Back to top

Primary tabs

Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Tiriso ya Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Laboraro, 18 Ngwanaitseele, 2020

A. Merero ya ga Jaanong

1. Samiti ya bo 12 ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS)

1.1. Kabinete e amogela dipoelo tsa Samiti ya bo 12 ya BRICS eo e neng e eteletswe pele ke Moporesidente Cyril Ramaphosa. Samiti eno e e neng e tshwerwe ke Moporesidente Vladimir Putin wa Fetereišene ya Russia, e atlhaatlhile seabe sa tirisanommogo ya BRICS mo tsepamong ya lefatshe lotlhe, mo karolelanong ya pabalesego le mo kgolong ya boitshimoledi.

1.2. Dipoelo di tsenyeletsa go amogelwa ga Togamaano e e lebilweng sešwa ya Bolekane go Ikonomi ya BRICS (2020-2025) le go amogelwa ga Togamaano ya Twantsho ya Borukhutlhi. Maikano a Moscow ao a amogetsweng kwa bokhutlong jwa sammiti, gareng ga tse dingwe, a tlhalositse tshegetso ya Morero wa 2063 wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) le maiteko a a isang go tsenogare e e matlafetseng le tlhabololo mo kontinenteng, go tsenyeletsa go tsenngwatirisong ga Tumelano ya Kgaolo e e Gololosegileng ya Kgwebisano ya Kontinente ya Aforika.

1.3. Gape samiti e etse tlhoko tswelopele e e fitlheletsweng ke AU mo go samaganeng le dikgala tsa mafaratlhatlha, bogolosegolo mo gare ga letlhomeso la Bolekane jo Bontšhwa go Tlhabololo ya Aforika, le botlhokwa jwa go tsweletsa dipeeletso go tshegetsa tlhabololo ya intaseteri, tlhama ditiro, netefatsa go nna teng ga dijo, lwantsha bohuma le go neelana go kgolo e e tswelelang ya Aforika.

2. Loeto la Tiro la Moporesidente wa Malawi

2.1. Kabinete e amogela katlego e e sa tswang go diragala ya Loeto lwa Tiro go Aforika Borwa ya maloko a Puso ya Malawi a eteletswe pele ke Moporesidente Lazarus Chakwera. Kopano magareng ga Moporesidente Chakwera le Moporesidente Ramaphosa e sekasekile merero ya matlhakorepedi, merero ya kgaolo le merero ya kontinente eo e leng mo dikgatlhegong tsa bona ka bobedi.

2.2. Aforika Borwa e itlamile go atolosa le go natlafatsa dikamano le Malawi ka go dirisa kgwebisano le peeletso tse di oketsegileng ka maikaelelo a go fitlhelela matshelo a a namatsang mo dinageng tsoo pedi. Dinaga tse pedi tseno di na le dikamano tse di namatsang tse di simolotseng dingwaga di le dintsi tse di fetileng.

2.3. Kabinete gape e nopoletswe ka ga morero wa ga Rre Shepherd le Mme Mary Bushiri, bao ba tshabetseng kwa Malawi fa ba sena go gololwa kwa kgolegelong ka beile ya R200 000 mongwe le mongwe go latela ditatofatso tsa bonweenwee le tsa bogodu jwa go fitlha modi wa madi.

2.4. Kabinete e kgotsofaditswe ke mokgwa oo Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Pabalesego se samaganeng le morero ono ka ona mme setlhopha seno se tla baya baagi mo dinakong ka ga dikgato tse di dirilweng tse di mabapi le morero ono. Dikgato tsa gore ba busediwe mo nageng eno di setse di boloditswe.

3. Ditlhophotlaleletso tsa Bommasepala

3.1. Kabinete e tlotlomatsa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho tebang le ditlhophotlaleletso tse di atlegileng, tse di neng di tshwerwe kwa dikgaolong di le 95 go ralala le bommasepala ba le 55 ka Laboraro, 11 Ngwanaitseele 2020. Ditlhopho tsa Bommasepala e sale di ntse di le botlhokwa mo go tokafatseng temokerasi ya rona mo dikgaolong le mo dimasepaleng.

