Find Us On...

Find us on FacebookFind us on TwitterFind us on YouTubeFind us on FlickrFind us on Instagram
National Conference on the Constitution
President Ramaphosa delivers the keynote address at the conference
Human Rights Day 2023
President Ramaphosa delivers the keynote address at the commemoration
Annual dialogue of Government and NHTKL
President Ramaphosa participates at the annual dialogue of Government and National House of Traditional and Khoi-San Leaders
Special Extended SANAC Plenary
Deputy President Mashatile convenes the first plenary of 2023, Union Buildings in Pretoria
Courtesy Call
Deputy President Paul Mashatile pays a courtesy call on President Samia Siluhu Hassan of the United Republic of Tanzania
1
2
3
4
5
previous next

Pages

Back to top

Primary tabs

Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 22 Phatwe 2019

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 22 Phatwe 2019, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI)

1.1. Kabinete e ikuela mo baaging go sekaseka Molaotlhomo wa NHI, o ga jaanong o leng mo diatleng tsa Palamente. Thulaganyo ya palamente e tla neela baagi tšhono e nngwe gape ya go sekasekana le Molaotlhomo ono.

1.3. Gang fa Molaotlhomo ono o sena go amogelwa go nna molao, o tla dira gore baagi botlhe ba bone tirelo ya tlhokomelo ya boitekanelo mo nageng yotlhe ntle le go duelela le fa e le sente yo montsho, go sa kgathalesege maemo a bona a ikonomi mo loagong. Tshwanelo eno e teng mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

1.4. Kabinete e na le tshepo e e tletseng gore NHI e tla tsenngwatirisong ka dikgato le ka maikarabelo. Go tla tlhagisiwa leano la dikgato tse di tla diragadiwang mme le tla phasaladiwa gang fa Molaotlhomo ono o sena go amogelwa go nna molao.

2. Go etela semmuso kwa Tanzania mmogo le Samiting ya SADC

2.1. Kabinete e amogetse pegelo e e ka ga Leeto la Summuso la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa la go etela United Republic of Tanzania, leo mo go lona le tsenyeletsang baromiwa ba dikgwebo bao maitlhomo a bona e leng go godisa kgwebisano le dipeeletso mo dinageng tsa Aforika. Jaaka karolo ya lenaane la go dira ditekolo, Moporesitente o etetse gape le teropo ya Morogoro, eo balwelatokologo ba naga ya Aforika Borwa ba neng ba nna kwa go yona. O beile kgare kwa Mazimbu Tower e le segopotso sa maAforika Borwa otlhe a a thutseng potala ka tlhogo ba le kwa dinageng tsa botshabelo.

2.2. Moporesitente Ramaphosa o ne gape a eteletse pele baromiwa ba naga ya Aforika Borwa kwa morerong wa Samiti e e Tlwaelegileng ya Ditlhogo tsa Mebuso ya Dinaga ya bo 39 ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) mo molekanekaene wa naga ya Tanzanian, Moporesitente John Pombe Magufuli, a tseneng mo marapong a go nna Monnasetulo wa SADC.

2.3. Mo maemong a gagwe jaaka Moemedi wa SADC mo mererong ya Nagasegosi ya Lesotho, Moporesitente Ramaphosa o rebotse pegelo e e ka ga dikgato tsa ditharabololo tse di setseng di tserwe mo mererong eno tseo a di tlhagisitseng kwa Samiting ya SADC ka ga Mokgatlo wa Dipolotiki mo go Troika, ka ga Tirisanommogo mo Tshireletsegong le mo Pabalesegong e e neng e tshwerwe ka Labotlhano, 16 Phatwe 2019.

3. Kopano ya bo 28 ya BASIC

3.1. Kabinete e akgotse kopano ya bo 28 ya dinaga tsa Brazil, Aforika Borwa, India le China (BASIC) mabapi le phetogo ya loapi e e tshwaretsweng kwa Brazil go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 16 Phatwe 2019.

3.2. Kabinete e kgotsofaditswe gape le ke dikgato tse dikgolo tse di tla tsewang ke dinaga tsa BASIC mabapi le phetogo ya loapi mo go tshegetseng ditumelano tsa boditšhabatšhaba pele ga 2020 le morago ga paka eno, go sa kgathalesege maemo a dikgwetlho tse dintsi tsa ikonomi le tsa loago tse dinaga tseno di tobaneng le tsona.

