letsatsi la Bašwa mmogo le go dirisa tshegetso le didirisiwa tsotlhe tseo puso e di ba neelang gore ba tokafatse maemo a bona le go atolosa seabe sa bona mo ikonoming.

3.2. Khonferense ya pusoselega e e e ka ga bašwa

Tona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), Rre Des van Rooyen, o tla tshwara Khonferense ya Pusoselegae go simolola ka la bo 19 g fitlha ka la bo 22 Seetebosigo 2017, ka moono yo o reng, “Bašwa ba etelela pele tlhabololo”. Khonferense eno e tla thankgolola Foramo ya Pusoselegae e e ka ga Tlhabololo ya Bašwa.

Seno se tla kgontsha bašwa go sekaseka kgatelopele ya pusoselegae kgatlhanong le diphitlhelelo tsa Pholisi ya Naga mabapi le Bašwa (NYP) ya 2020. Gape e tla matlafatsa tirisanommogo magareng ga puso, kgwebo le mekgatlho ya baagi mo go tlholeng baeteledipele ba bašwa mo dikgaolong tsa selegae.

3.3. Tona ya Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA), Mme Faith Muthambi, o tla etelela pele baromiwa ba Aforika Borwa go tsenela Dikopano tsa Letsatsi la Bodiredipuso mo Aforika tse di tla tshwarelwang kwa Kigali, Rwanda go tloga ka la bo 21 go fitlha ka la bo 23 Seetebosigo 2017. Moono wa monongwaga o re: “Go Simolola Setlwaedi sa Kaboditirelo tse di Ikaegileng mo Baaging: Go dirisana le Bašwa mo go Fetoleng Thefosano mo Aforika.”

Moono ono o neelana ka ditšhono tsa go sekaseka ka fao tirelopuso e tsibogelang setlwaedi sa tirelo e e ikaegileng mo baaging e leng seo se eleditsweng ke ka fao dilo di diragadiwang ka teng ga jaana.

4. Melaetsa ya matshediso

4.1. Kabinete e romela matshediso a yona kwa balelapa le ditsala tsa ga monamedi yo a tlokafetseng fa diterene di le pedi tsa Metrorail di ne di sugagana gaufi le kwa seteišeneng sa Elandsfontein kwa Ekurhuleni mme e eletsa bao ba gobetseng mo kotsing eo itharabologelo ya ka pejana.

Kabinete e ikuela gore go nne le dipatlisiso tsa ka pejana ka ga seo se tlhodileng kotsi eno gore go efogwe go ipowa sebedi ga kotsi eno e e setlhogo.

4.2. Kabinete e ikamantse le dinaga tsa boditšhabatšhaba ka go nyatsa ditiragalo tsa sešeng tsa borukhutlhi kwa United Kingdom (UK). Tlhaselo eno, eo e diragetseng bosigo jwa la bo 3 Seetebosigo 2017 kwa Teropokgolong ya London, e bolaile batho ba le mmalwa fa ba bangwe ba tswile dikgobalo.

Tlhaselo eno ya kwa London e diragetse morago ga dibeke di le pedi go latela ya kwa Manchester, moo baagi ba bantsi, bontsi e leng bašwa le bana, ba tlhokafetseng.

Kabinete e rometse matshediso a yona kwa pusong le baaging ba kwa UK, bogolosegolo kwa malapeng le kwa baratiweng ba bao ba ragileng kgamelo, mme gape e eletsa pholo ya ka bonako go bao ba iponetseng dikgobalo.

4.3. Kabinete e romela matshediso a yona kwa balelapa le ditsala tsa ga Moporofesara Babatunde Osotimehin, yo a tlhokafetseng mo bekeng eno. Moporofesara Osotimehin e ne e le Molaodi wa Khuduthamaga wa Letlole la Baagi la Dinagakopano. O ne a e botlhokwa thata mo go laoleng dintlha tse di ka ga boitekanelo jwa malwetse a thobalano le dirwe tsa pelegi mo Aforika mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.

O ne a dira ka natla go tsholetsa boitekanelo jwa malwetse a thobalano le dirwe tsa pelegi mmogo le ditshwanelo tsa basadi le bašwa mo Aforika le mo lefatsheng ka bopharala.

O ne a a lwela thata le ditshwanelo tsa Basadi ba ba Ratanang le ba Basadi ba Bangwe, Banna ba ba Ratanang le Banna ba Bangwe, Batho ba ba Ratanang le ba Bong jo bo Farologaneng le jwa Bona mmogo le ba Bong jo bo Tshwanang le jwa Bona, Batho ba ba Itsayang e le ba Bong jo bo Rileng jo bo Farologaneng le jo ba Nang le Bona, Batho ba ba sa Tlhaloganyegeng le Batho ba Bong jo bo sa Itlhaloseng ka Botlalo Bong jwa Bona.

4.4. Ditsuatsue tsa kwa motsekapa le melelo e e lakaoditseng knysna

Kabinete e nopotse ditsuatsue tse di aparetseng dikarolo di le dintsi tsa kwa Kapa Bophirima mmogo le tshenyo ya dithoto e e diragetseng ga jaana. Kabinete e romela matshediso a yona kwa balelapa le ditsala tsa bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona le dithoto tsa bona mo nakong ya masetlapelo ano; palo ya dintsho e e begilweng sešweng jaana ke ditopo di le robedi.

Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo ya Motsekapa e ikemiseditse go dira ka natla go pholosa matshelo le dithoto tsa batho, go akaretsa le kwa Knysna koo go tukang malakabe. Re ikuela mo bathong go obamela dikgato tsa pabalesego.

5. Melaetsa ya kakgolo

5.1. Kabinete e amogetse tshwetso ya Moporesitente Jacob Zuma ya go thapa Moleftenente Kakaretso Lesetja Mothiba go nna Mokomišenara wa Sepodisi sa Naga wa Namaotshwere o montšhwa.

5.2. Kabinete e akgola baatleletiki le borametshameko ba rona go bo ba tlhophilwe mo dikgaolong di le robedi tsa Dikabo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Metshameko ya Kgaolo tsa 2017, tseo di neng di tshwaretswe mo Aforika Borwa.

Lekgotlha la Kgaolo ya bo 5 la Tshwaraganelo ya Metshameko la Aforika ke le lengwe la dikgaolo di le tlhano tseo di neetsweng maikarabelo a go tlhabolola metshameko ka go ikarabela go Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU). Ditokololo tsa kgaolo di akaretsa:Angola, Botswana, Lesotho, Malawi, Mozambique, Namibia, Aforika Borwa, Swaziland, Zambia le Zimbabwe.

Wayde van Niekerk o fentse maemo a Rramotshameko o o Dirileng Bontle wa Ngwaga
Caster Semenya o fentse maemo a Mmamotshameko o o Dirileng Bontle wa Ngwaga
Anna Botha o fentse maemo a Mokatisi yo a Dirileng Bontle wa Ngwaga
Mamelodi Sundowns e fentse maemo a Setlhopha se se Dirileng Bontle sa Ngwaga.
 
5.3. Kabinete e akgotse baagi ba Lesotho ka go tshwara ditlhopho tse di renang kagiso mmogo le go akgola Tonakgolo e e fentseng ditlhopho Rre Thomas Thabane le Mokgatlho wa gagwe gobo o fentse ditlhopho.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Mokaedikakaretso (DG): Lefapha la Tiromaano, Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro, Mme Nompumelelo Zandile Mpofu.
6.2. DG: Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba, Rre Dondo Mogajane.

Dipotsiso: Mme Phumla Williams
Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139