3.2. Kabinete e lebogile maAforika Borwa otlhe ao a nnileng le seabe mo ditlhophotlaleletsong, tseo e neng e le tsa ntlha morago ga gore ditiro tsotlhe tsa ditlhopo di sekegelwe ka kgwedi ya Mopitlwe ka ntlha ya leroborobo la Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19).

4. Matsatsi a le Matlhano a Bosetšhaba a Khutsafalo

4.1. Kabinete e kopile maAforika Borwa go tsaya karolo mo matsatsing a le tlhano a khutsafalo go gopola bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19 le ka ntlha ya tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le dipolao tsa basadi (GBVF). Difolaga tsa bosetšhaba tsotlhe di tla digiwa go le gonnye ka nako ya matsatsi a le matlhano a kutlobotlhoko go tloga ka Laboraro, 25 Ngwanaitseele go fitlha ka Latshipi, 29 Ngwanaitseele 2020.

4.2. E le sesupo sa go tshwaragana go bontsha tlotlo le go gopola bao ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya mogare wa COVID-19 le GBVF, baagi botlhe ba rotloediwa go apara diaparo le mekgabiso e e bontshang khutsafalo go ikaegilwe ka moetlo, setso le tumelo ya bona.

5. Go Saeniwa ga Leano le Legolo la Sukiri

5.1. Kabinete e amogela go saeniwa ga Leano le Legolo la Intaseteri ya Sukiri ke Tona Thoko Didiza wa Lefapha la Temothuo, Pusetsodinaga le Tlhabololo ya Metsemagae le lephata la intaseteri ya sukiri. Leano la Pakatelele ka Sukiri le batla go tsaya kgato ya ka bonako go sireletsa diketekete tsa ditiro, matshelo a magae le dikgwebo, le ka nako e le nngwe e tlhama maikaelelo a mantšhwa tebang le isago, eo e batlang go tlhama metswedi e e farologaneng ya lotseno la batlhagisi, le go neela ka ditšhono tse di botlhokwa tse dintšhwa tsa tiro.

5.2. Intaseteri ya sukiri ke mothapi yo o botlhokwa wa badiri le go nna motswedi wa matshelo a palo e kgolo ya baagi ba metseselegae.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Togamaano ya Bosetšhaba ya Go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee (NACS)

1.1. Kabinete e atlenegisitse NACS eo e neelanang ka letlhomeso la tsenogare ya bosetšhaba. Togamaano eno e diragaditswe go latela dipuisano tsa bosetšhaba le makala a a farologaneng, go tsenyeletsa le dikgwebo, puso le baagi. Setlhopha sa Tshupetso sa NACS, se se dirwang ke kemedi ya baagi, barutegi, bagwebi le batlhankedipuso, se tshegeditse go kwalwa ga togamaano eno.

1.2. NACS e samagana le dikarolo tse di botlhokwa di le thataro, tseo di tsenyeletsang go rotloetsa baagi go tsaya karolo, go ntsha mosi ka sekhurumelo mabapi le ditiro tsa bobodu, botshepegi le go tlhoka bofitlha; go godisa bokgoni jwa badiri jwa go dira ka manontlhotlho, go tokafatsa tsamaiso ya puso mo ditheo tsa taolo, le go matlafatsa tlamelo ya didirisiwa le tsamaiso ya tiragatso ya tiro le go tsaya maikarabelo.

1.3. Togamaano eno gape e tshitshinya gore go nne le Khansele ya Bosetšhaba ya Kgakololo ya Go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee mo khansele eno e tla dirang jaaka setheo se se netefatsang gore maemo a elwa tlhoko ka bontsi, go rwalwa maikarabelo e bile go nna le botlhoka bofitlha. Setlhopha seno sa nakwana se tla simolola tsamaiso ya go tlhama setheo se se tlhomameng seo se tla ikarabelang go Palamente ka tlhamalalo.