3.3. Kabinete e tshegeditse boikuelo jwa dinaga tsa BASIC gore dinaga tse di setseng di gatetse pele e nne tsona tse di tlamelang ka matlole, ka thekenoloji le ka bathusi go samagana ka tshwanelo le go diragatsa Tumelano ya Letlhomeso la Dinagakopano (UN) mabapi le Phetogo ya Maemo a Loapi, Tumelano ya yona ya Kyoto mmogo le mabapi le Tumelano ya Paris ka tsela e e ka se bakeng gore dinaga tse di santseng di iketetsa di se imelwe ke dikoloto.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo

1.1. Kabinete e neseditse pula Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo, e leng leano le le ntle tota fa go tla mo manaaneng a kabo ya ditirelo. Leano leno, le ga jaanong le tsepamisitseng mogopolo mo ditikologong di le 44 le diteropokgolo di le robedi, le tla netefatsa gore go nna le tolamo le tirisano mo maphateng otlhe a puso – a naga, a porofense le a selegae – fa go tla mo go logeng maano, mo go rulaganyetseng tiriso ya matlole le mo go diragatseng diporojeke tsa kabo ya ditirelo mo ditikologong tsotlhe.

1.2. Leano leno le tswa mo Molaong wa Letlhomeso la Ditirisanommogo Magareng ga Maphata a Puso, wa 2005 (Molao wa bo 13 wa 2005), o o rebolang letlhomeso le le tla tolamisang le go golaganya dintlha tse di botlhokwa tse di ka ga tlhabologo, mmogo le ditshwaelo magareng ga maphata ano a le mararo a puso. Leano leno go solofetswe gape gore le tla thusa matsholo a mangwe a a ka ga tolamiso a a jaaka Maano a Tlhabololo a a Tshwaraganetsweng (di-IDP) mo tsepamiso e totobetseng mo go diragatseng leano le le lengwe mo tikologong nngwe le nngwe go ralala le maphata otlhe a puso.

1.3. Moporesitente Ramaphosa e tla nna ene yo a gogang leano leno kwa pele, mme o tla bo a tshegeditswe ke Motlatsamoporesitente David Mabuza mmogo le khuduthamaga yotlhe. Ditonakgolo tsa Diporofense mmogo le bakhuduthamaga ba bona go akaretsa le Bomeyara ba ditikologo, ba na mmogo le EXCO, ba tla nna karolo ya tiragatso ya Leano leno la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo.

2. Lekgotla la Tsamaiso ya Merero ya Moporesitente (PCC)

2.1. Moporesitente Ramaphosa o tshwere kopano ya PCC, eo e leng ya ntlha mo Tsamaiso eno ya Borataro, ka Labobedi, 20 Phatwe 2019. Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo le reboletswe PCC mme le amogetswe ke Ditonakgolo tsa Diporofense tsotlhe.

2.2. Mo kopanong eno go dumelwane gape le ka diporojeke tsa ntlha tsa ditikologo tseo Moporesitente a tla nnang a ntse a di lekola, mme ditikologo tseno di tla akaretsa Tikologo ya OR Tambo kwa Kapa Botlhaba; Tikologo ya Waterberg kwa Limpopo le Tikologo ya Masepala wa Teropokgolo ya Ethekwini kwa KwaZulu-Natal.

2.3. Diporojeke tsa ntlha tsa ditikologo tseo di tla nnang di lekolwa di akaretsa tikologo ya metseselegae, tikologo ya meepo mmogo le metseseteropo ya diteropokgolo. Ka fa ditikologo tseno e tla nna tsa ntlha tse re tla simololang ka tsona mo leanong la tiragatso ya kabo ya ditirelo e e ikaegileng ka ditikologo, ditikologo tse dingwe gape di le 42 le diteropokgolo di le supa le tsona di tla tle di lekolwa ke Moporesitente Ramaphosa le puso e a e eteletseng pele mmogo le baeteledipele ba dipuso tsa diporofense mo tsamaong ya Tsamaiso eno ya Borataro.

2.4. Mo kopanong eno go nnile gape le tshedimosetso le dipuisanelo ka ga go lolamisa ditogamaano di le robongwe tsa go Tlhabolola le go Godisa Diporofense le Letlhomesong la puso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2019 – 2024.

3. Tumelano ya Letloletlamelo la dinaga tsa India, Brazil le Aforika Borwa (IBSA)

3.1. Kabinete e neseditse pula Letloletlamelo la IBSA mabapi le go Fedisa Lehuma le Tlala (ka Tumelano ya Letloletlamelo IBSA) e e rometsweng kwa Palamenteng go sekasekiwa. Tumelano eno e magareng ga Puso ya Rephaboliki ya India, Puso ya Rephaboliki ya Bofederale ya Brazil mmogo le ya Puso ya Rephaboliki ya Aforika Borwa.