2. Togamaano ya Bosetšhaba ya Katoloso ya Mafelo a a Sireleditsweng (NPAES)

2.1. Kabinete e atlenegisitse go tsenngwatirisong ga NPAES e e kwalolotsweng sešwa. Go ne ga atlenegisiwa gore togamaano eno e romelwe go sekasekiwa ke baagi gore ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka yona ka Ngwanaitseele 2018. Dikgato tseno tsa go batla maikutlo a baagi di bakile gore dikarolo di le dintsinyana di kwalolwe sešwa le go akarediwa mo dikgaolong di le robongwe tsa togamaano eno.

2.2. Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di humileng go gaisa go lebeletswe dimela le diphologolo tse di farologaneng. E tsewa jaaka e nngwe ya dinaga di le tharo tse di kwa godimo tse di nang le mefutafuta ya ditshedi le dijalo mo lefatsheng. Go tlhokomela le go boloka ditshedi le dimela tseno tse di botlhokwa tse di farologaneng gape go nna le seabe mo go tlhameng ditiro ka go dirisa Bojanala le mananeo a tshireletso ya tlhago, le gape ka go dira jaaka mafelo a go dira dipatlasiso tsa saense.

3. Letlhomeso le le Baakantsweng la Bosetšhaba la Ditshedi le Dimela tse di Farologaneng (NBF)

3.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga NBF gore setšhaba se dire ditshwaelo. Seno ke leano la lephata la tiro go samagana le matshosetsi a go lobela dintshi dimela le ditshedi tsa rona tse di farologaneng a a ribolotsweng mo nakong ya fa go ne go diriwa dipatlisiso tsa saense mabapi le maemo a ditshedi le a dimela tse di farologaneng mo tikologong ya Aforika Borwa tse di dirilweng ke Setheo sa Bosetšhaba sa Dimela le Ditshedi tse di Farologaneng tsa Aforika Borwa ka 2019.

3.2. Mafelo a a botlhokwa go gaisa mo pegelong ya dipatlisiso tsa bona e amana le ditikologo tsa metsi a a foreshe, dinoka le bokopanelo jwa dinoka le mawatle jo bo nang le ditlhapi le metsi a a foreshe ka ntlha ya fa ditlhapi e leng tsona tse di mo kotsing go gaisa ditshedi tse dingwe tsotlhe.

4. Leano le Legolo la Lephata la Kgwebo ya Dikgwa (CFS) la Aforika Borwa (2020-2025)

4.1. Kabinete e atlenegisitse go tsenngwa tirisong ga Leano le Legolo la CFS, leo go dumelanweng ka lona ke intaseteri, puso le bodiri. Leano le baya maleka ditshiamelo tsa tikologo, ikonomi le tsa loago go tswa go didiriswa tsa dikgwa.

4.2. E tsenyeletsa mafelo a totilweng a le supa a a botlhokwa: (a) go atoloswa ga sediriswa sa dikgwa le tlhokomelo/tshireletso, (b) phetolo ya lephata, (c) koketso ya boleng le tsamaiso, (d) bogodu jwa dikota le ditiro tse di seng mo molaong, (e) patlisiso, tlhabololo, boitshimoledi le tlhabololo ya bokgoni, (f) dikgoreletsi dikgolo go kgolo ya lephata le (g) kgolo ya setheo.

5. Letlhomeso la Bosetšhaba la Tiragatso le le Mabapi le go Fetola Tirelo tsa Setšhaba go Nna tsa Porofešinale

5.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga letlhomesokakangwa la bosetšhaba la tiragatso go fetola Tirelo tsa Setšhaba go nna tsa porofešinale. Seno se tsamaisana le maitlamo a a dirilweng ke tsamaiso ya borataro go tlhama Tirelo tsa Setšhaba tse di nang le bokgoni, boitshwaro le kgolo.

5.2. Letlhomeso le tshitshinya dintlha tse di botlhokwa di le tlhano tsa boporofešinale tseo di tla etelelwang pele ke Sekolokatiso sa Bosetšhaba sa Puso (NSG), ka tirisano le ditheo tse di farologaneng tsa thuto. Dintlha tse tlhano tseno tsa botlhokwa di tsenyeletsa tlhopo ya pele o letlelelwa le tlhopho mo gare ga Bodiredipuso; kamogelo le katiso; botsamaisi jwa thulaganyo le tiragatso; thuto e e tswelelang le kgolo ya porofešinale, le tswelopele go tiro le ditiragalo tsa tiro.

6. Ditshitshinyo tsa Pholisi go Fetola Molao wa Botsamaisi jwa Tsamaiso ya Tirelo ya Setšhaba (PAMA) wa 2014 le Molao wa Tirelo ya Setšhaba (PSA) wa 1994

6.1. Kabinete e atlenegisitse ditshitshinyo go pholisi eo e batlang go fetola PAMA, 2014 (Molao wa bo 11 wa 2014) le PSA, 1994 (Moloa wa bo 103 wa 1994). Gareng ga tse dingwe, ba tshitshinya Tirelo ya Setšhaba e le nngwe, go tshola maemo a NSF e le lefapha la bosetšhaba le go tlhalosa karolo ya Kantoro ya Kobamelo ya Maemo a Boitekanelo go lebeletswe, mekgwa ya tomagano ya ditlwaelo le maemo mo tsamaisong ya setšhaba.

6.2. Ditshitshinyo tsa pholisi tsa PSA di tsenyeletsa go tlhalosa ditlhogo tsa mafapha mo Kantorong ya Tonakgolo le ya Moporesidente, le gape go baakanya dingwe tsa dintlha tse di bakiwang ke dikatlholo tsa kgotlatshekelo.

6.3. Diphetolo di ikaegile ka go tsweletsa itshimolelo ya Tsamaiso e le Esi ya Setšhaba le go diragatsa diphetogo tsa pholisi jaaka di bonetswepele go Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba go aga tirelo ya setšhaba e e porofešinale.

6.4. Itshimolelo ya Tsamaiso e e Esi ya Setšhaba e tshegediwa ke theo go netefatsa thebolo ya ditirelo e e nonofileng, e na le boleng, e e tshwaraganetsweng le go nna maikarabelo.

7. Pholisi ya Tsamaiso ya Ditokomane tsa Boitshupo tsa Semmuso

7.1. Kabinete e dumeletse gore Pholisi ya Tsamaiso ya Ditokomane tsa Boitshupo tsa Semmuso e ka romelwa kwa baaging gore ba ntshe se se mo mafatlheng a bona. Pholisi e tshitshinya palo ya diphetogo, go tsenyeletsa go baakanya Molao wa Ditokomane tsa Boitshupo wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 68 wa 1997) le Molao wa Phetolo ya Tlhaloso ya Bong le Maemo a Bong wa ngwaga wa 2003 (Molao wa bo 40 wa 2003) go di tsamaisa le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 le Molao wa Tshireletso ya Dintlha tsa Tshedimosetso ka Motho yo Mong wa ngwaga wa 2013 (Molao wa bo 4 wa 2013).

7.2. Gape e tshitshinya tsenogare ya Rejisetara ya Baagi ya Bosetšhaba go kgontsha pono e le nngwe ya motho ka dipopego go kopana le ditsamaiso tse dingwe tsa tsamaiso ya boitshupo tsa puso le tsa lephata la poraefete. E tla kopanya ditsamaiso tsa ga jaana go Tsamaiso ya Boitshupo ya Bosetšhaba eo e dirang ka baometriki. Rejisetara e ntšhwa e e tshitshingwang ya baagi e tla nna karolo ya motheo wa makwaloitshupo a semmuso a seileketeroniki e leng se se tla dirisiwang mo diraleng tsa puso le mo go tsa makala a poraefete.