3.2. Letloletlamelo leno la IBSA le tlhodilwe ka ngwaga wa 2004 go tsholetsa matsapa a batho a go tsholetsa Tirisanommogo Magareng ga Dinaga tse di leng kwa Borwa mo Dikontinenteng tsa Botsona.

3.3. Letloletlamelo leno le kgontshitse Aforika Borwa go nna le seabe se se bonagalang mmogo le mo go nneng le seabe mo maemong a boditšhabatšhaba a go fedisa lehuma le tlala mo dinageng tse di santseng di iketetsa. E nnile gape le seabe mo go tsholetseng Dipeelo tsotlhe tsa Tlhabololo ya Leruri (di-SDG) di le 17 mo dinageng tsotlhe di ka nna 21 tse di dirisanang mmogo.

4. Kopano ya bo 4 ya Dikantoro tsa Ditona tsa Ditirelo tsa Tsibogelo ya Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo ka Ponyo ya Leitlho mo Kontinenteng ya Aforika (ACIRC)

4.1. Kabinete e neseditse pula kgang ya go amogela baeng mo kopanong ya go ipaakanyetsa go amogela baitseanape mo Kopanong ya bo 4 ya Dikantoro tsa Ditona tsa ACIRC

4.2. Seno se tshegetsa le go nna le seabe mo mererong e e kwa godimo ya puso mo go tsholetseng kagiso le tsetsepelo mo kontinenteng le mo tikologong, le mo go netefatseng gore ditshwetso tsa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) tse di tsamaelanang le go ritibatsa maemo le ditiro mo Sesoleng sa ACIRC le mo Sesoleng sa go Disa Maemo mo Aforika (ASF) di a diragadiwa. Seno se tla netefatsa gape le gore Sebopego sa Kagiso le Pabalesego mo Aforika se a ritibatswa e bile se a diragadiwa.

4.3. Naga ya Aforika Borwa mmogo le Dinaga tse dingwe di le 12 tse tse di Ithaopileng ke karolo ya ACIRC e e tlhomilweng kwa ngwaga wa 2013 e le ditsereganyo tsa nakwana go fitlha ASF e simololwa go dirisiwa.

C. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo wa Tshireletso ya Bareki ba Dintlo wa ngwaga wa 2019

1.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Tshireletso ya Bareki ba Dintlo wa ngwaga wa 2019, mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se dire ditshwaelo.

1.2. Molaotlhomo ono o tsena mo legatong la Molao wa Dikgato tsa Tshireletso ya Bareki ba Dintlo, wa 1998 (Molao wa bo 95 wa 1998). Letlhomeso leno le le lentšhwa la molao le tla laola melao ya baagi ba dintlo le ditlamo tse di agang dintlo; la oketsa tshireletse ya bareki ba dintlo; la tsenya tirisong dikgato tse di mosola tsa kgalemo le go tshwaela dikgato tsa katlholo tse di tla aparelang bao ba sa obameleng molao ono.

1.3. Molaotlhomo ono gape o lolamisa tikologo ya kago gore bao e leng gona ba tsenang mo intasetering eno ba se imelwe ka go dira dikonteraka tse di dirang gore ba se tsene le go wa mo kgwebong eno.

1.4. Diporojeke tsa dithuso tsa go reka dintlo le tsa dintlo tsa go agelwa setšhaba ke puso jaanong ke karolo ya Molaotlhomo ono, go netefatsa gore bareki ba dintlo tseno ba sireletsegile.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Samiti ya TICAD VII

1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla tsenela Samiti ya bo 7 ya Khonferense ya kwa Tokyo ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Tlhabololo ya Aforika (TICAD VII) e e tshwaretsweng kwa Japan ka la bo 29 le la bo 30 Phatwe 2019. Moono wa samiti eno, “Go Atolosa Tlhabololo ya Aforika ka go Dirisa Thekenoloji, Boitshimololedi le Batho”, mme e bile e tsamaelana le Dipeelo tsa Mogopolo wa AU wa 2063 mmogo le ditlapele tsa kontinente mabapi le go golagana.