8. Molao wa Ditsamaiso tsa Dithata tsa go Tlhoma Palamente ya AU tse di Mabapi le Palamente ya Dinaga tsa Aforika (PAP)

8.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molao wa Ditsamaiso tsa Dithata tsa go Tlhoma Palamente ya AU go PAP go netefadiwa. Gore tsamaiso eno e diragale, dinaga tsa maloko di tshwanetse go o netefatsa ka go dirisa dipalamente tsa bona tse di farologaneng. Aforika Borwa ke moamogela baeng ba PAP, eo e leng lephata la molao la AU.

C. Melaotlhomo

1. Phetolo ya Molaotlhomo wa Dikgwebopotlana (NSEA) wa 2020

1.1. Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga NSEA go bona ditshwaelo tsa setšhaba, eo e batlang go fetola Molao wa Bosetšhaba wa Dikgwebopotlana wa ngwaga wa 1996 (Molao wa bo 102 wa 1996). Diphetolo di tla neelana ka gore Kantoro ya Tirelo ya Ombate ya Dikgwebopotlana le go fedisa metheo ya go tlhomiwa ga Lephata la Kgakololo.

1.2. Molaotlhomo o atolosa phitlhelelo go bosiamisi go dikgwebopotlana ka go dirisa Tirelo tsa Ombate, eo e tla neewang tiro ya go tsaya tsia le go rulaganya ditletlebo tsa dikgwebopotlana.

1.3. Go tsenngwa tirisong ga diphetolo tseno go tla bona tsepamo e kgolo go lephata le tšhono ya ikonomi e e tsweletseng pele ka go dirisa dikgwebopotlana, magareng le tse dinnye go tlhama ditiro.

2. Phetolo ya Molaotlhomo wa Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA)

2.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Phetolo ya Molaotlhomo wa NYDA go bona ditshwaelo tsa setšhaba. Diphetolo di tla tokafatsa nonofo ya tiro ya NYDA mo go atoloseng phitlhelelo ya yona le go oketsa tsibogelo go ditlhoko tsa bašwa.

2.2. Palo ya Bašwa e ka dira tharo ya setšhaba sa Aforika Borwa mme go tsenngwa tirisong ga Molaotlhomo ono go tla thusa mo go nneng le seabe se se isang go kago ya bokgoni jo bo kwa godimo jwa bodiri le gape go oketsa tshegetso go kgwebo. Seno se tla nna le seabe mo go samaganeng le dikgwetlho tse tharo tsa kgolo tsa bohuma, go sa lekalekaneng le botlhokatiro.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Matsatsi a le a 16 a Kemokgatlhanong le go Bogisiwa ga Basadi

1.1. Kabinete e atlenegisitse thitokgang: Bosiamisi jwa Ikonomi ya Basadi mo Aforika Borwa e e senang tirisodikgoka le go sa kgetholole ka bong” tebang le letsholo la Matsatsi a le 16 a Kemokgatlhanong le go Bogisiwa ga Basadi, leo le leng ntlhakgolo ya letsholo la Matsatsi a le 365 kgatlhanong le GBVF. Ka ntlha ya melao ya Maemo a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo ao a thibelang dikopano tse dikgolo, Moporesidente Ramaphosa o tla thankgolola letsholo leno ka tiriso ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano tsa dibidiyo ka Laboraro, 25 Ngwanaitseele 2020. Leanotiro la go Samagana le Ditiragalo tsa Tshoganyetso la go lwantsha GBVF leo le neng le atlenegisitswe ka 2019 le simolotse go nna le seabe go tshegetsa batswasetlhabelo; go oketsa matsholo a go bula baagi matlho le a go thibela ditiragalo; go tokafatsa melao le dipholisi; go tsholetsa matlafatso ya basadi mo ikonoming; le go gagamatsa tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi.

1.2. Leanotogamaano la Bosetšhaba (NSP) le le amogetsweng, leo le neetsweng Moporesidente Ramaphosa ngwaga ono o sale mošwa, le tsweletsa tsenogare ya go samagana le tshoganyetso eo e simolotsweng ka 2019. Komiti ya Ditona ka ga GBVF e e eteletsweng pele ke Tona ya Lefapheng la Basadi, Bana leBatho ba ba Tshelang ka Bogole mo Kantorong ya Moporesidente, Mme Maite Nkoan-Mashabane, le tswelela go tsamaisa ditiro tsa ka gale tsa mananeo a NSP.

2. Letsatsi la Lefatshe la Aids – 1 Sedimonthole 2020

2.1. Thitokgang ya Letsatsi la Lefatshe la Aids ka la bo 1 Sedimonthole 2020: “Re mmogo, Cheka Impilo!” e tlhalosa maikarabelo a mong go netefatsa gore tse re di boneng go fitlha fano mo go samageneng le leroborobo la HIV le bolwetse jwa lehuba (TB) ga ya felela mo moweng.

2.2. Aforika Borwa e na le palo e e kwa godimo ya leroborobo la HIV mo lefatsheng, ka bokana ka dimilione di le 7.7 tsa batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV, le go dira palo ya tharong ya ditshwaetsego tse dintšhwa mo dinageng tsa Borwa jwa Aforika. Batho ba le bantsi jaanong ba dira diteko tsa HIV. Aforika Borwa e na le lenaneo le legolo mo lefatsheng la kalafi ya anthirethobaerale. Ke naga ya ntlha mo dinageng tse di mo kgaolong e e kwa tlase ya Aforika go atlenegisa ka botlalo gore Melemo ya go Nwewa Pele o ka Gosomela mo Bolwetseng e ka nwewa, eo ga jaana e neelwang batho ba ba leng mo kotsing ya go ka tshwaetsega.

2.3. Kabinete e kopa MaAforika Borwa go latela dikgato di le tharo tsa Cheka Impilo : Ya ntlha, tlhola boitekanelo jwa gago, dira teko ya HIV le ya TB mahala kwa tleliniking e e gaufi le wena. Ya bobedi, tsaya dikgato gang fa o sena go itse dipoelo tsa diteko tsa gago, simolola go tsaya kalafi ya gago ka gangwe kgotsa o tswelele go tsaya kalafi ya gago. Ya bofelo, tshela ka botlhale, tshela o itekanetse ka go efoga maitsholo a thobalano a a kotsi, efoga mekgwatlwaelo e e sa siamang, le go ja dijo tse di itekanetseng tse di nang le dikotla.

3. Samiti ya Setlhopha sa Baeteledipele ba Dinaga di le 20 (G20)

3.1. Moporesidente Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa kwa Samiting ya Baeteledipele ba G20 e e tla tshwariwang ka tiriso ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano dibidiyo ka Lamatlhatso, 21 Ngwanaitseele le Latshipi, 22 Ngwanaitseele.

3.2. Samiti ya Baeteledipele ba G20 e rulagantswe ke Bogosi jwa Saudi Arabia go tsepamisitswe mogopolo mo go matlafatseng tirisanommogo ya lefatshe mo ntlheng ya setlhogo sa “Go Tlhagisa Ditšhono tsa Ngwagakgolo wa bo 21 gore Botlhe ba Iponele Tsona”. Samiti eno go solofelwa gore e tla goga kwa pele maiteko a boditšhabatšhaba go tlhagisa dikgato tse di galefileng tse di tsamaisiwang ka tolamo go lwantsha leroborobo la COVID-19, go sireletsa ikonomi ya lefatshe le go tokafatsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba.

3.3. Dipuisano di tla bo di ikaegile ka go matlafatsa batho, go sireletsa lefatshe le re tshelang mo go lona le go tlhagisa ditshweetso mabapi le dikgwetlho tsa lefatshe ka go dirisa ditharabololo tse di ungwelang bathobatshedi botlhe.