1.2. Samiti ya monongwaga ya TICAD VII gareng ga tse dingwe e tla tšhotlha merero e le meraro e e botlhokwa: (i) go potlakisa phetolothefosano mo mererong ya ikonomi le ya loago le go tokafatsa dikgwebo ka boitshimololedi le go buisana le makala a poraefete; (ii) go gatelela kgang ya go nna setšhaba se se somarelang le se se kakatletseng; mmogo le (iii) go gagamatsa kagiso le tsetsepelo.

1.3. Tirisanommogo ya naga ya Japan ka ga merero ya ka fa nageng le ya boditšhabatšhaba e botlhokwa thata mo go tsweletseng Maitlhomo a Aforika le mo go fitlheleleng maitlhomo a Tirisanommogo ya Dinaga tse di leng kwa Borwa mo Dikontinenteng tsa Botsona.

2. Samiti ya Dinaga di le Supa (G7)

2.1. Moporesitente Ramaphosa o tla etelela kwa pele setlhopha sa baromiwa kwa Samiting ya G7 e e tla tshwarelwang kwa nageng ya France go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 26 Phatwe 2019, go latela taletso ya naga ya Aforika Borwa go tsenela kopano eno jaaka modirisanimmogo yo o botlhokwa.

2.2. G7 ke foramo ya dinaga di le supa tse di nang le ikonomi e e tlhabologileng e e rweleng diintaseteri tse dikgolo mo lefatsheng – France, Germany, Italy, Japan, Amerika, United Kingdom le Canada – tseo baeteledipele ba puso mo dinageng tsa bona ba kopanang ngwaga yo mongwe le yo mongwe go tšhotlha dikgang tse di botlhokwa mo lefatsheng tse di mabapi le ikonomi, dipolotiki, loago le tshireletsego. Samiti ya G7 e e tlang e tla tšhotlha merero ya go lwantshana le go se lekalekane, go rotloetsa tekatekano ya bong, go fitlhelela thuto mmogo le ditirelo tsa boitekanelo tsa boleng jo bo kwa godimo.

2.3. Go tsaya karolo ga naga ya Aforika Borwa mo Samiting ya G7 go kaelwa ke dikgaolo di le nne tse di botlhokwa tsa togamaano, (i) go godisa dikgatlhegelo tsa naga go fitlhelela dipeelo tsa ka fa nageng; (ii) go tlhatlosa maitlhomo a Aforika ka go tsholetsa SDG ya Aforika; (iii) go rotloetsa sebopego se se bopilweng sešwa sa ditumelano tse di farologaneng lefatshe ka bophara; mmogo le (iv) go atolosa morero wa dinaga tsa kwa borwa ka go gagamatsa Tirisanommogo ya Dinaga tse di leng kwa Borwa mo Dikontinenteng tsa Botsona mmogo le Dipuisano magareng ga Dinaga tse di leng kwa Borwa le tse di leng kwa Botlhaba mo Dikontinenteng tsa Botsona.

3. Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF) e e ka ga Aforika

3.1. Kopano ya bo 28 ya Foramo ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe ka ga Aforika e tla tshwarelwa kwa Motsekapa go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 6 Lwetse 2019 ka moono: “Go Bopa Kgolo e e Akaretsang Botlhe mmogo le go Abelana Bokamoso mo Diintaseteri tsa Thekenoloji (4IR)”. Maitlhomo a foramo eno kg go bopa megopolo ya naga le ya diintaseteri mabapi le ngwaga o o tlang.

3.2. Lenaane leno le tla tsepamisa mogopolo mo go oketseng phetolothefosano mo dibopegong tsa kgaolo tse di tsamaisanang le ditheo tsa thekenoloji, dipeeletso, kgolagano, diintaseteri le boitshimololedi go godisa 4IR.

3.3. Go etelwa ka fa nageng ke Baeteledipele mo Ikonoming ya Lefatshe mmogo le Ditlhogo tsa Dinaga ke tšhono e e sa diragaleng fela le fela mme ke sengwe se se re nayang tšhono ya go itsholetsa le go atolosa merero ya rona e e botlhokwa mo go godiseng ikonomi ya naga ya rona.

4. Kopanokakaretso ya bo 42 ya ISO

4.1. Biro ya Peo ya Maemo a Boleng ya Aforika Borwa (SABS) kwa Motsekapa e tla tshwara Kopanokakaretso ya bo 42 ya Mokgatlo wa Boditšhabatšhaba wa Peo ya Maemo a Boleng (ISO) go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 20 Lwetse2019.