A. Melaetsa

1. Dikakgolo

Kabinete e romela dikakgolo tsa yona le dikeleletso masego go:

  • Moporesidente Ramaphosa tebang le go keteka letsatsi la gagwe la botsalo la bo 68 ka Labobedi, 17 Ngwanaitseele 2020.
  • Moporesidente Alassane Ouattara le batho kwa Cote d’Ivoire tebang le go tshwara ditlhopho ka katlego.
  • Moporesidente yo o sa tswang go tlhophiwa Joseph R Biden wa Amerika, le batho ba Amerika, go latela go tshwara ditlhopho ka katlego.
  • Master KG go bo a fentse Sekgele sa Tiro e e Tswileng Diatla mo Kontinenteng ya Aforika kwa MTV EMA go latela pina ya gagwe e e tumileng ya Jerusalema e mo go yona a e opelang a na le Nomcebo Zikode, eo e nnileng e nngwe ya dipina tse di tumileng mo lefatsheng le re tshelang mo go lona.
  • Banyana Banyana bao bao ba fentseng metshameko lekgetlo la bone ka go latelana mo Metshamekong ya Kgwele ya Dinao ya Basadi mo Sejaneng sa COSAFA ka dino di le pedi go e le nngwe kgatlhanong le setlhopha sa naga ya Botswana.
  • Bafana Bafana bao ba ba garetseng metshameko ya Sao Tome le ya Principe eo e dirileng gore ba nne le matshwanedi a go ka tshamekela Sejana sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Dinaga tsa Aforika mo ngwageng wa 2022.

2. Matshidiso

Kabinete e romela matshidiso go:

  • Batho na Ghana le balosika le ditsala tsa Moporesidente wa maloba Jerry Rawlings.
  • Balosika, ditsala le badirammogo ba Morunikakaretso Rre Kimi Makwetu, yoo nako ya gagwe ya go rola tiro e neng e ya bokhutlong yoo a diretseng naga eno ka matsetseleko le ka boineelo mmogo le go fetola setlwaedi go nna sa go tsaya maikarabelo mo tirisong ya didiriswa tsa puso. Loso lwa ga Rre Makwetu ke tatlhegelo e kgolo mo tirong ya boruni le mo tirong e e tswelelang ya go aga tsamaiso e e nang le maikarabelo. Kabinete e tlhagisitse boikgantsho jwa yona jwa gore Rre Makwetu o ne a tlhophilwe mo Komiting e e Ikemetseng ya Dikgakololo tsa Boruni ya Ditšhaba Kopano, e leng tiro eo re se nang pelaelo gore o ne a tla e diragatsa ka matsetseleko.
  • Puso le batho ba Naga ya Palestine go latela go tlhokafala ga Ngaka Saeb Erekat. Ngaka Erekat e ne e le Mokwaledikakaretso wa Komitikhuduthamaga ya Mokgatlho wa Kgololesego wa Palestine, leloko la Komiti ya Bogareng ya Fatah mme e le morutegi yo o itsegeng, Mopalesetina yo a neng a eteletse pele ditherisano tsa kagiso mme e le tsala e re ntshanang se se mo inong ya Aforika Borwa. 

E. Bao ba Thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Setheo sa Taolo ya Khomishene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo:

a. Rre Enos Ngutshane (Modulasetilo);
b. Rre Siobhan Leyden;
c. Rre Kaizer Moyane;
d. Rre Sifiso Lukhele;
e. Mme Riefdah Ajam;
f. Rre Narius Moloto;
g. Rre Bheki Ntshalintshali;
h. Rre Thembinkosi Mkalipi;
i. Mme Thabitha Constance Mametja; le
j. Mme Tshepo Mahlaela.

2. Maloko ao Eseng a Khuduthamaga mo Botong ya Bakaedi ba Koporasi ya Dibetsa ya Aforika Borwa:

a. Moabasatara Jeanette Thokozile Ndhlovu (o thapilwe sešwa);
b. Ngaka Reginald Cassius Lubisi;
c. Ngaka Phillip David Dexter;
d. Mme Refilwe Matenche;
e. Mogeneralemogolo (yo a rotseng tiro) Lungile Christian Pepani;
f. Mme Fundiswa Skweyiya-Gushu;
g. Rre Timothy Mandla Sukazi; le
h. Mme Peta Nonceba Mashinini.

3. Paka ya Borataro ya Khansele ya Boenjenere ya Aforika Borwa:

1. Mme Refilwe Buthelezi;
2. Mme Prudence Madiba;
3. Mme Tshwaraganang Ramagofu;
4. Rre John Daniels;
5. Rre Mashao Lawrence Lebea;
6. Rre Kasango Nyembwe;
7. Rre Simphiwe Nathaniel Zimu;
8. Rre Thembinkosi Cedric Madikane;
9. Rre Sipo Mkhize;
10. Mme Nirvanna Rampersad;
11. Mme Liezl Smith Smith;
12. Mme Refilwe Lesufi;
13. Mme Sarah Skorpen;
14. Mme Abimbola Olukunle;
15. Rre Sandiswa Jekwa;
16. Rre Linda Njomane;
17. Rre Mpho Ramuhulu;
18. Mme Philile Precious Mdletshe;
19. Rre Lesetja Boshomane;
20. Mme Amelia Mtshali;
21. Rre Thulebona Memela;
22. Mme Simangele Mngomezulu;
23. Mme Otilia Mthethwa;
24. Rre Thembinkosi Gamedze;
25. Mme Phumza Zweni;
26. Rre Bhekinkosi Williamson Mvovo;
27. Mme Patronella Fikile Sibiya;
28. Mme Cingisa Mbola;
29. Mme Thulisile Mwelase;
30. Rre Kemraj Ramgobind Ojageer;
31. Rre Enson Muranganwa Mangwengwende;
32. Mme Thandeka Chili;
33. Rre Sifiso Keswa;
34. Mme Sejako Morejwane;
35. Mme Nirasha Sampson;
36. Mme Sewela Mutileni;
37. Mme Nokhana Moerane;
38. Rre Mamadi Isau Mailula;
39. Mme Natalie Skeepers;
40. Rre Matome Edmund Modipa;
41. Ngaka Reginald Sethole Legoabe.
42. Rre Carlo Van Zyl;
43. Rre Ranthekeng Moloisane;
44. Rre Njabulo Nhleko;
45. Mme Elizabeth Theron;
46. Rre Arnold Heinz Sommer;
47. Mme Rachel Ledwaba;
48. Rre Nic Smit; le
49. Rre Sekete Zachia David Botsane;

4. Khomisene ya Tekatekanothapo

a. Mme Tabea Kabinde (Modulasetilo);
b. Rre Bhabhali kaMaPhikela Nhlapho;
c. Mme Lebogang Mulaisi;
d. Rre Puleng Tsebe;
e. Rre Mpho Vuma;
f. Mme Thembi Chagonda;
g. Mme Zinzisa Pearl Mgobondela;
h. Mme Stieneke Jensma; le
i. Mme Dineo Mmako.

5. Rre Mashwahle Joseph Diphofa – Go okediwa ga nako ya konteraka ya gagwe ka dingwaga di le tlhano e le Mokaedikakaretso (DG) wa Lefapha la Merero ya Setso.

6. Ngaka Phil Mjwara – Go okediwa ga nako ya konteraka ya gagwe ka dingwaga di le pedi e le DG wa Lefapha la Saense le Boitshimoledi.

7. Ngaka Duncan Ettienne Pieterse – Motlatsa Mokaedikakaretso (DDG): Pholisi ya Ikonomi. Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.

8. Ngaka Thuli Nomsa Khumalo – DDG: Phetogo ya Tlelaemete le Tsamaiso ya Boleng jwa Mowa, Lefapha la Merero ya Tikologo, Dikgwa le Botshwaro jwa Ditlhapi.

Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete

Mogala: 083 501 0139