4.2. ISO e kopanya baitseanape go abelana ka kitso e ba nang le yona le go ithaopa go utlwanela peo ya maemo a boleng le mebaraka eo e tshegetsang boitshimololedi le go tlamela ka ditharabololo mo dikgwetlhong tsa lefatshe ka bophara.

Lenaane la ISO la 2019 le tla tlhagisa ditogamaano go samagana le dikgwetlho tsa phetogo ya maemo a loapi, ikonomi ya didirisiwa tsa thekenoloji, kgolo ya ikonomi mmogo le kgwebisano magareng ga dinaga tse di ntsi tse di farologaneng.

5. Kgolaganyo ya Ditirelo tsa Puso mo Kgweding ya go Keteka Ditirelo tsa Setšhaba (PSM) ka Lwetse

5.1. Lenaane le le tlang la PSM ka Lwetse ke lenaane la go tokafatsa kabo ya ditirelo le e leng karolo ya Lenaane la Tsosoloso la Batho Pele le le rotloetsang maitsholo a go direla setšhaba a go tswelela go tokafatsa dikarolo tsotlhe tsa ditirelo tsa go direla setšhaba.

5.2. Lenaane la PSM la 2019 le tla tshwarwa ka fa tlase ga moono: “Khawuleza”: Re Isa Ditirelo kwa Bathong: Batho Pele “We Belong, We Care, We Serve”. Seno se tlhotlheletsa boikuelo jwa ga Moporesitente Ramaphosa mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) jwa gore badiredipuso badiredipuso ba diragatse se ditlhokwa le metheo ya Batho Pele se buang ka sona ka go baya ditlhokwa tsa batho kwa pele ga tsa gago.

5.3. Mokoloko wa Lenaane la PSM la 2019 o tsenyeletsa:

  • Kgwedi ya Bojanala – ka fa tlase ga moono: “Bojanala le Ditiro – bokamoso jo bo botoka mo go botlhe”. Bojanala ke le lengwe la maphata a a ntseng a tlhola ditiro. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tsaya maeto a Sho’t Left le go rotloetsa gore baagi ba ka fa nageng e nne bajanala, le go tsaya karolo mo dithulaganyong tsa ngwaga le ngwa moo Diphaka tsa Naga ya Aforika Borwa (SANParks) di bulang le go tlamela ka ditirelo ntle le go duedisa baagi mo Bekeng ya go simolola ka la bo 8 go fitlha ka la bo 15 Lwetse 2019. Aforika Borwa e na le Mafelo a Ngwaoboswa a le 10 mmogo le lefelo la maemo a a kwa godimodimo mo bojanaleng.
  • Kgwedi ya Ngwaoboswa – Ngwaoboswa e bulela ditšhono tse dingwe gape tsa diphatlhatiro le tsa bokgoni, e leng go naya badiragatsi le babetli mmogo le diintaseteri tsa mothale oo tšhono. Go tlhokega gape gore re dire matsapa a go somarela, go tsosolosa le go tsholetsa dipuo tsa ka fa nageng, jaaka e le karolo ya go sireletsa ngwaoboswa ya rona.
  • Kgwedi ya Pabalesego ya Sepodisi – e e thankgolotsweng ke Letsatsi la Naga la go Bontsha Tlotlo ka la bo 1 Lwetse, mo go gopoleng bagale ba naga ya rona ba ba tlhokafetseng ba le mo tirong.
  • Lenaane leno le le golagantsweng le thusa gore Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le le nopolang ntlha ya go nna le ditheo tsa puso tse di tsamayang ka tolamo tseo di thapileng badiredipuso ba ba nang le bokgoni ba ba ikemiseditseng go direla setšhaba e bile ba na le bokgoni jwa go tlamela ka ditirelo tsa maemo a a kwa godimo, fa ka mo letlhakoreng le lengwe ba diragatsa merero e e botlhokwa ya naga e e ka ga tlhabololo

E. Melaetsa

1. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e rometse matshediso kwa go:

  • puso le baagi ba naga ya Tanzania morago ga gore tanka ya leokwane e thunye mme e bolaye setlhogo batho ba le 90 mmogo le go lakaletsa bao ba boneng dikgobalo pholo ya ka pejana.
  • balelapa le ditsala tsa modiragatsi wa moAforika Borwa, mobetli le mmakgwebo, Mme Carrol Boyes (65), yo a tlhokafetseng ka Laboraro, 14 Phatwe 2019.

2. Go akgola le go lakaletsa masego

Kabinete:

  • e akgola Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo Edwin Cameron go latela go rola tiro morago ga dingwaga di le 25 e le moatlhodi. Moatlhodi Cameron, yo a thapilweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo ka ngwaga wa 2008, yo a neng a dira jaaka mmueledi wa ditshwanelo tsa batho mo nakong ya puso ya tlhaolele, a lwela bao ba neng ba lwantshana le puso ya tlhaolele mmogo le go lwela gore ditshwanelo tsa basadi ba ba ratanang le basadi ba bangwe mmogo tsa banna ba ba ratanang le banna ba bangwe di tshwane fela jaaka tsa batho ba bangwe. Kabinete e akgola tema e a e dirileng mo go lweleng ditshwanelo tsa batho, mmogo le mo go lweleng gore dianthiretrobaerale di neelwe batho botlhe mo nageng go sa kgathalesege maemo a bona.
  • e lakaletsa seopedi se se itsegeng, Rre Caiphus Semenya, letsatsi la matsalo le le tshegofetseng fa a tla bo a tshwara dingwaga di le 80. Rre Semenya o nnile le seabe mo bukeng ya dipina tsa naga ya Aforika Borwa ka dipina tse di tla nnelang ruri tse di jaaka Matswale, Angelina, Ziphi’nkomo, mmogo le go opela le diopedi tse dingwe gape mo dipineng tse di jaaka Ndiphendule eo a e opelang le mosadi wa gagwe, Mme Letta Mbulu. O dirile le batlhagisi ba mmino ba boditšhabatšhaba, mmogo le go amogela dikabo di le 37 tsa go tlhophiwa go amogela Primetime Emmy Award mme a fenya di le robongwe. O amogetse gape le kabo ya Emmy Award mabapi le seabe se a nnileng le sona mo go kwaleng pina mo alebamong ya Roots. O nnile gape le seabe mo motseletseleng wa dipina tsa motshameko wa Disney wa The Lion King.
  • e lakaletsa masego le matlhogonolo go Motlatsamokaedi wa Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA), Moatebokate Silas Ramaite (Motšhotšhisi Mogolwane (SC)), go latela gore Motlatsamoporesitente Ramaphosa a amogele kopo ya gagwe ya go rola tiro pele ga nako e a e beetsweng le go tlogela kantoro e a e okameng go latela Karolo ya bo 12 (8)(a) ya Molao wa NPA, 1998 (Molao wa bo 32 wa 1998). Kabinete e leboga seabe seo Moatebokate Ramaite a nnileng le sona mo NPA mmogo le mo tsamaisong ya bosiamisi ka kakaretso mo dingwageng tsa gagwe tse dintsi tse a diretseng lekala la bosiamisi ka tsona.
  • e akgola Mme Sasha Maria Schwendenwein wa lenaneo la thelebišene la babatlisisi ba bagasi ba dikgang, la Carte Blanche, go bo a amogetse kabo ya go tsena mo bobegakgang ya SADC Media Awards, leo le emeng mo maemong a bobedi mo dikabong tsa thelebišene. Lenaneo le le fentseng maemo a ntlha, “Follow the Guns”, ke lenaneo le le neng le gasa ka leru le lentsho la go thopiwa ga ditshukudu.
  • e akgola setlhopha sa di-Springboks le sa Banyana Banyana ka go tsholetsa folaga ya Aforika Borwa kwa godimo le go fenyamo Dikgaisanong tsa Rakabi le mo metshamekong ya Dikgaisano tsa Basadi ya COSAFA. Re ipela ka bona mo nageng mme seo ba se fitlheletseng se tla rotloetsa bašwa ba rona le bao ba batlang go tsenela metshameko le diatleletiki go ralala le naga.
  • e akgola Mme Zozibini Tunzi, yo a rwesitsweng korone ya bo mmabontlenyane ya go nna Miss South Africa 2019 mme e mo lakaletsa masego le matlhogonolo mo bogosigading jwa gagwe. O tla emela naga mo dikgaisanong tsa bommabontlenyane tsa Miss Universe le Miss World.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Go thapiwa sešwa ga Rre Fundisile Goodman Mketeni jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) mo Diphakeng tsa Naga ya Aforika Borwa (SANParks).

Dipotso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete sa Namaosatshwere
Mosokelwatsebeng: 083 501 0139

Commission in The Presidency:

Remcom.jpg

From the Desk of the President:

Issue: 20 March 2023

SONA 2023:

sona_2021.jpeg
 

Presidential Economic Advisory Council:

Error | The Presidency

Error

The website encountered an unexpected error. Please try again later.